Kafa Bangwe ba Ileng ba Ithuta ka Teng go Fenya Go Sula Moya
GO A diragala gore mongwe le mongwe a sule moya ka dinako tse dingwe. Ka ntlha ya mathata a magolo, jaaka go lwala thata, botsofe, kgotsa go swelwa ke baratiwa, bangwe ba ka nna ba sula moya fela thata mo go ka nnang ga ama matshelo a bone thata.
Lefa go le jalo, le mo go bone bao, go na le bao ba ileng ba kgona go laola maikutlo a bone e le gore ba tle ba kgone go tswelela ka katlego le ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. Ba ba latelang ke dikai tsa bone, bao ba ileng ba botsolotswa ke makasine wa Tsogang!
Janis o alafelwa bolwetsi jo bo amang maikutlo a gagwe. Lefa go le jalo o bolela jaana: “Ke ile ka lemoga gore tsela e e nang le mosola ya go dirisana le mathata ao ke ka go laola dikakanyo tsa me. Ke dira seo ka go direla ba bangwe dilo dingwe, jaaka go apaya le go roka. Gape ke leka go nna ke ikgopotsa ditiragalo tse di monate le dilo tse ke di solofetseng mo isagweng. Ka ntlha ya bolwetsi jwa me, ga go sepe sa tseno se se leng motlhofo. Fa gongwe go lebega go le botoka go ineela le go nna ka mahutsana. Mme diphelelo tse di molemo di supa gore matsapa ape a ke a tsereng a mosola.”
Morago ga go fetsa dingwaga di le 45 ba ntse ba nyalane, monna wa ga Ethel o ne a tlhokafala. Le mororo a ile a se ka a itira jaaka ekete ga a hutsafala, Ethel o kgona go laola maikutlo a gagwe. O tlhalosa jaana: “Ke tshwarega ka go direla ba bangwe dilo. Ka sekai, ke itumelela go ruta ba bangwe ka boikaelelo jwa Modimo jo bo tlhalosiwang ke Bibela. Mme mosadi mongwe yo mosha o ile a itumelela fela thata dilo tse di molemo tse a neng a di ithuta mo e leng gore kanaanelo ya gagwe ebile ya ntira gore ke ipele le go feta. Fa jaaka ke nwetsa mogopolo wa me mo dilong tse di molemo tse di mo Bibeleng gore ke tle ke rute ba bangwe, go nthusa gore ke tlose dikakanyo tse di sa tlhamalalang mo mogopolong wa me. Gape, basadi ba babotlana ba a tla kwa go nna gore ke ba thuse mathata a a farologaneng, mme go bua le bone ka dilo tse di siameng tse ba ka di dirang mo matshelong a bone le nna go nthusa gore ke fenye go sula moya.”
Mo dingwageng tse dintsi, Arthur e ne le motho yo o neng a le matlhagatlhaga, a itirela ka diatla tsa gagwe. Mme jaanong, ka ntlha ya go lwala thata, o ne a tshwanelwa ke go tlogela tiro le go fokotsa ditiro dipe tsa ka kwantle ga legae la gagwe. Arthur o tsere dikgwedi tse dintsi a kgobegile marapo, a bile a ikutlwa a sena mosola ope. O ile a dirisana jang le maikutlo ano? “Ke ne ka lesa go tlhola ke akantse ka se ke ka se tlholeng ke dira sepe ka sone. Go na le moo, ke ne ka tshwarega mo go se ke neng ke ka se dira go thusa ba bangwe go itokafatsa le go ba kgothatsa fa ba kgobegile marapo. Ereka ke sa tswe ka kgoro ya lelapa la me, ke dirisa mogala fela thata. Fa jaaka ke ntse ke tshwarega thata mo go thuseng le go kgothatseng ba bangwe, ga ke nne le nako e ntsi ya go itelela.”
Morago ga mogolaganyane wa mathata, go kopanyeletsa le loso lwa monna wa gagwe, kwantle ga pelaelo Nita o ile a hutsafala le go kgobega marapo fela thata. Fa nako e ntse e ya o ile a ithuta go laola maikutlo ao: “Fa khutsafalo e ntlela, ke senka sengwe se se agang se nka e ntshang ka sone. Ke ipatelela go tsamayatsamaya, go leletsa tsala e e bonolo, go reetsa mmino, kgotsa sengwe fela se ke setseng ke itse gore fa ke se dira ke ritibala maikutlo. Ke leka go itshwara ka bonolo fela jaaka ke ne ke ka dira ka tsala e e molemo.”
Mary o sale a nnile le mathata a botsogo dingwaga tse 32 tse di fetileng. O tsamaya ka setilo sa maotwana, mme o tswa mo lapeng fela fa a ya go bona ngaka. Mary o tila jang go fekeediwa ke go nyema moko? O a tlhalosa: “Monna wa me o ntse a nkeme nokeng fela thata. Gape, gangwe le gape ke bala dikgang tse di agang. Gangwe le gape ke leletsa ditsala tsa me, mme gantsi ke tsaya matsapa a go ba laleletsa kwa ga me. Ke itumelela maeto a bone mme ebile ga ke dirisetse dinako tseo go ngongorega kgotsa go ikhutsafalela. Ga ke senye nako ya me e ntsi ke akantse ka dilo tse di maswe mo botshelong jwa me ka gore go na le dilo tse dintsi tse di siameng tse di ntiragalelang.”
Margaret ke motho yo ka tlholego a se keng a ijesa dijo tsa ditoro. A re: “Fa maikutlo a a sa tlhamalalang a ntlela, ke batla mongwe yo o akanyang ka tsela e e tlhamaletseng go nna le ene—e seng molori—mme motho yo o nkitseng sentle yo o tla nkgopotsang ka katlego ya me a bo a nkgothatsa.”
Rose Marie o ile a arwa maaro a magolo fa dingwaga di ntse di tla ka go latelana, mme ene le monna wa gagwe ba ile ba tlhokafalelwa ke ba masika ba le supa bosheng jaana mo lobakeng lwa ngwaga le sephatlo. Kwantle ga pelaelo, bokete jwa tiragalo eno bo ile jwa ba sudisa moya. Lefa go le jalo, ga ba nne ba akantse ka dilo tseo ka dinako tsotlhe. Ereka e le Basupi ba ga Jehofa, ba tshegediwa ke tsholofetso e e gomotsang le e e tlhamaletseng e Bibela e e neelang ya tsamaiso e ntšha ya tshiamo e e seng kgakala e ka yone Modimo ‘o tla phimolang dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, le loso lo se kitla lo tlhola lo nna teng, lefa e le bohutsana, lefa e le selelo lefa e le botlhoko.’ Le bone baswi tota ba tla tsosiwa, ka gore fela jaaka Jesu a boletse, “lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ [lentswe la Morwa Modimo] ka lōna, me ba tla cwa.”—Tshenolō 21:4; Yohane 5:28, 29.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Janis o laola maikutlo a gagwe ka go direla ba bangwe dilo dingwe, a ikgopotsa ditiragalo tse di monate, le go letla ka tlhoafala ditiragalo tsa mo isagweng