LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb16 ts. 112-ts. 113 ser. 8
  • Mmulatsela yo o Pelokgale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mmulatsela yo o Pelokgale
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ikanyega mo Modimong ka Dingwaga Tse di Fetang 70
    Tsogang!—2009
  • A go A Kgonega go Ikanyega mo Lefatsheng le le Tletseng Bonweenwee?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Kafa Ba Batlileng Bodumedi jo bo Siameng Ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A Ruri go a Kgonega go Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
yb16 ts. 112-ts. 113 ser. 8

INDONESIA

Mmulatsela yo o Pelokgale

André Elias

  • O TSHOTSWE KA 1915

  • O KOLOBEDITSWE KA 1940

  • DINTLHA KA GA GAGWE Mmulatsela yo o neng a nna a le pelokgale fa a botsolodiwa le fa a tshosediwa.

André Elias

KA NAKO ya Ntwa ya Lefatshe II, Mokaulengwe Elias le mosadi wa gagwe Josephine, ba ne ba botsolodiwa ke badiredipuso kwa Sukabumi, Java Bophirima kwa ntlokgolong ya masole a Bajapane a a tshabegang a Kempeitai. André o ne a botsolodiwa pele. Ba ne ba sa fetse go mo tlhaba ka dipotso. “Basupi ba ga Jehofa ke bomang? A lo kgatlhanong le puso ya Bajapane? A o setlhola?”

André o ne a re: “Re batlhanka ba Modimo Mothatayotlhe e bile ga re a dira sepe se se phoso.” Molaodi o ne a phamola tšhaka a bo a e tsholeletsa kwa godimo.

O ne a re: “Nka go bolaya gone jaanong!” André o ne a baya tlhogo mo tafoleng a bo a rapela mo pelong. Morago ga tidimalo e telele, mongwe o ne a thubega ka setshego. Molaodi o ne a re: “O pelokgale!” Morago ga foo o ne a bitsa Josephine. Fa molaodi a lemoga gore bosupi jwa gagwe bo dumalana le jwa ga André, o ne a re: “Ga lo ditlhola. Tswang fano!”

Morago ga dikgwedinyana, André o ne a latofadiwa ke “bakaulengwe ba maaka” a bo a felela a tsentswe mo kgolegelong. (2 Bakor. 11:26) O ne a fetsa dikgwedi di le mmalwa a ja dijonyana tse a neng a di sela mo moseleng o o tsamaisang metsi a a leswe. Le fa go ntse jalo, baokamedi ba kgolegelo ba ne ba sa kgone go dira gore a se ka a tlhola a ikanyega. Fa Josephine a ne a mo etetse, o ne a mo sebetsa a re: “Se tshwenyege. Go sa kgathalesege gore a ba a mpolaya kgotsa ba a nkgolola, nna ke tla tswelela ke ikanyega mo go Jehofa. Nkampo ka tswa ke le setopo go na le gore ke tswe fano ke tshela mme ke itatotse tumelo.”

Morago ga dikgwedi di le thataro André a le mo kgolegelong o ne a ipuelela kwa Kgotlatshekelokgolo ya Jakarta a bo a gololwa.

Morago ga dingwaga di le 30, puso ya Indonesia e ile ya thibela Basupi gape mme agente ya kgaolo ya kwa Manado, Sulawesi Bokone, e ne ya biletsa André kwa ofising ya gagwe. O ne a mmotsa jaana: “A o a itse gore Basupi ba ga Jehofa ba thibetswe?”

André o ne a re: “Ee.”

Agente e ne ya mmotsa jaana: “A jaanong o tla fetola bodumedi jwa gago?”

André o ne a tlhanola sehuba a bo a se betsa a re: “Lo ka nna lwa kgakgamolola pelo ya me mo mmeleng, mme ga lo ka ke lwa dira gore ke fetole bodumedi jwa me.”

Agente ya kgaolo e ne ya golola André mme ya se ka ya tlhola e mo tshwenya gape.

André o tlhokafetse ka 2000, a na le dingwaga di le 85 le dingwaga di ka nna 60 a tlhagafetse mo tirelong ya bobulatsela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela