LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w25 October ts. 2-5
  • 1925—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 1925—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BA ILE BA TSHWANELWA KE GO LETA
  • GO AGIWA DI RADIO SETEISHENE TSE DI OKETSEGILENG
  • RE TLHALOGANYA SE RE SE DUMELANG BOTOKA
  • BATHO BA MODIMO BA ITHUTA GORE BA TSHWANETSE GO NNA BASUPI BA GAGWE
  • GO BOELA KWA BATHONG BA BA BONTSHITSENG KGATLHEGO
  • RE LEBILE PELE GO BONA SE SE TLA DIREGANG MO NAKONG E E TLANG
  • 1924—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Itsiseng Kgosi le Bogosi! (1919-1941)
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Rera Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • 1922—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
w25 October ts. 2-5
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba tsaya senepe kwa kopanong e e neng e tshwerwe ka 1925 kwa Indianapolis, kwa Indiana.

Kopano e e neng e tshwaretswe kwa Indianapolis kwa Indiana ka 1925

1925​—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng

MAKASINE wa Tora ya Tebelo wa January 1, 1925 o ile wa re: “Bakeresete ba lebile pele go bona se se tla diregang mo ngwageng ono.” Le fa go ntse jalo, makasine ono o ile wa tswelela ka gore: “Bakeresete ga ba a tshwanela go tshwenyega thata ka se se tla diragalang mo ngwageng ono, ka gonne seo se tla dira gore ba se ka ba tlhoma mogopolo mo tirong e ba e neilweng ke Morena.” Baithuti ba Baebele ba ne ba solofetse gore go tla direga eng ka 1925? Mme ke eng se se ileng sa ba thusa gore ba tswelele ba direla Jehofa le fa gone se ba neng ba se lebeletse se ile sa se ka sa direga?

BA ILE BA TSHWANELWA KE GO LETA

Baithuti ba le bantsi ba Baebele ba ne ba solofetse gore ka 1925 lefatshe le tla nna Paradaise. Goreng? Mokaulengwe Albert Schroeder, yo moragonyana a ileng a direla mo Setlhopheng se se Laolang, o ile a re: “Baithuti ba Baebele ba ne ba akanya gore setlhopha se se setseng sa ba ba 144 000 se ne se tla ya legodimong go nna karolo ya Bogosi Jwa Modimo. Banna ba ba neng ba ikanyega ba ba jaaka Aborahame, Dafide le ba bangwe, ba ne ba tla tsosiwa gore e nne dikgosana mme ba buse lefatshe e le karolo ya bogosi jwa Modimo.” Fa ngwaga o ntse o ya, se ba neng ba se solofetsa ga se a ka sa direga, bangwe ba ne ba swabile nko go feta molomo.​—Diane 13:12.

Le fa gone ba ne ba swabisitswe ke seno, Baithuti ba le bantsi ba Baebele ba ile ba tswelela ba dira tiro ya go rera. Ba ile ba simolola go lemoga gore go rerela batho ka Jehofa ke yone tiro ya botlhokwa e ba neng ba tshwanetse go e dira. Ka sekai, a re bone gore ba ile ba dirisa jang radio go rerela ba le bantsi.

GO AGIWA DI RADIO SETEISHENE TSE DI OKETSEGILENG

E re ka batho ba le bantsi ba ne ba reetsa seteishene sa WBBR ka 1924, ka 1925 Baithuti ba Baebele ba ile ba aga seteishene se sengwe sa radio se se bidiwang WORD gaufi le Chicago, Illinois. Moenjenere mongwe yo ileng a thusa go aga seteishene seo sa radio yo o bidiwang Ralph Leffler, a re maitseboa fa go le tsididi, batho ba ba mo mafelong a a farologaneng ba ne ba reetsa seteishene seo sa radio. Ka sekai, lelapa lengwe le le nnang kwa Pilot Station kwa Alaska, e leng bokgakala jwa kilometara di feta 5 000, ba ne ba reeditse fa go ne go simololwa go gasiwa mo seteisheneng seo. Morago ga thulaganyo, ba ile ba kwalela batho ba ba neng ba bereka kwa seteisheneng ba ba lebogela thulaganyo e e kgothatsang e ba ntseng ba e reeditse.

Ka fa molemeng: Dieriele tsa seteishene sa WORD kwa Batavia, Illinois

Ka fa mojeng: Ralph Leffler a bereka mo seteisheneng sa radio

Makasine wa Tora ya Tebelo wa December 1, 1925 o ne wa tlhalosa lebaka la go bo batho ba le bantsi ba ile ba kgona go reetsa seteishene seno. O ne wa re: “Seteishene sa WORD ke nngwe ya diteishene tse di kgolo mo United States. Batho ba ba kwa Atlantic, Pacific, Cuba le Alaska ba ne ba kgona go se reetsa. Ba ne ba kgatlhegela boammaaruri ka gonne ba ne ba bo utlwile mo seteisheneng seno.”

George Naish

Ka nako eo, gape Baithuti ba Baebele ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go rerela batho dikgang tse di molemo ka radio kwa Canada. Ka 1924 go ile ga agiwa seteishene se radio se se bidiwang CHUC kwa Saskatoon kwa Saskatchewan. Seteishene seno e ne e le nngwe ya diteishene tsa ntlha tse di buang ka bodumedi kwa Canada. Ka 1925, seteishene seo se se nnye se ile sa tlhoka go fudusiwa. Ka jalo, se ile sa tsewa ke Watch Tower Society e bo e se fudusetsa kwa kagong nngwe ya bogologolo e e neng e e rekile le go e baakanya e e bidiwang Regent Building, kwa Saskatoon.

Seteishene seno se ile sa thusa gore batho ba le bantsi ba ba nnang kwa ditoropong tse dinnye le kwa magaeng a a kwa Saskatchewan ba utlwe dikgang tse di molemo lekgetlo la ntlha. Ka sekai, kwa toropong nngwe e e kgakala, mosadi mongwe o ile a kwala lekwalo a kopa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng morago ga gore a reetse seteishene seo. Mokaulengwe George Naish a re, “Tsela e a neng a kopa thuso ka yone e ne e lebega e potlakile. Ka jalo, re ile ra mo romelela dibuka tsotlhe tsa Studies in the Scriptures.” Mo nakong e e sa fediseng pelo mosadi yono o ile a rera dikgang tsa Bogosi, tota le kwa mafelong a a kgakala.

RE TLHALOGANYA SE RE SE DUMELANG BOTOKA

Makasine wa Tora ya Tebelo wa March 1, 1925, o na le setlhogo se se reng “Go Tsalwa ga Setšhaba.” Goreng setlhogo seno se ne se le botlhokwa? Baithuti ba Baebele ba ne ba itse gore Satane o na le mokgatlho wa gagwe e bile o laola madimona, madumedi, dipolotiki le dikgwebo tse di mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o ile a dirisa setlhogo seno go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba itse gore Jehofa le ene o na le mokgatlho wa gagwe, o farologane thata le wa ga Satane e bile o kgatlhanong le one. (Math. 24:45) Mo godimo ga moo, motlhanka o ile a tlhalosa gore Bogosi Jwa Modimo bo simolotse go busa ka 1914 le gore e re ka mo go one ngwaga oo “go ne ga tsoga ntwa kwa legodimong“ seo se ile sa dira gore Satane le madimona a gagwe ba lelekwe kwa legodimong. Mme fa e sa le ka nako eo, ba mo lefatsheng e bile ga ba kgone go boela kwa legodimong.​—Tshen. 12:7-9.

Go ne go le thata gore bangwe ba tlhaloganye tlhaloso eno e ntšha. Ka jalo, setlhogo seno se ile sa re: “Fa go na le babadi ba makasine wa Tora ya Tebelo ba ba sa dumalaneng le se se builweng, go akantshiwa gore ba nne pelotelele e bile ba tshepe Jehofa mme ba tswelele ba mo direla ka boikanyegi.”

Mme gone, mongwe wa barekisi ba dibuka (ba gone jaanong ba bidiwang babulatsela) e leng Tom Eyre wa kwa Britain, o ile a tlhalosa gore Baithuti ba Baebele ba ne ba ikutlwa jang ka setlhogo seno. A re: “Bakaulengwe ba ne ba itumeletse tsela e Tshenolo kgaolo 12 e ileng a tlhalosiwa ka yone. Fa re sena go lemoga gore bogosi bo simolotse go busa kwa legodimong, re ne re swegaswega pelo go bolelela batho ka dikgang tseno tse di molemo. Gape go dirile gore re batle go rera le go feta e bile go re thusitse go bona gore Jehofa o tlile go dira dilo tse di gakgamatsang.”

BATHO BA MODIMO BA ITHUTA GORE BA TSHWANETSE GO NNA BASUPI BA GAGWE

Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba itse mafoko a a mo go Isaia 43:10. Temana eno e a re: “Jehofa a re: ‘Lo basupi ba me, Motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng.’” Le fa go ntse jalo pele ga ngwaga wa 1925, go ne go sa nke go buiwa thata ka temana eno mo dikgatisong tsa rona. Mme seno se ne se tloga se fetoga. Ka 1925, makasine wa Tora ya Tebelo o ile wa bua ka Isaia 43:10 le 12 mo dimakasineng di le 11!

Kwa bowelong jwa August 1925, Baithuti ba Baebele ba ile ba ya kopanong kwa Indianapolis kwa Indiana. Mo molaetseng wa go amogela batho mo thulaganyong ya kopano, Joseph F. Rutherford o ile a re: “Re tlile kopanong eno go nonotshiwa ke Morena gore re boele tshimong re na le . . . maatla e bile re le Basupi ba gagwe.” Mo kopanong ya malatsi a le robedi, batlakopanong ba ile ba kgothalediwa go dirisa tshono nngwe le nngwe e ba e bonang go rerela batho ka Jehofa.

Ka Matlhatso wa di29 tsa August , Mokaulengwe Rutherford o ile a neela puo ya setlhogo se se reng, “Rera ka Tlhagafalo.” Mo puong ya gagwe, o ile a bua ka botlhokwa jwa go rera. O ne a re: “Jehofa o raya batho ba gagwe a re . . . : ‘Lo bashupi ba me . . . mme ke na Modimo.’ Go tswa foo, o naya batho ba gagwe taelo e e utlwalang sentle, a re: ‘Tsholeletsang ditšhaba sesupo.’ Ga gona batho bape mo lefatsheng ba ba ka tsholeletsang ditšhaba sesupo fa e se [batho ba gagwe] ba ba nang le moya wa Morena le ba e leng basupi ba gagwe.”​—Isa. 43:12; 62:10.

Pampitshana e e nang le maitlamo a setlhogo se se reng “Molaetsa wa Tsholofelo.”

Pampitshana ya Molaetsa wa Tsholofelo

Fa Mokaulengwe Rutherford a sena go neela puo, o ile a bala maitlamo a a nang le setlhogo se se reng “Molaetsa wa Tsholofelo.” Batho ba ba neng ba le teng ba ile ba dumalana le maitlamo ao a a neng a re Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo bo tla dirang gore batho ba nne le “masego a kagiso, katlego, botsogo jo bontle, botshelo, kgololesego le boitumelo jwa go ya go ile.” Moragonyana maitlamo ao a ile a ranolelwa mo dipuong tse dingwe a bo a printiwa gore e nne pampitshana. Go ile ga phasaladiwa dikgopi di ka nna dimilione di le 40.

Go ile ga feta dingwaga di le mmalwa Baithuti ba Baebele ba sa fetole leina le ba neng ba bidiwa ka lone go nna Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, ba ne ba simolola go tlhaloganya gore go botlhokwa gore ba rerele batho ka Jehofa.

GO BOELA KWA BATHONG BA BA BONTSHITSENG KGATLHEGO

Fa Baithuti ba Baebele ba ntse ba oketsega mo lefatsheng lotlhe, ba ile ba kgothalediwa gore ba boele kwa bathong ba ba bontshitseng gore ba kgatlhegela molaetsa wa dikgang tse di molemo. Morago ga letsholo la go tsamaisa dipampitshana tsa Molaetsa wa Tsholofelo, Bulletina e ile ya re: “Boelang kwa bathong ba ba neilweng pampitshana ya Molaetsa wa Tsholofelo.”

Bulletin ya January 1925 e ne e na le pego ya moithuti mongwe wa Baebele wa kwa Plano, Texas. O ne a re: “Re gakgamaditswe ke gore fa re boela kwa mafelong a re ileng ra rerela batho kwa go one mo nakong e e fetileng, go nna le matswela a a botoka go gaisa fa re ya go rera kwa mafelong a masha. Re ile ra boela makgetlho a le matlhano kwa toropong e e nnye e e mo tshimong ya rona mo dingwageng di le lesome. . . . Bosheng jaana, Kgaitsadi Hendrix le Mama ba ile ba boela kwa go yone mme ba ile ba naya batho dibuka di le dintsi go feta mo nakong e e fetileng.”

Kwa nageng ya Panama, morekisi mongwe wa dibuka o ile a kwala a re: “Batho ba le bantsi ba ba neng ba se ka ba ntheetsa fa ke ba rerela lekgetlo la ntlha, ba ile ba fetole megopolo fa ke ne ke ba rerela lekgetlo la bobedi kgotsa la boraro. Mo ngwageng ono, ke feditse nako e e ntsi ke boela kwa bathong ba ke ileng ka ba rerela mo ngwageng o o fetileng, e bile bangwe ba bone ba ile ba nna le matswela a a molemo.”

RE LEBILE PELE GO BONA SE SE TLA DIREGANG MO NAKONG E E TLANG

Kwa bowelong jwa 1925, Mokaulengwe Rutherford o ile a kwalela barekisi ba dibuka lekwalo, a ba tlhalosetsa gore tiro ya go rera e tsamaile jang mo ngwageng oo, le gore ba tshwanetse go dira eng mo ngwageng o o latelang. O ile a re: “Mo ngwageng o o fetileng, lo ile lwa nna le tshiamelo ya go kgothatsa batho ba le bantsi ba ba neng ba hutsafetse. Tiro eno e dirile gore lo itumele . . . Ka jalo mo ngwageng ono, lo tla nna le tshono ya go nna basupi ba Modimo le ba bogosi jwa gagwe le go bontsha gore lo baobamedi ba boammaaruri ba Modimo. . . . A re diriseng mantswe a rona go galaletsa Modimo wa rona le Kgosi ya rona.”

Kwa bowelong jwa ngwaga wa 1925, bakaulengwe ba ile ba dira tshwetso ya gore ba oketse kago ya Bethele e e kwa Brooklyn. Ka jalo ka 1926, go ile ga dirwa porojeke e e kgolo go di gaisa tsotlhe tse Basupi ba ga Jehofa ba kileng ba di dira.

Bakaulengwe ba simolola go aga.

Fa go ne go agiwa kwa Adams Street kwa Brooklyn, New York ka 1926

a Gone jaanong e bidiwa Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela