LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp25 no. 1 ts. 4-5
  • Dintwa di re Ama Rotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dintwa di re Ama Rotlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2025
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dintwa di Tla Fela Leng?—Baebele e a Reng ka Kgang eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Dinaga di Latlhegetswe ke Ditrilione mo Dintweng— A di Latlhegetswe ke Madi Fela?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Kafa Dintwa di Tla Felang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2025
  • Ntwa
    Tsogang!—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2025
wp25 no. 1 ts. 4-5
Ditshwantsho: 1. Lesole le tsamaya kwa pele ga thenke ya masole. 2. Banna, basadi le bana ba ditso tse di farologaneng ba amilwe ke ntwa.

Dintwa di re Ama Rotlhe

“Fa e sa le go tloga ka Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe, palo ya dintwa e ile ya oketsega thata e bile batho ba le dibilione tse pedi ba nna mo mafelong a a amilweng ke dintwa tseo.”

United Nations Deputy Secretary-General Amina J. Mohammed, January 26, 2023.

Dintwa di ka runya ka tshoganyetso mo mafelong a go neng go sa solofelwa gore go ka nna le dintwa mo go one. Tota le batho ba ba sa nneng mo mafelong a go lowang mo go one, ba ka amega. Mme le fa ntwa e sena go fela, ditlamorago tsa yone di ka ama batho ka lobaka lo loleele. Ela tlhoko dikai tse di latelang:

  • Setshwantsho se se bontshang matsogo a mabedi a tshwere sekotlolo.

    Go tlhaela ga dijo. Go ya ka World Food Programme, “ntwa ke yone e e di gogang kwa pele mo dilong tse di bakang tlala. Batho ba le bantsi ba ba se nang dijo tse di lekaneng, ba nna mo mafelong a go lowang mo go one.”

  • Setshwantsho se se bontshang mosadi yo o hutsafetseng a ikhurumeditse sefatlhego ka diatla.

    Mathata a botsogo jwa mmele le a tlhaloganyo. Fa go lebega e kete go tla nna le ntwa mo lefelong lengwe, batho ba lefelo leo ba ka simolola go nna le seterese le go tlhobaela. Batho ba ba nnang mo mafelong a go lowang mo go one, ba mo kotsing ya go gobala le go nna le mathata a tlhaloganyo. Mme se se botlhoko ke gore gantsi go thata gore ba bone kalafi.

  • Setshwantsho se se bontshang lelapa le kukile merwalo ya lone.

    Batho ba patelesega go tshaba. Pego ya United Nations High Commissioner for Refugees e tlhalosa gore go tla go fitlha ka September 2023, batho ba feta dimilione di le 114 ba ile ba patelesega go tshaba mo magaeng a bone. Selo se segolo se se bakileng bothata jono ke dintwa.

  • Setshwantsho se se bontshang lelapa le eme fa pele ga ntlo ya bone ya maemo a a kwa tlase.

    Mathata a ikonomi. Gantsi dintwa di baka mathata a ikonomi a a jaaka go oketsega ga ditlhwatlhwa. Batho ba ka nna ba boga ka gonne puso e dirisa madi a mantsi mo sesoleng, a gantsi e neng e a dirisa mo go tsa botsogo le mo thutong. E bile morago ga ntwa, go tlhokega madi a mantsi thata go baakanya tshenyo e e bakilweng ke ntwa eo.

  • Setshwantsho se se bontshang oli e tshologa mo phaepeng.

    Mathata a tikologo. Batho ba a boga fa dilo tsa tlholego tse ba ikaegileng ka tsone di senngwa fela ka boomo. Go kgotlelwa ga metsi, moya le mmu go ka baka mefuta e mentsi ya malwetse, e bile tota le morago ga ntwa, batho ba ka nna ba gobadiwa kgotsa ba bolawa ke dibomo tse di epetsweng tse di tlogetsweng foo.

Ga go pelaelo gore dintwa di baka tshenyo e e seng kana ka sepe.

Se Baebele e Neng ya se Bolelela Pele ka Ntwa

Baebele e ne ya bolelela pele gore dintwa e ne e tla nna karolo ya sesupo sa “malatsi a bofelo.” (Mathaio 24:3) Jesu Keresete o ne a re:

  • “Lo tlile go utlwalela ka dintwa le dipego tsa dintwa. . . . Ka gonne setšhaba se tla tlhasela setšhaba se sengwe le bogosi bo tla tlhasela bogosi jo bongwe.”​—Mathaio 24:6, 7.

  • “Fa lo utlwalela ka dintwa le dikhuduego, lo se ka lwa tshoga.”​—Luke 21:9.

    Lefoko “dikhuduego” le ka kaya dilo tse di jaaka ditshupetso, go lwantshana ga batho ka ntlha ya dipolotiki le go nna kgatlhanong le puso.

Fa o batla go itse mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng, “Sesupo sa ‘Malatsi a Bofelo’ Kgotsa sa ‘Bokhutlo’ ke Eng?” mo jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela