‘Nnang Seoposengwe lo Thusiwa ke Moya o o Boitshepo’
MOAPOSETOLOI PAULO o ile a rotloetsa Bakeresete ba kwa Efeso gore ba tswelele ba ‘itshokelana ka lorato, ba dirisana ka kagiso fa ba ntse ba leka go nna seoposengwe ba thusiwa ke moya o o boitshepo.’—Baef. 4:2, 3.
“Moya o o boitshepo” o re thusa gore re nne “seoposengwe” kgotsa gore re tshele mmogo ka kagiso. Le fa go ntse jalo, jaaka Paulo a tlhalositse, re tshwanetse go tsaya matsapa gore re kgone go tshela ka kagiso. Tota e bile, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go dira ka natla gore re nne seoposengwe.
Ka sekai, a re re mongwe o go naya koloi e ntšha. Ke mang yo o tshwanetseng go e tlhokomela? Boammaaruri ke gore, ke maikarabelo a gago gore o e tlhokomele. Ga o ka ke wa pega motho yo o go neileng yone molato fa e ka senyega ka gonne o ne o sa e tlhokomele.
Ka tsela e e tshwanang, re seoposengwe mo phuthegong. Eno ke mpho e Jehofa a re nayang yone. Mme gone, mongwe le mongwe wa rona o na le maikarabelo a go e tlhokomela. Fa re sa utlwane le mokaulengwe kgotsa le kgaitsadi, re tshwanetse go ipotsa go re, ‘A ke dira sotlhe se nka se kgonang go rarabolola bothata gore go nne le kutlwano mo phuthegong?’
LEKANG GO DIRA GORE GO NNE LE KUTLWANO
Jaaka Paulo a tlhalositse, ka dinako dingwe re ka tlhoka go dira ka natla gore re nne seoposengwe. Seo se ka tlhokega segolobogolo fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a re kgopisitse. Mme gone, a ke ka metlha re tshwanetseng go ya kwa mothong yo o re kgopisitseng gore re tlotle ka bothata joo gore go nne le kutlwano? Nnyaa. Ipotse go re, ‘A go ya kwa go ene go tla dira gore go nne le kagiso kgotsa go tla gakatsa dilo?’ Ka dinako dingwe go ka nna botoka gore re tswe mo kgannyeng eo kgotsa re mo itshwarele.—Diane 19:11; Mar. 11:25.
Ipotse go re, ‘A go ya kwa go ene go tla dira gore go nne le kagiso kgotsa go tla gakatsa dilo?’
A re tsweleleng re “itshokelana ka lorato” fela jaaka moaposetoloi Paulo a buile. (Baef. 4:2) Buka nngwe e a re mafoko ano a ka ranolwa e le “re ba amogela jaaka ba ntse.” Seno se raya gore re amogela gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba na le boleo jaaka rona. Ke boammaaruri gore re dira sotlhe se re ka se kgonang go apara “botho jo bosha.” (Baef. 4:23, 24) Mme gone, ga go na ope wa rona yo o ka dirang jalo a sa dire diphoso. (Bar. 3:23) Fa re dumela kgang eo, go tla nna motlhofo gore re itshokelane le gore re itshwarelane. Mme seo se tla dira gore re ‘nne seoposengwe.’
Fa re rarabolola bothata le motho yo o re kgopisitseng kgotsa fa re tlhopha go tswa mo kgannyeng eo, re tla kgona go tswelela re “dirisana ka kagiso.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “dirisana” mo go Baefeso 4:3, le ranotswe e le “mesifa” mo go Bakolosa 2:19. Mesifa e thusa marapo gore a kopane. Ka tsela e e tshwanang, fa re dirisana ka kagiso le bakaulengwe le bokgaitsadi e bile re ba rata, seo se thusa gore re tswelele re atamalane le bone le fa ba re kgopisa.
Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a go kgopisitse, a go utlwisitse botlhoko kgotsa a go sera, o se ka wa nnela go akanya ka dilo tse a di dirileng. (Bakol. 3:12) E re ka rotlhe re dira diphoso, le wena o kile wa dira sengwe se se kgopisitseng mongwe ka nako nngwe. Go nna o gopotse seo, go tla go thusa gore o dire ka natla gore re ‘nne seoposengwe.’