Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng 1913
TORA YA TEBELO ya January 1, 1913 (ka Seesemane) e ne e bontsha tsela e batho ba le bantsi ba neng ba ikutlwa ka yone fa e ne e nopola mokwaladikgang wa Moamerika e bong Herbert Kaufman: “Mafoko a a reng, ‘Ga go kgonege’ a setse a feletswe ke nako . . . Mo e ka nnang sengwe le sengwe se pele se neng se lebega se ka se kgonege, jaanong se a diragala.” Mo masimologong a ngwaga wa 1913, batho ba ne ba na le tsholofelo ka isagwe.
Sengwe se se neng se baka tsholofelo eo ke go gatela pele ga tekenoloji. Ka sekai, kwa United States, Khampani ya Ford Motor e ne ya bula madirelo a masha kwa Highland Park, kwa Michigan. Mo e keteng ka ponyo ya leitlho, ditlhwatlhwa tsa dikoloi di ne tsa fologa ka tsela e e gakgamatsang mo batho ba le dimilionemilione ba neng ba kgona go reka dikoloi. Go tlile jang gore ditlhwatlhwa di fologe jalo? Madirelo ano a masha a ne a na le thulaganyo ya go lomaganya dikarolo tsa dikoloi ka metšhine e e farologaneng e tlhomagane mo madirelong ao. Kgatelopele eno e ne ya dira gore khampani ya Ford e kgone go kopanya mofuta o o neng o ratiwa thata wa koloi ya Model T mo nakong e khutshwane thata go feta pele mme seo se ne sa fokotsa ditshenyegelo.
Batho ba ga Jehofa le bone ba ne ba na le tsholofelo mme e le ka mabaka a mangwe. Baithuti ba Baebele ba ne ba sa bolo go bolela gore 1914 e ne e tla nna ngwaga o o tlhomologileng mo hisitoring ya batho mme ba ne ba solofetse dilo tse dikgolo. Tsela e ba neng ba dira ka matlhagatlhaga ka yone e ne e bontsha gore ba ne ba sa goge dinao fa ngwaga oo o ntse o atamela.
Posokarata: Loeto Lwa ga Pastor Russell Lwa go Ralala Kontinente
Ka June 1913 go ne ga nna le motseletsele wa dikopano o o neng wa simolola ka kopano e kgolo ya letsatsi le le lengwe kwa Kansas City, Missouri, kwa U.S.A. Mo dibekeng tse di latelang tse nnè, terena e e hirilweng e ne ya tsamaisa setlhopha sa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba itumetseng ba feta 200 go ralala bophirima jwa United States le Canada. Kwa kopanong nngwe le nngwe, batho ba e neng e le lekgetlho la ntlha ba tla ba ne ba newa tshono ya go kopa tshedimosetso e e oketsegileng. Ba le diketekete ba ne ba dira jalo mme moragonyana Baithuti ba Baebele ba ne ba ikgolaganya le ba ba kgatlhegang.
Ka 1913 badiri ba kwa ntlokgolo kwa Brooklyn ba ne ba dira “Photo-Drama of Creation.” Eno e ne e le thulaganyo ya diura di le robedi ya mmino le dipuo tsa Baebele tse di rekotilweng tse di neng di tshamekiwa mmogo le diselaete tsa galase ya mebala le difilimi. Baithuti ba Baebele ba ne ba solofetse gore “Photo-Drama” e ne e tla dirisiwa go fitlhelela batho ba ba kgatlhegang ba le dimilionemilione. Le fa ka nako eo go ne go na le baboledi ba ba tlhagafetseng ba dikgang tse di molemo ba le 5 100 fela, ba ne ba bolela gore boikaelelo jwa bone ke gore thulaganyo eno “e bontshiwe gongwe le gongwe ka mo go ka kgonegang ka gone mo lefatsheng.”
Go ne go tla diragalang ka 1914? Batho ba ne ba tla ikutlwa jang ka “Photo-Drama”? Go ne go tla diragalang ka letlhabula, kwa bowelong jwa Metlha ya Baditšhaba? Baithuti ba Baebele ba ne ba lebile pele go bona fa dipotso tseno di arabiwa, ba tlhomamisegile gore Jehofa o tla ba ema nokeng.
Ntwa e Kgolo e e neng e gomagomela lefatshe, e morago e neng ya bidiwa Ntwa ya Lefatshe I, e ne e tla fedisa tsholofelo e batho ba neng ba ntse ba na le yone. Kgatelopele ya tekenoloji e ne e ka se rarabolole mathata a batho. Mo ngwageng o o latelang go ne go tla direga phetogo e kgolo e e neng e tla ama Baithuti ba Baebele—le lefatshe lotlhe.