LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 10/8 ts. 5-7
  • Go Sula—Moya Go ka Fenngwa Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Sula—Moya Go ka Fenngwa Jang?
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga go Tle go Nna Motlhofo
  • Ke Eng Fa go le Thata Jaana?
  • A Go ka Fedisiwa Fedifedi?
  • Go Sula—Moya A O Ka Go Fenya?
    Tsogang!—1992
  • Kafa Bangwe ba Ileng ba Ithuta ka Teng go Fenya Go Sula Moya
    Tsogang!—1992
  • O ka Fenya Jang Maikutlo a a Kgobang Marapo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Nka Laola Jang Maikutlo a Me?
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 10/8 ts. 5-7

Go Sula—Moya Go ka Fenngwa Jang?

KGATO ya ntlha mo go laoleng go sula moya ke: Tlhaola megopolo e e sa tlhamalalang.

Ya bobedi: Lwa le go baakanya megopolo e e sa tlhamalalang. Ka sekai, fa e le gore o ne o ntse o akanya ka gore, ‘Ga nke ke baa ke dira sepe e bo e nna sone,’ o emisetse ka, ‘Ke tshwana le mongwe le mongwe fela; ke dira dilo tse dintsi sentle, ke fela gore le nna ke motho ke dira diphoso.’

O se ka wa solofela go nna botoka morago fela ga go baakanya jalo (lefa gongwe o ka nna wa bo o le botoka), mme o se ka wa akanya ka gone thata. Go tlhomamise fela o bo o fetela kwa kgatong e e latelang.

Kgato ya boraro ke go lwela go ntsha mogopolo o o tshwenyang mo tlhaloganyong ya gago. Leka go o ntsha ka maatla o tiisitse fela jaaka o ne o ka dira ka mogopolo wa go dira bosula bongwe jo bo masisi. Le mororo gongwe o ka kgona seno ka go lwa le mogopolo, sengwe se se ka go thusang thata ke kgato ya bone: Tshwarega ka sengwe se sele, sengwe se se agang.

Seno se botlhokwa ka gore megopolo ya gago e e sa tlhamalalang e tla nna e batla go boela gape mo tlhaloganyong ya gago. Fela o na le lerumo ke le: Ga o ka ke wa tlhoma mogopolo mo dilong tse di fetang bongwe ka nako e le nngwe fela. O ka iponela seno ka namana ka go leka go tlhoma mogopolo thata mo dilong tse pedi ka nako e le nngwe fela. Fa e le gore mogopolo wa gago o setse o tshwaregile mo go sengwe se sele, go tla nna thata gore megopolo ya gago e e sa tlhamalalang e go boele.

Tsela e megopolo e e sa tlhamalalang e ka emisediwang ka yone ka e e tlhamaletseng e tlhalosiwa ke setshwantsho sa ga Dr. Maxwell Maltz, yo o ileng a re: “Fa kereme ya gago e letsa dipina tse o sa di rateng, ga o nke o leka go e patelela gore e letse tse di botoka. . . . Se o se dirang fela ke go fetola rekoto mme ka tsela eo go bo go tsena pina e sele. Dirisa maano a a tshwanang ka ‘dipina’ tse di tswang mo motšhineng wa gago o o mo teng.”

Ee gone, megopolo e e sa tlhamalalang gantsi e nonofile mo e ka sekeng ya itlhokomolosiwa fela. E tshwanetse go emisediwa ka go e patelela go tswa. Tshameka “rekoto” e sele, e e tlhamaletseng. Bulela “tšhanele” e e farologaneng e e agang, “seteitšhane” se se farologaneng, mme o bo o baya mogopolo otlhe wa gago mo go sone.

Ga go Tle go Nna Motlhofo

Dikgato tse di fa godimo tse nnè di motlhofo go di tlhalosa, mme a bo go le thata jang go di latela! Ka jalo, o se ka wa gakgamala fa go fenya go sula moya le megopolo e e sa tlhamalalang go go thatafalela kwa tshimologong. O solofele gore go tla nna thata, mme fela kgabagare go tla nolofala.

Tsaya sekai sa ga Cindy, morutabana yo o neng a godisitswe ke mmaagwe wa letagwa. Cindy o ile a bogisiwa ke boikutlo jwa go ipega molato le go tlhobaela ka dingwaga di le dintsi. Mme o ne a swetsa ka gore o tshwanetse go itebaganya le bothata. O ile a dirang?

Cindy o a tlhalosa: “Selo sa ntlha ke ne ka lwela go tlhaola megopolo e e neng e mpakela go sula moya. Nako le nako fa megopolo eno e tlhaga, ke ne ke tlhatlhanya ka yone, ke e leba sentle ka mokgwa o o tlhamaletseng. Mme ke bo ke lwela gore ke akanye thata ka dilo tse di tlhamaletseng. Ke ne ke patelela mogopolo wa me go akanya thata ka baithuti ba me le kafa nka ba thusang ka teng. Ka monokela, go ile ga tlhofofala, mme ka nna ka oketsa bokgoni jwa me jwa go laola maikutlo a me.”

Mme gongwe, o ka nna wa ipotsa jaana . . .

Ke Eng Fa go le Thata Jaana?

A mekgwa e e sa reng ee, jaaka go ja bobe kgotsa go goga, e ka latlhiwa motlhofo fela? Gotlhelele nnyaa! E fenngwa ka go ititaya sehuba le go dira ka natla mo nakong e telele. Mo go ba le bantsi megopolo e e sa tlhamalalang ke mokgwa, mme fela jaaka mekgwa e mengwe e e sa reng ee, o thata go latlhiwa.

Fa e le gore megopolo e e sa tlhamalalang ke mokgwa wa gago, he go e fenya go tla batla maikemisetso a a tshwanang le a motho yo o batlang go fokotsa go ja kgotsa go tlogela go goga.

Ntlha ke gore, o se ka wa ineela mme o bo o itesa ka maikutlo a a kgobegileng fela ka go bo seo se le motlhofo go se dira. Tlhabana o tiisitse kgatlhanong le megopolo e e sa tlhamalalang, lefa moo go ka tsaya dikgwedi tse dintsi tsa go leka kafa le kafa kgotsa le gone go etla o boela kwa morago. Tswelela o tiisitse fela jaaka ekete o ithutuntshetsa dikgaisano tsa metshameko. Mekgele ya gago e nne go bona diphelelo tse di tla nnelang ruri go na le go batla go kgotsofala ka nakwana fela.

A Go ka Fedisiwa Fedifedi?

A go sula moya go ka fedisiwa fedifedi? Mme gone, go ka go swabisa thata le go go nyemisa moko, fa e le gore o solofela go bona boitumelo jo bo feletseng gone jaanong. Mo nakong eno boitumelo ga boekae mme ebile bo ikaegile ka dilo tse dintsi. Mme legale boitumelo jo bo seng kae bo botoka thata go na le go tshela o sudile moya ka metlha yotlhe.

A seno se raya gore go sula moya ga go kitla le ka motlha go fenngwa? Gotlhelele nnyaa. Bibela e bua e sa lobe gore re tla tshela ka lobakanyana le seemo seno sa bosaitekanelang, mme le gore go na le nako e e beilweng e se tla fedisiwang ka yone gotlhelele. Seo se tla diragala mo bogautshwaneng fa Bogosi jwa Modimo, puso ya gagwe ya selegodimo e e tshwerweng ke Jesu Keresete, e ikarabela mo mererong yotlhe ya lefatshe leno le go simolola thulaganyo ya go busetsa setho mo boitekanelong. Jesu o biditse seo a re ke ‘go bopa dilo sesha, [kgotsa go ‘tlhola sesha,’ NW ntlha e e fa tlase].’—Mathaio 19:28; bona gape le Pesalema 37:29; Mathaio 6:9, 10; Tshenolō 21:3-5.

Lefa go le jalo, mo nakong eno, go amogela melelwane e re e beetsweng ke go sa itekanelang ga motho go tla go dira gore o itumele. Go na le go lwa ntwa e e sa feleng ya go batla boitekanelo jo bo feletseng jwa tlhaloganyo, o tla bo o gololesegile go dira dilo tse dingwe mo botshelong. Mme o tla itumela thata le go nna mo kagisong ka go itse gore tharabololo ya makgaolakgang ya go sula moya e tla dirwa ke Modimo Mothatayotlhe yo o senatla.

A dikakantsho tse di fano ke go abelela fela? A di ka thusa? Ee di a thusa, jaaka se se itemogetsweng ke batho se se latelang se bontsha.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]

O ka emisetsa megopolo e e sa tlhamalalang ka e e tlhamaletseng

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]

O se ka wa ineela mme o bo o itesa ka maikutlo a a kgoberegileng fela ka go bo seo se le motlhofo go se dira

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Fela jaaka go fokotsa mmele, go ithuta go laola maikutlo a rona go tlhoka nako le boineelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela