LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb15 ts. 168-ts. 169 ser. 3
  • O Bone Botshelo jo bo Nang le Bokao

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Bone Botshelo jo bo Nang le Bokao
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba ba Di Gogang Kwa Pele mo go Tsa Kalafi
    Tsogang!—2000
  • Go Tshwenyega mo go Feteletseng ka Bontle
    Tsogang!—2005
  • Re Ile Ra Godisetsa Bana Ba le Robedi mo Kwatlhaong ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go rera Mafoko A A Molemo mo Kgolokweng Yotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
yb15 ts. 168-ts. 169 ser. 3

DOMINICAN REPUBLIC

O Bone Botshelo jo bo Nang le Bokao

José Estévez

  • O TSHOTSWE KA 1968

  • O KOLOBEDITSWE KA 1989

  • DINTLHA KA GA GAGWE Fa José a le mmotlana o ne a fudugela kwa toropong a batlana le botshelo jo bo botoka. O ne a ithuta boammaaruri koo, mme o na le dingwaga di le dintsi a ntse a bontsha gore Bogosi Jwa Modimo bo tla pele mo botshelong jwa gagwe.

Setshwantsho mo go tsebe 168

JOSÉ o ne a na le dingwaga di le 11 fa a fudugela kwa Santo Domingo mme o ne a itshedisa ka go phatsimisa ditlhako, go rekisa dinamune le dinotsididi. O ne a itsege ka bonatla fa a sa ntse a le lekawana. Morago ga dingwaganyana, mogolowe, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa o ne a kopa José gore a mo tlhokomelele ntlo. José o ne a bona buka ya O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise mo tafoleng mme a e bala bosigo jotlhe. O ne a lemoga gore o bone sengwe se se dirang gore botshelo jwa gagwe bo nne le bokao.

Beke e e latelang, José o ne a ya kwa Holong ya Bogosi e e gaufi mme a fitlha a re le ene ke Mosupi wa ga Jehofa. O ne a raya bakaulengwe a re o ithutile gore o tshwanetse go tla dipokanong le go rera dikgang tse di molemo. Gape o ne a re buka ya Tshelela Ruri e mo rutile gore ke dilo dife tse Bakeresete ba sa tshwanelang go di dira mme a ba tlhomamisetsa gore ene ga a dire dilo tseo. Morago ga malatsi a le 15, o ne a nna mmoledi mme a kolobediwa morago ga dikgwedi di le thataro a na le dingwaga di le 21.

Tiro ya ga José e ne e mo kgoreletsa go ya dipokanong, ka jalo o ne a e tlogela mme a bona e e mo duelang kwatara ya madi a a neng a a amogela pele. Tiro eno e ne e mo letla go ya dipokanong le go nna mmulatsela wa ka metlha. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a nyala a bo a nna le bana ba babedi ba basimane mme a patelesega go tlogela bobulatsela.

José o ne a ikemiseditse go ruta bana ba gagwe boammaaruri go tswa boseeng. Ka jalo, fa mosadi wa gagwe Josefina a sa ntse a imile ngwana wa bone wa ntlha e bong Noé, José o ne a rata go mmalela Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele a dumela gore o a mo utlwa. José o ne a setse a baletse Noé buka yotlhe fa a tsholwa. O ne a dira se se tshwanang le ka morwa wa bone wa bobedi e bong, Neftalí.

Fa nako e ntse e tsamaya, José o ne a nna mookamedi mo khampaning nngwe mme a amogela madi a a fetang a tiro ya bobedi go menagane ga lesome. Le fa go ntse jalo, ka 2008, fa bana ba gagwe ba na le dingwaga di le 10 le 13, o ne a simolola go dira tiro e e kwa tlase ga ya go nna mookamedi mme botlhe mo lelapeng ba nna babulatsela ba ka metlha. E re ka a ne a sa tlhole a amogela madi a mantsi, mongwe le mongwe mo lelapeng o ne a tshwanetse go somarela. Kgwedi le kgwedi botlhe ba tshwara palogotlhe ya dithuto tsa Baebele di le 30. Jesu o re tlhomamisetsa gore fa re baya Bogosi kwa pele, Jehofa o tla re segofatsa. (Math. 6:33) José le lelapa la gagwe ba ne ba ikanya tsholofetso eo e bile ba bone Jehofa a diragatsa lefoko la gagwe mo matshelong a bone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela