LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w23 October ts. 6-11
  • A o “Ikemiseditse go Ikoba”?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o “Ikemiseditse go Ikoba”?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • IKOBELE BATSADI
  • IKOBELE “BALAODI BA BAGOLO”
  • IKOBELE BA BA ETELETSENG PELE MO PHUTHEGONG
  • “Bana, Utlwang Batsadi ba Lona”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Jesu O ne A le Kutlo ka Metlha
    Ruta Bana ba Gago
  • Kafa o ka Itseng ka Teng Gore o Utlwe Mang
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Go Utlwa Go a Go Sireletsa
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
w23 October ts. 6-11

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 42

A o “Ikemiseditse go Ikoba”?

“Motho yo o nang le botlhale jo bo tswang kwa godimo . . . o ikemiseditse go ikoba.”​—JAK. 3:17.

PINA 101 Go Dirisana Mmogo ka Kutlwano

SE RE TLA TLOTLANG KA SONEa

1. Goreng ka dinako dingwe go le thata gore re ikobele Jehofa?

A KA dinako tse dingwe go thata gore o ikobele ditaelo? Kgosi Dafide o ne a rata Jehofa, mme ka dinako tse dingwe go ne go le thata gore a mo ikobele. Ke gone ka moo a ileng a rapela a re: “Ntlhotlheletse gore ke nne le keletso ya go go ikobela.” (Pes. 51:12) Goreng ka dinako dingwe go le thata gore re ikobele Jehofa? Sa ntlha, re na le boleo, ka jalo bo dira gore go nne thata gore re mo ikobele. Sa bobedi, Satane o leka go dira gore re tlhanogele Jehofa jaaka ene. (2 Bakor. 11:3) Sa boraro, re tshela le batho ba ba laolwang ke ‘moya o o ba tlhotlheletsang gore ba se ka ba ikobela Modimo.’ (Baef. 2:2) Ka jalo, re tshwanetse go leka ka natla gore re se ka ra letla boleo, Satane le batho ba lefatshe leno ba re tlhotlheletsa gore re se ka ra ikobela Jehofa le batho ba a batlang gore re ba ikobele.

2. Go ‘ikemisetsa go ikoba’ go kaya eng? (Jakobe 3:17)

2 Bala Jakobe 3:17. Jakobe o ile a re batho ba ba botlhale ba “ikemiseditse go ikoba.” Seno se raya gore re tshwanetse go leka ka natla go ikobela batho ba Jehofa a batlang gore re ba ikobele. Mme gone, Jehofa ga a lebelela gore re ikobele batho bao fa ba batla gore re tlole melao ya gagwe.​—Dit. 4:18-20.

3. Goreng re tshwanetse go ikobela batho ba Jehofa a reng re ba ikobele?

3 Go motlhofo go ikobela Jehofa go na le go ikobela batho, ka gonne Jehofa ga a dire diphoso fa a re naya ditaelo, mme batho bone ka dinako dingwe ba a di dira. (Pes. 19:7) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna re gopotse gore Jehofa o batla gore re ikobele batsadi, balaodi le bagolwane. (Diane 6:20; 1 Bathes. 5:12; 1 Pet. 2:13, 14) Fa re ba ikobela, tota re a bo re ikobela Jehofa. Mo setlhogong seno, re tla bona gore ke eng se se ka re thusang go ikobela batho ba Jehofa a batlang gore re ba ikobele, le fa ka dinako dingwe go le thata go dira dilo tse ba reng re di dire.

IKOBELE BATSADI

4. Goreng basha ba le bantsi ba sa ikobele batsadi?

4 Basha ba Basupi ba tshela le basha ba ‘ba sa utlweng batsadi.’ (2 Tim. 3:1, 2) Bontsi jwa bone ga ba ikobele batsadi ka gonne ba re batsadi ba bone ba batla gore ba dire dilo tse bone ba sa di direng. Ba bangwe ba re dilo di fetogile, ka jalo kgakololo ya batsadi ba bone ga e bereke, mme ba bangwe bone ba re batsadi ba ba beela melao e e gagametseng thata. Fa e le gore o mosha, a le wena o a tle o ikutlwe jalo? Go ka nna thata go ikobela taelo eno ya ga Jehofa: “Utlwang batsadi ba lona go dumalana le thato ya Morena, ka gonne seno se siame.” (Baef. 6:1) Ke eng se se ka go thusang?

5. Ke eng fa re ka re Jesu o tlhometse basha sekao se sentle sa go ikobela batsadi? (Luke 2:46-52)

5 O ka ithuta go le gontsi mo go Jesu. (1 Pet. 2:21-24) Jesu o ne a se na boleo, mme batsadi ba gagwe bone ba ne ba na le jone, e bile ka dinako tse dingwe ba ne ba dira diphoso. Le fa go ntse jalo, o ne a ba tlotla. (Ekes. 20:12) Ka sekai, fa Jesu a na le dingwaga di le 12, ene le batsadi ba gagwe ba ne ba ya moletlong kwa Jerusalema. (Bala Luke 2:46-52.) Fa ba boela gae, Jesu o ne a sala kwa Jerusalema, mme fa batsadi ba gagwe ba lemoga, ba ne ba boela gone ba ya go mmatla. Ba ne ba mo fitlhela mo tempeleng, mme Marea o ne a mo raya a re o ba baketse tiro e e seng kana ka sepe ya go mmatla. Mme gone, nnete ke gore e ne e le maikarabelo a bone go netefatsa gore bana ba feletse fa ba boela gae. Jesu ga a ka a ngangisana le bone, go na le moo o ne a ba araba ka tlotlo. Baebele e a re “ba ne ba sa tlhaloganye se a neng a ba bolelela sone.” Le fa go ntse jalo, “o ne a tswelela a ba ikobela.”

6-7. Ke eng se se ka thusang basha gore ba ikobele batsadi?

6 Basha, a go thata gore lo ikobele batsadi ba lona fa ba dira diphoso, kgotsa fa lo tsaya gore ga ba tlhaloganye gore lo ikutlwa jang? Fa e le gore go ntse jalo, lo ka thusiwa ke eng gore lo ba ikobele? Sa ntlha, ipotse gore Jehofa o ikutlwa jang. Baebele e a re fa o ikobela batsadi, “Morena o itumelela seno thata.” (Bakol. 3:20) Jehofa o a itse gore ka dinako tse dingwe batsadi ga ba tlhaloganye gore o ikutlwa jang, kgotsa ba baya melao e go seng motlhofo gore o e ikobele. Mme gone fa o ba ikobela, Jehofa o a itumela.

7 Sa bobedi, ipotse gore batsadi ba gago ba ikutlwa jang. Fa o ba ikobela, ba tla itumela, ba tla go tshepa e bile lo tla atamalana. (Diane 23:22-25) Mokaulengwe mongwe wa kwa Belgium yo o bidiwang Alexandre a re: “Dilo di ile tsa fetoga fa ke simolola go ikobela batsadi ba me. Re ne ra simolola go utlwana e bile re ile ra atamalana thata.”b Sa boraro, nna o gopotse gore go ikobela batsadi ba gago go tla go thusa mo nakong e e tlang. Paulo yo o nnang kwa Brazil a re: “Go ikobela batsadi go nthusitse gore ke kgone go ikobela Jehofa le batho ba a batlang gore ke ba ikobele.” Baebele e a re fa o ikobela batsadi, ‘dilo di tla go tsamaela sentle e bile o tla tshela lobaka lo loleele mo lefatsheng.’​—Baef. 6:2, 3.

8. Goreng basha ba le bantsi ba ikobela batsadi ba bone?

8 Basha ba le bantsi ba lemogile gore dilo di ba tsamaela sentle fa ba ikobela batsadi ba bone. Kgaitsadi mongwe wa kwa Brazil yo o bidiwang Luiza o ne a sa tlhaloganye gore ke eng fa batsadi ba gagwe ba sa mo letle go nna le founu, mme bana ba ba lekanang le ene ba na le tsone. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a lemoga gore batsadi ba gagwe ba ne ba mo sireletsa. A re: “Gone jaanong ke lemoga gore melao e batsadi ba me ba mpeelang yone ga e nkgatelele, mme e a ntshireletsa.” Kgaitsadi mongwe wa kwa United States yo o bidiwang Elizabeth o sa ntse a thatafalelwa ke go ikobela batsadi ba gagwe ka dinako dingwe. A re: “Fa ke sa tlhaloganye gore ke eng fa ba mpeela molao mongwe o o rileng, ke leka go akanya ka melao mengwe e ba kileng ba mpeela yone e e ileng ya ntswela mosola.” Monica yo o nnang kwa Armenia a re ka metlha dilo di mo tsamaela sentle fa a ikobela batsadi go na le fa a sa ba ikobele.

IKOBELE “BALAODI BA BAGOLO”

9. Batho ba le bantsi ba ikutlwa jang ka go ikobela melao?

9 Batho ba le bantsi ba dumela gore dipuso di a tlhokega, le gore re tshwanetse go ikobela melao mengwe e “balaodi ba bagolo” ba re beelang yone. (Bar. 13:1) Mme gone bone batho bao, ga ba ikobele melao ya puso e ba tsayang gore e a ba gatelela kgotsa ga e utlwale. Ka sekai, kwa nageng nngwe kwa Europe, batho ba le bantsi ba akanya gore ga ba tlhoke go duela makgetho a ba tsayang gore ga a tlhokege. Ke gone ka moo ba sa dueleng makgetho mangwe a puso e batlang gore ba a duele.

Marea le Josefa ba ya Bethelehema. Marea o palame tonki. Ditshwantsho: 1. Mokaulengwe o leba gore a o tsamaya ka lebelo le a tshwanetseng go tsamaya ka lone. 3. Mokaulengwe o tlatsa foromo ya lekgetho. 4. Kgaitsadi o tsentse mask e bile ga a nnela gaufi le mooki.

Re ka ithuta eng mo go Josefa le Marea? (Bona serapa 10-12)c

10. Goreng re tshwanetse go ikobela melao e re ka tswang re tsaya gore ga e tlhokege?

10 Baebele e a re dipuso di bogisa batho, di laolwa ke Satane e bile go ise go ye kae di tlile go fedisiwa. (Pes. 110:5, 6; Mor. 8:9; Luke 4:5, 6) Le fa go ntse jalo, gape e a re “motho yo o ganetsang taolo ya balaodi, o ganetsana le thulaganyo ya Modimo.” Ka jalo, re tshwanetse go ikobela balaodi ka gonne Jehofa o ba letlile gore ba buse gore dilo di tsamaye sentle. Re tshwanetse go ‘naya mongwe le mongwe se se mo tshwanetseng.’ Seno se raya gore re tshwanetse go duela lekgetho, go tlotla balaodi le go ba ikobela. (Bar. 13:1-7) Ka dinako tse dingwe re ka tsaya gore molao mongwe ga o tlhokege, ga o utlwale kgotsa gore puso e batla gore re ntshe madi a re se nang one. Mme gone, Jehofa o batla gore re ikobele balaodi fa fela ba sa kope gore re tlole melao ya gagwe.​—Dit. 5:29.

11-12. Josefa le Marea ba ile ba ikobela jang molao wa puso, mme go ile ga felela jang? (Luke 2:1-6) (Bona le ditshwantsho.)

11 Re ka ithuta go le gontsi mo go Josefa le Marea. Ka dinako dingwe go ne go se motlhofo gore ba ikobele balaodi ba bagolo. (Bala Luke 2:1-6.) Ka sekai, fa Marea a na le dikgwedi di le robongwe a imile, Mmusimogolo wa kwa Roma yo o bidiwang Aguseto o ne a laela gore batho ba ye go ikwadisa kwa metseng e ba tsholetsweng kwa go yone. Go dira jalo go ne go ka se nne motlhofo mo go Marea ka gonne go ya kwa Bethelehema e ne e le dikilometara di ka nna 150, e bile tsela ya teng e ne e na le dithota. Mo godimo ga moo, Josefa le Marea ba tshwanetse ba bo ba ne ba tshwenyegile ka gonne ngwana yo Marea a neng a mo imile e ne e tlile go nna Mesia. Ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore ba tla dira eng fa Marea a ka belegela mo tseleng.

12 Se se itumedisang ke gore Josefa le Marea ba ile ba ikobela molao oo wa puso le fa go ne go se motlhofo, mme Jehofa o ile a ba segofatsa. Marea o ile a goroga sentle kwa Bethelehema a bo a tshola ngwana wa mosimane. Mo godimo ga moo, boporofeti jwa Baebele bo ile jwa diragadiwa.​—Mik. 5:2.

13. Fa re ikobela melao ya puso, seo se ka tswela bakaulengwe le bokgaitsadi mosola jang?

13 Go ikobela balaodi ba bagolo go tswela rona le batho ba bangwe mosola. Jang? Fa re ikobela melao ya puso, ga re kitla re otlhaiwa. (Bar. 13:4) Gape go ka dira gore balaodi bangwe ba re buelele. Ka sekai, dingwaga di le dintsi tse di fetileng kwa Nigeria, masole a ile a tsena mo Holong ya Bogosi dipokano di tsweletse, a batla batho ba ba sa batleng go duela lekgetho. Molaodi wa bone o ne a ba raya a re ba tsamaye. O ne a re: “Basupi ba ga Jehofa ba duela lekgetho.” Nna o gopotse gore fa re ikobela melao ya puso, re itirela leina le lentle e bile seno se ka sireletsa bakaulengwe le bokgaitsadi.​—Math. 5:16.

14. Ke eng se se thusitseng kgaitsadi mongwe gore a ikobele balaodi ba bagolo?

14 Boammaaruri ke gore ka dinako tse dingwe ga go motlhofo go ikobela balaodi ba bagolo. Kgaitsadi mongwe wa ka United States yo o bidiwang Joanna a re: “Go ne go le thata tota gore ke ikobele balaodi ka gonne ba ne ba tshwara bangwe ba lelapa la gaetsho makgwakgwa.” Mme gone, Joanna o ne a ipolelela gore o batla go fetola tsela e a akanyang ka yone. O ne a tlogela go bala dilo tse di sa siamang tse batho ba neng ba di kwala ka balaodi mo metsweding ya tshedimosetso. (Diane 20:3) Gape o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse gore a mo tshepe, le gore a mo thuse gore a se ka a lebelela gore go dirwe diphetogo dingwe mo pusong. (Pes. 9:9, 10) Mo godimo ga moo, o ile a bala dikgatiso tse di buang ka kgang ya go sa tseye letlhakore. (Joh. 17:16) Go dira jalo go ile ga mo thusa gore a tlotle balaodi e bile a ba ikobele. A re gone jaanong ga a tlhole a tshwenyega thata ka se se diregang mo pusong.

IKOBELE BA BA ETELETSENG PELE MO PHUTHEGONG

15. Goreng ka dinako tse dingwe go le thata go ikobela kaelo e re e newang mo phuthegong?

15 Jehofa o batla gore re ‘utlwe ba ba etelelang pele’ mo phuthegong. (Baheb. 13:17) Ke nnete gore Jesu ga a dire diphoso, mme bakaulengwe ba ba eteletseng pele mo phuthegong bone ba a di dira. Ka jalo, ka dinako tse dingwe go ka nna thata gore re ba ikobele, segolobogolo fa ba re kopa gore re dire sengwe se re sa batleng go se dira. Nako nngwe moengele o ne a laela moaposetoloi Petere gore a je diphologolo dingwe tse Molao wa ga Moshe o neng o re di se ka tsa jewa. Petere o ile a gana ka gonne o ne a tsaya gore taelo eo ga e utlwale. (Dit. 10:9-16) E re ka go ne go se motlhofo gore Petere a ikobele taelo e a neng a e newa ke moengele, ga go gakgamatse go bo le rona ka dinako dingwe re thatafalelwa ke go ikobela taelo e re e newang ke ba ba eteletseng pele mo phuthegong.

16. Moaposetoloi Paulo o ile a dira eng fa a ne a kopiwa gore a dire sengwe se se neng se sa utlwale? (Ditiro 21:23, 24, 26)

16 Nako nngwe Bakeresete ba Bajuda ba ne ba utlwela magatwe a gore Paulo o ‘tlhanogela molao wa ga Moshe’ e bile ga a o ikobele. (Dit. 21:21) Ka jalo, bagolwane ba kwa Jerusalema ba ile ba mo laela gore a tseye banna ba le banê mme a ye go iphepafatsa le bone kwa tempeleng go bontsha gore o ne a ikobela Molao. Paulo o ile a ikobela taelo eo le fa gone a ne a itse gore ga a dira sepe se se phoso, le gore Bakeresete ga ba tlhoke go ikobela Molao wa ga Moshe. Mo letsatsing le le latelang, “o ne a tsaya banna bao a bo a iphepafatsa le bone.” (Bala Ditiro 21:23, 24, 26.) Seo se ile sa dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong.​—Bar. 14:19, 21.

17. O ithuta eng mo go se se diragaletseng Stephanie?

17 Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Stephanie o ne a thatafalelwa ke go ikobela kaelo nngwe e ba neng ba e newa ke ofisi ya lekala. Ene le monna wa gagwe ba ne ba direla mo setlhopheng se se buang puo e nngwe, mme ba ile ba kopiwa gore ba fudugele kwa phuthegong e e buang puo ya bone. Stephanie a re: “Ke ne ke sa itumela gotlhelele, ka gonne ke ne ke tsaya gore phuthego eo e na le baboledi ba le bantsi.” Se se itumedisang ke gore ba ile ba reetsa kaelo eo mme ba fuduga. Stephanie a re: “Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka lemoga gore go ne go tlhokega gore go dirwe phetogo eo. Batho ba le bantsi mo phuthegong ya rona ke bone fela Basupi mo malapeng a bone. Gone jaanong ke bala le kgaitsadi mongwe yo a neng a sa tlhole a tla dipokanong, e bile ke na le nako e ntsi ya go ithuta ke le nosi. Segakolodi sa me ga se ntshwenye ka gonne ke ile ka dira sotlhe se nka se kgonang gore ke ikobele Jehofa.”

18. Go ikobela ditaelo go re tswela mosola jang?

18 Re ka ithuta go ikobela ditaelo. Nna o gopotse gore Jesu o ile a “ithuta go nna kutlo mo dilong tse di botlhoko tse di neng tsa mo diragalela.” (Baheb. 5:8) Ka tsela e e tshwanang, le rona go le gantsi maemo a a thata a re thusa gore re kgone go ikobela ditaelo. Ka sekai, fa bolwetse jwa COVID-19 bo ne bo simologa, o ka tswa o ne o sa itumela fa re ne re laelwa gore re se ka ra ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi le gore re se ka ra rera ka ntlo le ntlo. Mme gone, go ikobela taelo eo go ile ga go sireletsa, ga dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong e bile go ile ga itumedisa Jehofa. Maemo ao a re baakanyeditse gore re kgone go ikobela ditaelo tse re tla di newang ka nako ya pitlagano e kgolo, mme go dira jalo go ka boloka matshelo a rona.​—Jobe 36:11.

19. Goreng o batla go ikobela Jehofa le batho ba a reng re ba ikobele?

19 Mo setlhogong seno re ithutile gore fa re ikobela ditaelo, Jehofa o tla re segofatsa. Mme gone, lebaka la botlhokwa la go bo re ikobela Jehofa ke gore re a mo rata e bile re batla go mo itumedisa. (1 Joh. 5:3) Gone ke nnete gore re ka se kgone go duela Jehofa ka ntlha ya dilo tsotlhe tse a re diretseng tsone. Mme re ka kgona go mo ikobela le go ikobela ba a batlang gore re ba ikobele. (Pes. 116:12) Fa re dira jalo, re tla bontsha gore re botlhale e bile Jehofa o tla itumela.​—Diane 27:11.

KE ENG SE SE KA RE THUSANG GO IKOBELA . . .

  • batsadi?

  • “balaodi ba bagolo”?

  • ba ba eteletseng pele mo phuthegong?

PINA 89 Utlwa, Ikobe, Mme o Segofadiwe

a Re na le boleo, ka jalo ka dinako tse dingwe ga go motlhofo gore re ikobele batho ba bangwe, tota le ba re tshwanetseng go ba ikobela. Mo setlhogong seno re tlile go bona gore go ikobela batsadi, “balaodi ba bagolo” le bakaulengwe ba ba eteletseng pele mo phuthegong, go re tswela mosola jang.

b O ka bona dikakantsho tse di ka go thusang go bua le batsadi ba gago ka melao e go leng thata gore o e ikobele, mo setlhogong se se reng “Nka Buisana Jang le Batsadi ka Melao E ba E Mpeetseng?” mo jw.org.

c TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Josefa le Marea ba ile ba ikobela molao wa puso wa gore ba ye go ikwadisa kwa Bethelehema. Bakeresete ba ikobela melao ya puso, melao e puso e e bayang fa go na le malwetse e bile ba duela lekgetho.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela