LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp23 no. 1 ts. 8-9
  • 2 | ‘Dikwalo Di a Re Gomotsa’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 2 | ‘Dikwalo Di a Re Gomotsa’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2023
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se e Se Kayang
  • Kafa Seno se ka Thusang ka Gone
  • Go Thusa Basha ba ba Gateletsweng mo Maikutlong
    Tsogang!—2017
  • Thuso e e Tswang Kwa ‘Modimong wa Kgomotso’
    Tsogang!—2009
  • Go Sula—Moya Go ka Fenngwa Jang?
    Tsogang!—1992
  • O ka Fenya Jang Maikutlo a a Kgobang Marapo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2023
wp23 no. 1 ts. 8-9
Monnamogolo o akanyetsa kwa teng ka se a se balang mo Baebeleng.

2 | ‘Dikwalo Di a Re Gomotsa’

BAEBELE E A RE: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa mo Dikwalong bogologolo, di ne tsa kwalelwa go re ruta gore re nne le tsholofelo. Tota e bile, Dikwalo tseo di re thusa go itshoka e bile di a re gomotsa.”​—BAROMA 15:4.

Se e Se Kayang

Baebele e na le dikgopolo tse di gomotsang, tse di ka re thusang gore re itshoke fa re lwantshana le dikakanyo tse di sa siamang. Gape molaetsa wa Baebele o re naya tsholofelo ya gore go ise go ye kae, re tla bo re sa tlhole re utlwa botlhoko mo maikutlong.

Kafa Seno se ka Thusang ka Gone

Rotlhe re a tshwenyega ka dinako dingwe; mme gone, batho ba ba nang le bothata jwa dipreshene le jwa go tlhobaela bone, go ka direga gore ba nne fela ba tshwenyegile. Baebele e ka ba thusa jang?

  • Baebele e na le dikgopolo tse dintsi tse di siameng, tse di ka emisetsang dikakanyo tse di sa siamang tse re nang le tsone. (Bafilipi 4:8) E ka re thusa go tlatsa megopolo ya rona ka dikgopolo tse di gomotsang le tse di sidilang maikutlo a rona gore re kgone go a laola.​—Pesalema 94:18, 19.

  • Baebele e ka re thusa gore re tlogele go akanya gore ga re na mosola.​—Luke 12:6, 7.

  • Baebele e na le ditemana di le dintsi tse di re netefaletsang gore ga re nosi le gore Modimo, yo e leng Mmopi wa rona, o tlhaloganya ka botlalo kafa re ikutlwang ka gone.​—Pesalema 34:18; 1 Johane 3:19, 20.

  • Baebele e re solofetsa gore Modimo o tlile go dira gore re se ka ra tlhola re gopola dilo tse di utlwisang botlhoko tse di kileng tsa re diragalela. (Isaia 65:17; Tshenolo 21:4) Fa re lwantshana le dikakanyo le maikutlo a a ngomolang pelo, tsholofetso eno e ka re naya maatla a gore re itshoke.

Baebele e Thusa Jessica

Kafa Dipreshene e Nkamang ka Gone

Jessica o thulametse a ntse a tshwere Baebele a e butse.

“Fa ke na le dingwaga di le 25, ke ne ka nna le bothata jwa go tlhobaela ka tsela e e feteletseng, mme dingaka di ne tsa lemoga gore ke na le dipreshene e e kwa godimo thata. Ke ne ke akanya ka dilo tse di utlwisang botlhoko tse di neng tsa ntiragalela mo nakong e e fetileng e bile ke sa kgone go laola dikakanyo tseo. Dingaka di ne tsa nthusa gore ke tlhaloganye gore dipreshene ya me e ne e bakiwa ke tsela e e sa siamang ya go akanya e e neng e dirwa ke dilo tse di botlhoko tse di neng tsa ntiragalela. Mo godimo ga go nwa melemo e e tshwanetseng, ke ne ke tlhoka thuso ya dingaka gore di nthuse go lemoga ditsela tse di sa siamang tsa go akanya le gore ke di tile.”

Kafa Baebele e Nthusang ka Gone

“Fa dipreshene ya me e ne e le kwa godimo thata, pelo ya me e ne e iteela ka bonako, ke tlhobaela ka tsela e e feteletseng e bile ke sa kgone go robala. Gantsi bosigo ke ne ke fekeediwa ke dikakanyo tse di tlhobaetsang, tse ke neng ke sa kgone go di laola. Fela jaaka Pesalema 94:19 e tlhalosa, Modimo a ka kgona go re gomotsa le go re sidila maikutlo fa re fekeediwa ke ditlhobaelo. Ka jalo, ke ne ke baya Baebele ya me le bukana e ke kwalelang ditemana tse di nkgomotsang mo go yone fa thoko ga bolao. Fa ke ne ke sa kgone go robala, ke ne ke bala ditemana tsa Baebele, mme ka go dira jalo ke ne ke letla dikgopolo tsa Modimo gore di nkgomotse.

“Baebele e re kgothaletsa gore re pitikolole dikakanyo tse di sa dumalaneng le se re se itseng ka Modimo. Mo nakong e e fetileng, ke ne ke dumela gore ga ke na mosola le gore ga go na ope yo o nthatang. Mme jaanong ke ithutile gore go akanya jalo, tota ga go dumalane le Baebele, ka gonne e tlhalosa gore Modimo ke Rre yo o lorato le yo o pelotlhomogi, yo o amegang ka mongwe le mongwe wa rona. Ka bonya ka bonya, ke ne ka simolola go laola dikakanyo tsa me, go na le di letla gore di ntaole. Ke ne ka ithuta go iteba ka tsela e Modimo a ntebang ka yone. Seno se ne sa nthusa thata gore ke tlogele go iteba ka tsela e e sa siamang.

“Ke lebile pele kwa nakong e ke tla bong ke sa tlhole ke akanya ka dilo tse di botlhoko tse di neng tsa ntiragalela e bile ke sa tlhole ke nna le dikakanyo tse di sa siamang. Ke a itse gore mo nakong e e tlang, go tla bo go sa tlhole go na le malwetse a tlhaloganyo. Seno se nthusa gore ke itshoke gone jaanong le gore ke lebe pele go bona ke sa tlhole ke na le dipreshene.”

Fa o Batla Dintlha Tse di Dingwe:

Bala setlhogo se se reng, “Thuso e e Tswang Kwa ‘Modimong wa Kgomotso,’” mo makasineng wa Tsogang! wa July 2009 mo jw.org/tn.

Reetsa buka ya Dipesalema e e rekotilweng mo jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela