LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w24 October ts. 2-5
  • 1924—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 1924—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BA RERA MO RADIONG
  • BA KGALA BARUTI BA LE PELOKGALE
  • BAITHUTI BA BAEBELE BA RERA KWA DINAGENG TSE DINGWE
  • BAITHUTI BA BAEBELE BA DIRA TIRO E E OKETSEGILENG
  • Itsiseng Kgosi le Bogosi! (1919-1941)
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • 1925—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • 1922—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Go Dira Mmogo le Phuthego E E Tswelelang Pele go Di Feta Tsotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
w24 October ts. 2-5

1924​—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng

BULLETINa ya January 1924 e ne ya re: “Fa ngwaga o simologa, Bakeresete botlhe ba ba kolobeditsweng ba batla ditsela tse dingwe tsa go oketsa tsela e ba direlang Jehofa ka yone.” Ka one ngwaga oo, Baithuti ba Baebele ba ne ba dira sone seo. Ba ile ba nna pelokgale, ba bo ba batla ditsela tse disha tsa go rera.

BA RERA MO RADIONG

Bakaulengwe ba kwa Bethele ba ne ba fetsa ngwaga le dikgwedi ba aga seteishene sa radio sa WBBR kwa Staten Island, kwa New York City. Fa ba sena go rema ditlhare, ba ne ba aga kago e batho ba ba neng ba bereka foo ba neng ba tla nna mo go yone, le e nngwe e go neng go tla tsenngwa didirisiwa mo go yone. Fa tiro eo e fela, bakaulengwe ba ile ba simolola go tsenya dilo tse ba neng ba tla di dirisa fa ba gasa mo radiong.

Go ne go se motlhofo gore bakaulengwe ba pege eriele ya radio mo dikoteng tse pedi. Eriele eo e ne e le boleele jwa dimetara di le 91, mme dikota tseo di ne di le boleele jwa dimetara di le 61. Bakaulengwe ga ba a ka ba atlega kwa tshimologong. Seo se ile sa dira gore ba tshepe Jehofa fela thata. Mokaulengwe Calvin Prosser yo a neng a bereka mo porojekeng eo a re: “Fa re ka bo re ile ra atlega kwa tshimologong, re ka bo re ile ra itlotlomatsa re bo re re, ‘Bona tiro ya diatla tsa rona!’” Bakaulengwe bao ba ile ba leboga Jehofa thata ka gonne a ba thusitse go atlega. Mme gone, mathata a ne a ise a fele.

Re tsenya dikota tse pedi tsa eriele ya WBBR

Go gasa mo radiong go ne go ise go tlwaelege thata, e bile go ne go se motlhofo go reka dilo tse di neng di tlhokega. Mme gone, bakaulengwe ba ile ba reka sedirisiwa sengwe se se neng se setse se dirisitswe. Go na le gore ba reke maekerofounu, ba ne ba dirisa maekerofounu wa founu. Maitseboa mangwe ka February, bakaulengwe ba ile ba lekeletsa sedirisiwa seno se sennye. Ba ne ba tlhoka thulaganyo e ba neng ba ka e gasa, ka jalo ba ile ba opela dipina tsa Bogosi. Mongwe wa bakaulengwe ba ba neng ba le teng e bong Ernest Lowe, a re go ile ga direga sengwe se se tshegisang. Fa ba ntse ba opela, Mokaulengwe Judge Rutherfordb o ile a ba founela. O ne a ba reeditse mo radiong a le kwa Brooklyn e e kilometara di ka nna 25 go tswa kwa seteisheneng seo sa radio.

Mokaulengwe Rutherford o ne a re: “Tlogelang go tlaila, ke utlwa modumo fela o o itayang tsebe!” Bakaulengwe bao ba ile ba tlhabiwa ke ditlhong, ba bo ba emisa thulaganyo eo ka bonako. Mme gone ba ne ba itse gore radio e a bereka le gore ba ka simolola go gasa.

Ka di24 tsa February, 1924, go ile ga gasiwa thulaganyo ya ntlha mo radiong. Mokaulengwe Rutherford o ne a re seteishene seo se ne se tla dirisediwa go dira “tiro e Kgosi ya rona e bong Keresete a ba neileng yone.” O ne a re boikaelelo jwa seteishene seo e ne e le “go thusa batho botlhe go tlhaloganya Baebele, le gore re tshela mo nakong ya botlhokwa thata.”

Ka fa molemeng: Mokaulengwe Rutherford a le kwa setudiong sa rona sa ntlha

Ka fa mojeng: Sedirisiwa se se neng se dirisiwa kwa seteisheneng sa radio

Thulaganyo eo ya ntlha e ile ya atlega. Seteishene sa radio sa WBBR se ile sa dirisiwa ka dingwaga di le 33 go gasa dithulaganyo tsa batho ba ga Jehofa.

BA KGALA BARUTI BA LE PELOKGALE

Ka July 1924, Baithuti ba Baebele ba ile ba nna le kopano kwa Columbus, Ohio. Ba ba neng ba tlile mo kopanong, ba ne ba tswa kwa dinageng tse di farologaneng. Ka jalo, dipuo di ne di neetswe ka Se-Arabia, Seesemane, Se-French, Se-German, Se-Greek, Se-Hungary, Se-Italy, Se-Lithuania, Se-Polish, Se-Russia, Se-Ukraine le dipuo tse di buiwang kwa Scandinavia. Bakaulengwe ba ile ba kopa lekwalodikgang la mo lefelong le kopano e neng e tshwaretswe kwa go lone gore letsatsi le letsatsi ba kwale dintlha dingwe ka kopano.

Kopano e e neng e tshwerwe kwa Columbus, Ohio ka 1924

Ka Labone ka di24 tsa July, bakaulengwe le bokgaitsadi ba feta 5 000, ba ile ba ya tshimong mo lefelong la kopano. Ba ile ba tsamaisa dibuka di ka nna 30 000, e bile ba ile ba simolola dithuto tsa Baebele di le dikete. Makasine wa Tora ya Tebelo o ile wa re “letsatsi leo e ne e le letsatsi le le itumedisang tota.”

Ka Labotlhano ka di25 tsa July, Mokaulengwe Rutherford o ile a neela puo. Mo puong eo, o ile a kgala baruti. O ne a re baeteledipele ba dipolotiki, ba bodumedi le ba kgwebo ba ne ba thibela batho go itse boammaaruri ka Bogosi Jwa Modimo jo Modimo a tlileng go bo dirisa go direla batho dilo tse dintle. O ne a re banna bao ba ne ba le phoso ka gonne ba ne ba tshegetsa Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba, e bile ba ne ba re Modimo o dirisa lone go busa batho. Baithuti ba Baebele ba ne ba tla tshwanelwa ke go nna pelokgale gore ba rere molaetsa oo.

Moragonyana makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa re: “Kopano eo ya kwa Columbus, e ile ya nonotsha tumelo ya bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ba neng ba le matlhagatlhaga. Gape e ile ya ba thusa gore ba tswelele ba rera ba le pelokgale le fa ba bogisiwa.” Leo Claus, yo le ene a neng a le kwa kopanong eo a re: “Morago ga kopano, re ne re lebile pele go rera molaetsa oo o o neng o kgala baruti kwa dinageng tsa rona.”

Pampitshana ya Ecclesiastics Indicted

Ka October, Baithuti ba Baebele ba ne ba simolola go tsamaisa pampitshana ya setlhogo se se reng Ecclesiastics Indicted. Pampitshana eno, e ne e na le molaetsa o Mokaulengwe Rutherford a ileng a o bolelela baruti. Frank Johnson le ba bangwe, ba ile ba ya go rera kwa torotswaneng nngwe kwa Oklahoma, U.S.A. Mokaulengwe Frank Johnson o ile a fetsa tshimo e a neng a e abetswe ka bonako, mme o ne a tshwanelwa ke go leta metsotso e le 20 gore baboledi ba bangwe ba tle go mo tsaya. O ne a ka se eme fela mo a neng a ka lemogiwa motlhofo ka gonne banna ba torotswana eo, ba ne ba galefisitswe ke molaetsa o a neng a o rera e bile ba ne ba mmatla. O ile a dira tshwetso ya gore a iphitlhe mo kerekeng e e neng e le gaufi. Fa a tsena koo, go ne go se na ope, ka jalo o ile a tsenya pampitshana ya Ecclesiastics Indicted mo Baebeleng ya moruti, mme tse dingwe a di baya mo ditulong tsotlhe tse di neng di le mo kerekeng. Fa a sena go dira jalo, o ile a tswa ka bonako. Mme e re ka a ne a sa ntse a tlhoka go emela bakaulengwe gore ba tle go mo tsaya, o ile a ya go dira se se tshwanang kwa dikerekeng tse dingwe tse pedi.

Fa Frank a sena go boela kwa a neng a tshwanetse go emela bakaulengwe ba ba neng ba tlile go mo tsaya gone, o ne a iphitlha kwa morago ga lefelo le go tshelwang peterolo kwa go lone a ntse a lebile gore banna ba ba neng ba mmatla ba kwa kae. Fa banna bao ba tla, ga ba a ka ba mmona. Mme fa ba sena go tsamaya, bakaulengwe ba ba neng ba rera gaufi ba ne ba tla go tsaya Frank ba bo ba tsamaya.

Mokaulengwe mongwe o ne a re: “Fela fa re tswa mo torotswaneng eo, re ile ra feta mo dikerekeng tseo tse tharo. Fa pele ga tsone, go ne go eme batho ba feta 50. Ba bangwe ba ne ba bala dipampitshana, ba bangwe bone ba ne ba di bontsha moruti. Re ile ra lemoga gore re tswile sentle ka nako gore re se ka ra tshwarwa. Re ile ra leboga Jehofa go bo a re sireleditse e bile a re thusitse go anamisa molaetsa oo.”

BAITHUTI BA BAEBELE BA RERA KWA DINAGENG TSE DINGWE

Józef Krett

Baithuti ba Baebele ba ba nnang kwa dinageng tse dingwe le bone ba ne ba rera ba le pelokgale. Kwa France, Mokaulengwe Józef Krett, o ne a rerela batho ba ba neng ba tswa kwa Poland, ba ba neng ba bereka mo meepong. O ile a rulaganya go neela puo ya setlhogo se se reng, “Go Ise go ye Kae, Baswi ba Tla Tsosiwa.” Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba laletsa batho gore ba tle go reetsa puo eo, moruti wa mo lefelong leo o ile a laela batho ba ba neng ba tla kwa kerekeng ya gagwe gore ba se ka ba ya. Mme gone, ga ba a ka ba mo reetsa. Batho ba feta 5 000, go akaretsa le ene moruti yoo, ba ne ba ya go reetsa puo eo. Mokaulengwe Krett o ile a naya moruti yoo tshono ya gore a tlhalose se a se dumelang, mme o ile a gana. Mokaulengwe Krett o ile a naya batho dikgatiso tsotlhe tse a neng a di tshwere ka gonne a lemoga gore ba ne ba batla go itse mo go oketsegileng ka Lefoko la Modimo.​—Amose 8:11.

Claude Brown

Kwa Afrika, Mokaulengwe Claude Brown o ne a rerela batho dikgang tse di molemo kwa Gold Coast e gone jaanong e bidiwang Ghana. Batho ba le bantsi ba ile ba utlwa boammaaruri ka gonne a ne a neela dipuo di le dintsi e bile a ne a naya batho ba le bantsi dikgatiso mo nageng eo. John Blankson yo o neng a ithutela go bereka mo khemising, o ile a reetsa nngwe ya dipuo tse Mokaulengwe Brown a ileng a di neela. Ka yone nako eo, o ile a lemoga gore o bone boammaaruri. A re: “Boammaaruri bo ne bo dira gore ke itumele e bile ke ne ke tlotlela batho ba le bantsi ba ke neng ke tsena sekolo le bone se ke se utlwileng.”

John Blankson

Letsatsi lengwe John o ile a ya kwa kerekeng ya Anglican gore a ye go botsa moruti potso ka thuto ya Tharonngwe. O ne a itse gore thuto eo ga e dumalane le se Baebele e se rutang. Moruti yoo o ile a mo leleka a bo a mo raya a re: “Ga o Mokeresete, o ngwana wa ga Diabolo. Tsamaya!”

Fa John a goroga kwa lapeng, o ile a kwalela moruti yoo lekwalo a mo kopa gore a tle go tlhalosa thuto ya Tharonngwe fa pele ga batho. Moruti yoo o ile a laela John gore a ye kwa ofising ya morutisi yo o neng a ba ruta khemise kwa sekolong. Fa a le koo, morutisi yoo o ile a mmotsa gore a ke ene a kwaletseng moruti lekwalo.

John o ne a re: “Ee Rra, ke nna.”

Morutisi yoo o ile a raya John a re a kwalele moruti lekwalo mme a kope maitshwarelo. Ka jalo, John o ne a kwala a re:

“Rra, morutisi a re ke go kwalele lekwalo ke kope maitshwarelo. Nna ga ke na bothata jwa go dira jalo fa e le gore o tla dumalana gore o ruta dithuto tsa maaka.”

Morutisi o ne a gakgametse tota e bile o ile a botsa John a re: “Blankson, a ke lone lekwalo le o le kwadileng le?”

John o ne a re: “Ee, ke lone.”

Morutisi o ne a re: “O tlile go lelekiwa mo sekolong fa o nyatsa moruti yo puso e mo emang nôkeng.”

John o ne a re: “Rra, . . . a fa o re ruta ga re ke re botsa dipotso?”

Morutisi o ne a re: “Ee, lo a tle lo di botse.”

John o ne a re: “Tota ke se le nna ke se dirileng. Rre yono o ne a ruta Baebele ke bo ke mmotsa potso. Fa a sa kgone go araba potso eo, a ke tshwanetse go ikopela maitshwarelo?”

Blankson ga a a ka a lelekiwa e bile ga a a ka a tshwanela ke go ikopela maitshwarelo.

BAITHUTI BA BAEBELE BA DIRA TIRO E E OKETSEGILENG

Makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa tlhalosa tiro eo jaana: “Re ka bua fela jaaka Dafide fa a ne a re: ‘O tla nnaya maatla gore ke ye tlhabanong.’ (Pes. 18:39) Ngwaga oo o ne o kgothatsa tota ka gonne re ile ra bona kafa Jehofa a ileng a re thusa ka gone mo tirong ya gagwe. Batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ile ba tswelela ba rera dikgang tse di molemo ba itumetse.”

Moragonyana mo go one ngwaga oo, bakaulengwe ba ile ba aga seteishene se sengwe sa radio. Se ile sa agiwa kwa Chicago, U.S.A. Seteishene seno se ne se bidiwa WORD ka gonne go ne go tla rutiwa Lefoko la Modimo mo go sone. Sedirisiwa se se neng se dirisiwa mo seteisheneng seo, se ne sa dira gore batho ba ba kwa kgakala, tota le ba ba kwa Canada ba kgone go utlwa molaetsa.

Ka 1925, Jehofa o ile a thusa bakaulengwe go tlhaloganya Tshenolo kgaolo 12. Ka maswabi, seo se ile sa dira gore bangwe ba tlogele go direla Jehofa. Mme gone, ba le bantsi ba ne ba itumetse ka gonne ba tlhaloganya gore go ne go direga eng kwa legodimong le gore seo se ne se tla ama jang batho ba Modimo mo lefatsheng.

a Gone jaanong e bidiwa Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona.

b Mokaulengwe J. F Rutherford yo o neng a etelela Baithuti ba Baebele pele ka nako eo, o ne a bidiwa Judge Rutherford. Pele a direla kwa Bethele, ka dinako dingwe o ne a tle a bereke e le moatlhodi yo o kgethegileng kwa Eighth Judicial Circuit Court kwa Missouri.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela