LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • sjj pina 89
  • Utlwa, Ikobe Mme o Segofadiwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Utlwa, Ikobe Mme o Segofadiwe
  • Opelelang Jehofa ka Boitumelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Utlwa, Ikobe Mme o Segofadiwe
    Opelelang Jehofa
  • A o “Ikemiseditse go Ikoba”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Seno se ka Boloka Matshelo a Bone
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
  • Mong wa Rona ke Mang?
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Opelelang Jehofa ka Boitumelo
sjj pina 89

PINA 89

Utlwa, Ikobe Mme o Segofadiwe

E e Gatisitsweng

(Luke 11:28)

  1. 1. A ruri re’utlwa thuto tsa ga Jesu?

    Thuto tsa ’gwe di re bontsha tsela.

    Go di itse go a itumedisa,

    Go botlhokwa go di ikobela.

    (KHORASE)

    O tla segofadiwa,

    Fa o utlwa, o’ikoba.

    Fa o reetsa Jehofa ka metlha,

    O tla segofadiwa.

  2. 2. ’Taelo tsa Modimo ke tshireletso

    Jaaka ntlo e’e agilweng mo lejeng.

    Ba ba reetsang fa ba kaelwa ke Jesu,

    Ba tla itumelela botshelo.

    (KHORASE)

    O tla segofadiwa,

    Fa o utlwa, o’ikoba.

    Fa o reetsa Jehofa ka metlha,

    O tla segofadiwa.

  3. 3. Jaaka ’tlhare se se jetsweng mo metsing

    Se ntsha leungo ka paka ya sone,

    Fa le rona re’ikobela Modimo,

    O tla re segofatsa ka metlha.

    (KHORASE)

    O tla segofadiwa,

    Fa o utlwa, o’ikoba.

    Fa o reetsa Jehofa ka metlha,

    O tla segofadiwa.

(Bona le Dute. 28:2; Pes. 1:3; Dia. 10:22; Math. 7:24-27; Luke 6:47-49.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela