LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w25 July ts. 26-30
  • “Tlhabano Ke ya Ga Jehofa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Tlhabano Ke ya Ga Jehofa”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KE GODISITSWE KE BATSADI BA E NENG E LE BARONGWA BA BA TLHAGAFETSENG
  • KE SIMOLOLA GO DIRELA KWA NTLOKGOLO YA LEFATSHE LOTLHE
  • KE DIRELA MO LEFAPHENG LA MOLAO
  • GO FEMELA DIKGANG TSE DI MOLEMO
  • KE LEBOGA JEHOFA!
  • Go Lwela Kgololesego ya go Obamela
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Go Sireletsa Dikgang Tse di Molemo Semolao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • ‘Go Femela le go Tlhomamisa Mafoko a a Molemo Semolao’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Pego ya Tsa Molao
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
w25 July ts. 26-30
Philip Brumley.

KGANG YA BOTSHELO

“Tlhabano Ke ya Ga Jehofa”

JAAKA GO BOLETSE PHILIP BRUMLEY

KE ILE ka ya kwa toropong e ntle e e bidiwang Strasbourg, kwa France ka di28 tsa January 2010. Mme gone, ke ne ke sa ela go bona lefelo leo le lentle. Ke ne ke le mongwe wa bakaulengwe ba ba neng ba ile go femela ditshwanelo tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (ECHR). Puso e ne e rile Basupi ba ga Jehofa ba kwa France ba kolota madi a lekgetho la madi a di-euro di ka nna dimilione di le 64 (didolara di le 89 000 000 tsa America). Ka jalo, re ne re tshwanetse go ntsha bosupi jwa gore seo ga se boammaaruri. Lebaka la botlhokwa la go bo re ne re batla go fenya kgetsi eo e ne e se madi a a neng a batliwa. Fa re ne re ka fenya, leina la ga Jehofa le ne le tla galalediwa, batho ba gagwe ba ne ba tla tswelela ba itsege e le batho ba ba siameng e bile re ne re tla kgona go tswelela re direla Jehofa re gololesegile mo France. Se se ileng sa direga kwa kgotlatshekelong, se ne se bontsha gore tota “tlhabano ke ya ga Jehofa.” (1 Sam. 17:47) A ke go tlhalosetse gore ke raya jang.

Ka bo1990 puso ya France e ile ya re ofisi ya lekala ya kwa France e tshwanetse go duela lekgetho la meneelo e e neng e ntshitswe go simologa ka ngwaga wa 1993 go fitlha ka 1996. Dikgotlatshekelo tsa kwa France ga di a ka tsa atlhola kgetsi ya rona sentle. Ka jalo, re ile ra ikuela kwa kgotlatshekelong e e sekasekang ditshwetso tse di dirilweng ke dikgotlatshekelo tse dingwe. Ka maswabi, ga re a ka ra atlega e bile puso e ile ya tsaya di-euro di feta dimilione di le nnê le halofo (didolara di le 6 300 000 tsa America) mo akhaontong ya ofisi ya lekala la kwa France. ECHR ke yone fela e e neng e ka re thusa go bona madi ao gape. Mme pele ECHR e ka reetsa kgetsi ya rona, e ile ya kopa gore re kopane le baemedi ba molao ba puso ya France le baemedi ba Kgotlatshekelo ya Yuropa go bona gore a ga re ka ke ra rarabolola bothata joo pele kgetsi e isiwa kwa Kgotlatshekelo.

Re ne re solofetse gore moemedi wa kgotlatshekelo a ka re pateletsa go duela puso ya France bontlhanngwe jwa madi ao. Mme gone, re ne re itse gore go duela le fa e ka nna dolara e le nngwe fela, go ne go tla bo go le kgatlhanong le melaometheo ya Baebele. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba ntshitse meneelo eo go tshegetsa tiro e e direlwang Bogosi. Ka jalo, meneelo eo e ne e sa tshwanela go newa puso. (Math. 22:21) Mme gone, re ile ra dumela go ya kwa pokanong eo ka gonne re tlotla melao ya Kgotlatshekelo ya Yuropa.

Ke na le bakaulengwe ba Lefapha la Molao kwa ECHR, ka 2010

Re ile ra kopana mo go nngwe ya diphaposi tse dintle tsa Kgotlatshekelo. Dipuisano tseo ga di a ka tsa simolola sentle. Moemedi wa Kgotlatshekelo ya Yuropa o ile a re Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwanetse go duela lekgetho le puso ya France e neng e ba laetse gore ba le duele. Ka yone nako eo, moya wa ga Jehofa o ile wa re tlhotlheletsa go mmotsa go re: “A o a itse gore puso e setse e itseetse di-euro di feta dimilione di le nnê le halofo mo akhaontong ya rona?”

Mmê yoo o ne a gakgametse tota. Fa baemedi ba semolao ba puso ba sena go mmolelela gore seo ke nnete, o ile a fetola tsela e a neng a leba kgetsi eno ka yone. O ile a ba omanya a bo a emisa pokano eo ka yone nako eo. Re ile ra lemoga gore tota Jehofa o ile a fetola dilo ka tsela e re neng re sa e lebelela gore re kgone go fenya kgetsi eno. Re ne re itumetse tota fa re tswa kwa pokanong eo e bile re gakgamatse ka ntlha ya se se diragetseng.

Ka di30 tsa June 2011, ECHR e ile ya dira tshwetso e e neng e dumalana le kopo ya rona. Ba ile ba re puso e ne e sa tshwanela go re duedisa lekgetho. E bile ba ne ba e laela gore e buse madi otlhe a na le morokotso. Tshwetso eo e sa ntse e sireletsa kobamelo ya boammaaruri kwa France le gompieno. Potso e le nngwe e re ileng ra e botsa mme re sa e ipaakanyetsa, e ne e tshwana le leje le le ileng la bolaya Goliathe. E ile ya dira gore re kgone go fenya kgetsi eo. Goreng re ile ra fenya? Fela jaaka Dafide a ile a bolelela Goliathe, “tlhabano ke ya ga Jehofa.”​—1 Sam. 17:45-47.

Eo ga se yone fela kgetsi e re ileng ra e fenya. Tota le fa dipuso le dikereke tse di maatla di ile tsa re ganetsa, re ile ra fenya dikgetsi di le 1 225 mo dikgotlatshekelo tse dikgolo tsa dinaga di le 70 le dikgotlatshekelo tse dikgolo tsa boditšhabatšhaba. Dikgetsi tseno di ile tsa sireletsa ditshwanelo tsa rona tsa botlhokwa, tse di jaaka go obamela Jehofa, go rera phatlalatsa, go sa tseye letlhakore mo meletlong ya setšhaba le go sa tshelwe madi.

Go tlile jang gore ke nne le seabe mo kgetsing ya semolao kwa Europe le fa ke ne ke direla kwa Ntlokgolo ya Lefatshe Lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York, U.S.A.?

KE GODISITSWE KE BATSADI BA E NENG E LE BARONGWA BA BA TLHAGAFETSENG

Fa ke tsholwa ka 1956, batsadi ba me e bong George le Lucille, ba ba alogileng kwa tlelaseng ya bo12 ya Sekolo sa Gileade ba ne ba direla kwa Ethiopia. Ba nneile leina Philip, ba nteelela ka moefangele Filipo wa lekgolo la ntlha la dingwaga. (Dit. 21:8) Mo ngwageng o o latelang, puso e ile ya thibela kobamelo ya rona. Le fa gone ke ne ke sa le monnye, ke sa ntse ke gopola gore ba lelapa la gaetsho ba ne ba obamela Jehofa mo sephiring. Ke ne ke tsaya gore ke selo se se itumedisang ka gonne ke ne ke le ngwana! Se se utlwisang botlhoko ke gore ka 1960, badiredipuso ba ile ba re pateletsa gore re tswe mo nageng eo.

Nathan H. Knorr (ka fa molemeng) a etetse ba lelapa la gaetsho kwa Addis Ababa, Ethiopia, ka 1959

Ba lelapa la gaetsho ba ile ba fudugela kwa Wichita, Kansas, U.S.A. Mme gone, batsadi ba me ba ne ba sa ntse ba rata bodiredi fela thata le fa gone e ne e sa tlhole e le barongwa. Tsela e ba neng ba tshela ka yone e ne e bontsha gore ba rata boammaaruri. Ba ile ba thusa nna, ausi wa me e bong Judy le nnake wa mosimane e bong Leslie, ba le bone ba tsholetsweng kwa Ethiopia gore re rate Jehofa le gore re mo direle ka pelo yotlhe. Ke ile ka kolobediwa ke na le dingwaga di le 13. Dingwaga di le tharo moragonyana, ba lelapa la gaetsho ba ile ba fudugela kwa go neng go na le tlhokego ya baboledi gone kwa Arequipa, kwa Peru.

Fa ke na le dingwaga di le 18 ka 1974, ofisi ya lekala ya kwa Peru e ile ya naya nna le bakaulengwe ba bangwe kabelo ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng. Seno se ne se raya gore re ne re tlile go rera mo mafelong a a kwa godimo a kwa Central Andes Mountains, a go neng go ise go rerwe kwa go one. Re ne re tlile go rerela batho ba ba buang Se-Quechua le Se-Aymara. Fa re le koo, re ne re tsamaya ka kharabene e re neng re e bitsa Araka ka gonne e ne e tshwana le lebokoso le legolo. Ke rata go akanya ka nako ya fa re ne re dirisa Baebele go thusa batho ba dipuo tse di farologaneng go bona gore mo nakong e e sa fediseng pelo, Jehofa o tlile go fedisa tlala, malwetse le loso. (Tshen. 21:3, 4) Batho ba le bantsi ba ile ba amogela molaetsa wa Bogosi.

Kharabene e feta mo metsing.

Kharabene e re neng re e bitsa “Araka,” ka 1974

KE SIMOLOLA GO DIRELA KWA NTLOKGOLO YA LEFATSHE LOTLHE

Albert Schroeder, yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang, o ile a etela Peru ka 1977. O ile a nkgothaletsa gore ke tsenye kopo ya go direla kwa Bethele kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe. Ke ile ka dira fela jalo. Moragonyana ka di17 tsa June 1977, ke ile ka simolola go direla kwa Bethele ya kwa Brooklyn. Mo dingwageng di feta nnê tse di neng tsa latela, ke ne ke direla mo lefapheng la go Phepafatsa le la go Baakanya Dilwana.

Ka letsatsi la rona la lenyalo ka 1979

Ka June 1978, ke ile ka kopana le Elizabeth Avallone kwa kopanong ya ditšhabatšhaba e e neng e tshwaretswe kwa New Orleans, Louisiana. Elizabeth le ene o godisitswe ke batsadi ba ba neng ba rata Jehofa thata. Fa ke kopana le ene o ne a setse a na le dingwaga di le nnê e le mmulatsela wa ka metlha e bile o ne a batla go direla Jehofa mo tirelong ya nako e e tletseng botshelo jwa gagwe jotlhe. Re ile ra itsane botoka, re bo re simolola go ratana. Ka di20 tsa October, 1979, re ile ra nyalana re bo re direla kwa Bethele mmogo.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba Phuthego ya Brooklyn Spanish, e leng phuthego ya ntlha e re simolotseng go kopanela le yone, ba ne ba le lorato tota. Fa dingwaga di ntse di tsamaya, re ile ra kopanela le diphuthego tse dingwe tse tharo. Mme le koo, bakaulengwe ba ne ba le lorato e bile ba re kgothaletsa go tswelela re direla mo Bethele. Re leboga tsela e ba neng ba re thusa ka yone e bile re leboga tsela e ba masika le ditsala ba neng ba re thusa ka yone ka go tlhokomela batsadi ba rona ba ba neng ba tsofetse.

Philip a na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Bethele kwa dipokanong.

Bakaulengwe ba kwa Bethele ba na le bakaulengwe ba Phuthego ya Brooklyn Spanish, ka 1986

KE DIRELA MO LEFAPHENG LA MOLAO

Ka January 1982 ke ne ke gakgametse tota fa ke ne ke newa kabelo ya go direla mo Lefapheng la Molao kwa Bethele. Dingwaga di le tharo moragonyana, ke ile ka kopiwa go ya sekolong gore ke ye go ithutela go nna mmueledi. Fa ke le koo, ke ile ka gakgamala tota fa ke ithuta gore batho ba kwa United States le ba kwa dinageng tse dingwe, ba na le kgololesego ya go dira dilo di le dintsi ka ntlha ya dikgetsi tse di ileng tsa fenngwa ke Basupi ba ga Jehofa. Re ne re ithuta ka dikgetsi tseno tsa botlhokwa fa re ne re le mo tlelaseng.

Fa ke na le dingwaga di le 30 ka 1986, ke ile ka tlhomiwa go nna molebedi wa Lefapha la Molao. Ke ne ke itumetse tota go bona gore bakaulengwe ba kwa Bethele ba ne ba ntshepa le fa gone ke ne ke le mosha. Mme gone, ke ne ke tshwenngwa ke gore go ne go na le dilo di le dintsi tse ke neng ke sa di itse e bile ke ne ke itse gore kabelo eno e ne e ka se nne motlhofo.

Ka 1988, ke ne ka nna mmueledi, mme ke ne ke sa lemoge gore go ya yunibesithing go ne ga dira gore ke se ka tlhola ke atamalane le Jehofa. Thuto ya yunibesithi e ka dira gore motho a itseye a le botlhokwa go feta batho ba ba se nang kitso e e tshwanang le ya gagwe. Elizabeth o ile a nthusa go boa ke dira dilo tse di neng di nthusa go atamalana le Jehofa pele ke ya yunibesithi. Mme go ile ga tsaya nako. Se se ntiragaletseng se mpontshitse gore selo sa botlhokwa ke go atamalana le Jehofa, go mo rata le go rata batho ba gagwe.

GO FEMELA DIKGANG TSE DI MOLEMO

Fa ke sena go fetsa kwa yunibesithing, ke ile ka tswelela ke thusa kwa Bethele mo dikgannyeng tse di amanang le molao le go femela phuthego ya ga Jehofa le tshwanelo ya rona ya go rera. Ke ne ke itumelela tiro e ke neng ke e dira. Mme gone, go ne go se motlhofo ka gonne dilo di ne di nna di fetoga ka bonako mo phuthegong ya ga Jehofa. Ka sekai, re ne re tlhola re kopa batho gore ba duelele dikgatiso tse re ba nayang tsone. Mme go simologa ka 1919, Lefapha la Molao le ile la kopiwa go ntsha ditaelo tsa gore seo se ne se tla emisiwa jang. Morago ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba naya batho dikgatiso ba sa ba duedise. Seo se ile sa dira gore tiro e e neng e dirwa kwa Bethele le kwa tshimong, e nne motlhofo e bile se ile sa re thusa gore re se ka ra tshwanelwa ke go duela lekgetho. Bangwe ba ne ba akanya gore seno se ne se tla dira gore re se ka ra tlhola re nna le dikgatiso le gore re se ka ra rera. Mme seo ga se a ka sa direga. Palo ya batho ba ba ileng ba simolola go direla Jehofa ka 1990 e ile ya oketsega thata e bile gompieno batho ba sa ntse ba kgona go nna le dikgatiso tse di nang le tshedimosetso e e bolokang matshelo ba sa di duelele. Ke ile ka lemoga gore Jehofa ke ene a re nayang maatla le gore o re kaela a dirisa motlhanka yo o botlhale le yo o boikanyego gore diphetogo tse di dirwang mo phuthegong di atlege.​—Ekes. 15:2; Math. 24:45.

Ga re fenye dikgetsi tseno ka gonne re na le babueledi ba ba nang le bokgoni. Gantsi se se dirang gore baatlhodi le balaodi ba puso ba re thuse, ke tsela e batho ba ga Jehofa ba itshwarang ka yone. Ke ile ka bona seo ka 1998 fa maloko a mararo a Setlhopha se se Laolang le basadi ba bone ba ne ba le kwa kopanong e e kgethegileng kwa Cuba. Tsela e ba neng ba itshwere ka yone e ile ya tlhotlheletsa balaodi go dumela gore ga re tseye letlhakore mo dipolotiking, go feta se re ileng ra se bua fa re ne re na le bone.

Mme gone, ka dinako dingwe fa re sa direlwe dilo sentle, re tshwanelwa ke go ya kwa kgotlatshekelo go ‘femela dikgang tse di molemo fa pele ga balaodi gore di rerwe semolao.’ (Bafil. 1:7) Ka sekai, go ile ga feta dingwaga di le dintsi balaodi kwa Europe le kwa South Korea ba sa amogele gore re na le tshwanelo ya go sa ye bosoleng. Seo se ile sa dira gore bakaulengwe ba ka nna 18 000 kwa Europe le ba ba fetang 19 000 kwa South Korea ba tsenngwe mo kgolegelong ka gonne segakolodi sa bone se sa ba letle go ya bosoleng.

Ka di7 tsa July 2011, mo kgetsing ya Bayatyan v. Armenia, ECHR e ile ya letla batho botlhe ba ba nnang kwa dinageng tsa Europe gore ba dire ditiro tsa setšhaba fa ba sa batle go tsenela bosole ka ntlha ya se ba se dumelang. Moragonyana ka di28 tsa June 2018, Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya Korea Borwa e ile ya dira tshwetso e e tshwanang. Fa bakaulengwe ba le mmalwa fela ba ka bo ba sa ikanyega, tshwetso eno e ka bo e sa dirwa.

Lefapha la molao le le kwa ntlokgolo le a a mo diofising tsa makala mo lefatsheng lotlhe, a dira ka natla go femela tshiamelo ya rona ya go obamela Jehofa le ya go rera dikgang tse di molemo. Ke tshiamelo e kgolo go femela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ganediwang ke balaodi. Le fa re ka tswa re sa fenye dikgetsi dingwe, re nna le tshono ya go bolelela babusi, dikgosi le batho ba ditšhaba tse dingwe se re se dumelang. (Math. 10:18) Baatlhodi, baemedi ba puso, ba metswedi ya tshedimosetso le batho botlhe, ba tshwanetse go bala ditemana tse re di kwalang mo makwalong a re a kwalelang kgotlatshekelo le tse re di umakang fa re iphemela kwa kgotlatshekelo. Batho ba ba batlang go itse ka Jehofa ba a lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba ntseng jang le gore se ba se dumelang se tswa mo Baebeleng. Bangwe ba batho bao gone jaanong ke bakaulengwe ba rona.

KE LEBOGA JEHOFA!

Dingwaga di le 40 tse di fetileng, ke ile ka nna le tshiamelo ya go dira mmogo le diofisi tsa makala mo lefatsheng lotlhe ka dikgang tse di amanang le molao, go ya kwa dikgotlatshekelong di le mmalwa le go bua le balaodi ba le bantsi ba ba tlotliwang. Ke rata bakaulengwe ba ke dirang le bone mo Lefapheng la Molao ba ba mo ntlokgolo le ba ba kwa mafapheng a mangwe a molao mo lefatsheng lotlhe. Jehofa o ile a ntshegofatsa fela thata e bile ke itumetse.

Philip le Elizabeth Brumley.

Mo dingwageng di le 45 tse di fetileng, Elizabeth o ntse a nkema nôkeng ka dinako tsotlhe. Se ke se ratang ka ene ke gore o dira jalo le fa gone bolwetse jwa gagwe bo dira gore a felelwe ke maatla.

Mme gone, re lemogile gore ga re fenye ka gonne re na le maatla kgotsa ka gonne re na le bokgoni bongwe. Go ntse fela jaaka Dafide a ile a bua: “Jehofa ke nonofo ya batho ba gagwe.” (Pes. 28:8) Ruri “tlhabano ke ya ga Jehofa.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela