LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w24 May ts. 32
  • O ka Kgona go Itshoka Fa o Sa Tshwarwe Sentle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Kgona go Itshoka Fa o Sa Tshwarwe Sentle
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Moatlhodi wa Lefatshe Lotlhe” o Dira se se Siameng ka Metlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • “Ke ka Dira Jang Bosula jo Bogolo Jono?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Jehofa o go Thusa Gore o Atlege
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Lekgoba le le Neng la Ikobela Modimo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
w24 May ts. 32

POROJEKE YA GO ITHUTA

O ka Kgona go Itshoka Fa o Sa Tshwarwe Sentle

Bala Genesise 37:23-28; 39:17-23 go bona gore Josefa o ile a itshwara jang fa a ne a sa tshwarwe sentle.

Akanyetsa kwa teng ka se go buiwang ka sone. Goreng batho ba bangwe ba ne ba sa tshware Josefa sentle? (Gen. 37:3-11; 39:1, 6-10) Josefa o ile a tshwanelwa ke go itshoka ka lobaka lo lokae? (Gen. 37:2; 41:46) Jehofa o ile a thusa Josefa jang ka nako eo, mme ke eng se Jehofa a sa se dirang?​—Gen. 39:2, 21; w23.01 17 ¶13.

Dira dipatlisiso. Le fa mosadi wa ga Potifaro a ile a bua maaka ka Josefa, Baebele ga e re bolelele gore Josefa o ile a re se mosadi yoo a neng a mo latofatsa ka sone ke maaka. Diane 20:2; Johane 21:25 le Ditiro 21:37 di re thusa jang go bona lebaka le le ka tswang le dirile gore Josefa a se ka a bua ka kgang eo, e bile di re thusa jang go lemoga gore ga re tlhoke go bolelelwa sengwe le sengwe? Ke dinonofo dife tse di ka tswang di ile tsa thusa Josefa go itshoka fa a ne a sa tshwarwe sentle?​—Mik. 7:7; Luke 14:11; Jak. 1:2, 3.

O ithuta eng? Ipotse jaana:

• ‘Batho ba ka ntshwara jang ka gonne ke le molatedi wa ga Jesu?’ (Luke 21:12, 16, 17; Baheb. 10:33, 34)

• ‘Ke eng se nka se dirang gone jaanong gore ke kgone go itshoka fa ke sa tshwarwe sentle?’ (Pes. 62:7, 8; 105:17-19; 105:17-19; w19.07 2-7)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela