LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp23 no. 1 ts. 12-13
  • 4 | Baebele E na Le Kgakololo e e Mosola

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 4 | Baebele E na Le Kgakololo e e Mosola
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2023
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se e Se Kayang
  • Kafa Seno se ka Thusang ka Gone
  • Kafa Baebele e Thusang Batho Ba ba Nang le Malwetse Ano ka Gone
  • Malwetse a Tlhaloganyo a Aparetse Lefatshe Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2023
  • Tshedimosetso ka Malwetse a Tlhaloganyo
    Tsogang!—2014
  • 3 | Kafa Dikao Tsa mo Baebeleng Di ka Go Thusang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2023
  • Balwetse ba ka Nna le Tsholofelo
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2023
wp23 no. 1 ts. 12-13
Mosadi yo o itumetseng o palame baesekele.

4 | Baebele E na Le Kgakololo e e Mosola

BAEBELE E A RE: “Dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo Dikwalong Tse di Boitshepo . . . di re tswela mosola.”​—2 TIMOTHEO 3:16.

Se e Se Kayang

Le fa gone Baebele e se buka ya kalafi, e na le dikgakololo tse di mosola le tse di ka thusang motho yo o lwantshanang le bolwetse bongwe jwa tlhaloganyo. Ela tlhoko dikai dingwe.

Kafa Seno se ka Thusang ka Gone

“Batho ba ba sa lwaleng ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba lwalang ba a e tlhoka.”​—MATHAIO 9:12.

Baebele e tlhalosa gore re ka nna ra tshwanelwa ke go batla thuso ya dingaka. Batho ba le bantsi ba ba nang le malwetse mangwe a tlhaloganyo ba ne ba thusiwa ke go nna le kitso e e boammaaruri ka bothata jwa bone le ke go batla kalafi ya bothata joo.

“Go ikatisa mmele go tswela mosola.”​—1 TIMOTHEO 4:8.

Go dira dilo tse di ka dirang gore o ikutlwe sentle mo mmeleng go ka tokafatsa tsela e tlhaloganyo ya gago e berekang ka yone. Dilo tseo di akaretsa go ikatisa mmele ka metlha, go ja dijo tse di nang le dikotla le go robala mo go lekaneng.

“Pelo e e itumetseng ke kalafi e e molemo, mme moya o o hutsafetseng o fetsa motho maatla.”​—DIANE 17:22.

Go bala ditemana tsa Baebele tse di kgothatsang le go ipeela mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela, go ka go thusa gore o itumele. Fa o tlhoma mogopolo mo dilong tse di siameng mo botshelong e bile o dumela gore maemo a tla nna botoka mo nakong e e tlang, seo se tla go thusa gore o itshokele dikgwetlho tse di bakiwang ke bolwetse bongwe jwa tlhaloganyo.

“Motho yo o ikokobeditseng o botlhale.”​—DIANE 11:2.

Gongwe o lemoga gore o ka se kgone go dira sengwe le sengwe o le nosi fela, ka jalo iketleeletse go amogela thuso ya ba bangwe. Ba lelapa le ditsala ba ka tswa ba batla go go thusa mme gone ba sa itse gore ba dire eng. Ba bolelele gore ke eng se o ka ratang gore ba go thuse ka sone. O se ka wa lebelela gore ba go direle dilo tse ba ka se kgoneng go di dira, e bile ka metlha o lebogele thuso ya bone.

Kafa Baebele e Thusang Batho Ba ba Nang le Malwetse Ano ka Gone

“Ke ne ka lemoga gore go na le sengwe se se sa siamang ka nna, ka jalo ke ne ka ya go bona ngaka. E ne ya lemoga gore ke tshwerwe ke eng. Seno se ne sa nthusa gore ke tlhaloganye bolwetse jo bo ntshwereng le gore ke kgone go itse dikalafi tse di farologaneng tsa jone, gore ke kgone go tlhokomela botsogo jwa me.”​—Nicole,a yo o nang le “bipolar.”

Mosadi o bua le ngaka.

“Ke lemogile gore go bala Baebele ka metlha le mosadi wa me, go nthusa gore ke simolole letsatsi lengwe le lengwe ka dikakanyo tse di siameng le tse di kgothatsang. Mme gantsi ka malatsi a ke tla bong ke sa ikutlwe sentle ka one, temana nngwe e tla bo e nkgothatsa.”​—Peter, yo o nang le dipreshene.

“Go ne go le thata go bolelela ba bangwe ka bolwetse jwa me ka gonne ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong. Mme tsala nngwe e ke atamalaneng thata le yone e ne ya ntheetsa ka kelotlhoko e bo e leka go tlhaloganya kafa ke ikutlwang ka gone. O ne a nthusa gore ke ikutlwe botoka le gore ke se ka ka ikutlwa ke le nosi.”​—Ji-yoo, yo o nang le bothata jwa go ja.

“Baebele e nthusitse gore ke nne tekatekano gore ke ikhutse mo go lekaneng. Botlhale jwa yone bo nthusitse go lepalepana le bothata jwa maikutlo a ke nnang ke lwantshana le one.”​—Timothy, yo o nang le bothata jwa “obsessive-compulsive disorder” (OCD).

a Maina mangwe a fetotswe.

Bidio ya ditshwantsho ya “From Sad to Glad.”
Fa o Batla Dintlha Tse di Dingwe:

Leba bidio ya ditshwantsho ya setlhogo se se reng, From Sad to Glad mo jw.org.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela