Go Sula—Moya A O Ka Go Fenya?
“NNYAA GA O KAKE! Go sula moya ke selo se se thata. Ga go na sepe se ke ka se dirang fa e se go go itshokela go fitlhela go fela.”
Eo ke tsela e bontsi bo arabang ka teng fa go buiwa ka kgang ya go fenya maikutlo a a tshwanang le go tlhobaela, poifo, go tenega, go bolawa ke pelo, go ipega molato, go ikutlwela botlhoko, le go kgobega maikutlo. Mme maikutlo ao a ka fenngwa sentle bontle. Go na le go ineela mo go one fa a tsoga, o ka ithuta go a timola bogale, gongwe le gone go a fedisa tota.
Legale, go na le pharologanyo gareng ga go sula moya mo go diragalelang mongwe le mongwe mo go tlwaelegileng le go kgobega maikutlo mo go golo. Go kgobega maikutlo mo go golo gone go ka batla kalafi e e tiileng. Mme go sula moya gone ga go e tlhoke, mme ao ke one maikutlo a re ka ithutang go tshela le one.
Tota ebile, ga se gore ka dinako tsotlhe go sula moya go diphatsa. Ka sekai, fa o dirile phoso e e masisi, o ka nna wa bontsha go swaba go ya ka bogolo jwa phoso. Mme fa seno se go dira gore o e baakanye le gore o tile go e boelela mo isagweng, he go raya gore maikutlo ao a go solegetse molemo o o sa feleng. Kgotsa go tshwenyega ka tshwanelo ka bothata bongwe go ka nna ga go dira gore o bo ithome o tiisitse le go batla tharabololo e e utlwalang ya jone. Go dira jalo le gone go molemo.
Jaanong, go tweng fa e le gore le morago ga gore o dire sotlhe se o ka se kgonang go baakanya phoso, o bo o sa ntse o itshwaya phoso kgotsa o inyatsa, mme gongwe o bo o ikutlwa jalo nako e telele morago? Kgotsa go tweng fa e ka re morago ga go rarabolola bothata bongwe go ya bokgakaleng jo bo ka kgonegang, o bo o sala o ntse o tshwenyegile mme gongwe go tshwenyega moo go bile go gola? Maikutlo a gago a ka go hutsafatsa. Jaanong he, o ka fenya jang maikutlo a a ntseng jalo? Tharabololo e ka nna go laola go akanya ga rona.
Re ka Laola Go Akanya ga Rona
Bontsi jwa batho ba ba dirisanang le botsogo jwa tlhaloganyo ba re maikutlo a rona a bakiwa ke megopolo ya rona. Ka sekai, Dr. Wayne W. Dyer a re: “Ga o ka ke wa nna le maikutlo pele ga o ka akanya ka sengwe.” Dr. David D. Burns o tlatsa ka gore: “Maikutlo mangwe le mangwe a a maswe a o nang le one a tsalwa ke dikakanyo tse o nang natso tse di sa tlhamalalang.”
Se se kgatlhang ke gore, Bibela le yone e amanya thata maikutlo a re nang le one le dikakanyo tsa rona, ka jalo e gatelela botlhokwa jwa gore re laole megopolo ya rona. Ela tlhoko ditemana tse di latelang:
“Malatsi aotlhe a ba ba patikwañ a boshula: me eo pelo ea gagwè e yañ monate o na le modihō o o sa khutleñ.”—Diane 15:15.
“Lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno: me lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona, gore lo lemogè mo e leñ go rata ga Modimo.”—Baroma 12:2.
“Re gapèla megopolō eotlhe mo kgolegoñ ea go utlwa Keresete.”—2 Bakorintha 10:5.
“Lo apolè motho oa bogologolo . . . ; lo shahadiwè mo moeeñ oa pelo tsa lona, me lo aparè motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure.”—Baefesia 4:22-24.
“Sa bohèlō, ba ga echo, dilō cotlhe tse di chwanetseñ go tlotlwa, dilō cotlhe tse di itshekileñ, dilō cotlhe tse di rategañ, dilō cotlhe tse di bolèlwañ ka molemō; ha go na le molemō moñwe, me ha go na le pakō, lo gopole dilō tse.”—Bafilipi 4:8.
“Tlhōmañ mogopolō oa lona mo diloñ tse di kwa godimo, e señ mo diloñ tse di mo lehatshiñ.”—Bakolosa 3:2.
Ereka maikutlo a gago a tsalwa bogolo jang ke dikakanyo tsa gago, ntlha ya konokono mo go fenyeng go sula moya ke go laola megopolo e e emang nokeng go sula moya. Ka go ipha nako le go dira maiteko, o ka ithuta go laola fela thata megopolo ya gago. Seno kwantle ga pelaelo se tla dira gore o laole maikutlo a gago.
Go boammaaruri gore go motlhofo gore re re re ka fenya go sula moya. Fa gone tota e le kgang e nngwe go dira jalo. Jaanong he, re ka tswelela re dirisana jang le maikutlo ano a a ka nnang a re bakela bothata jo bogolo jaana?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 4]
Ga se gore ka dinako tsotlhe go sula moya go diphatsa