Kafa Ba Batlileng Bodumedi jo bo Siameng Ka Gone
BATHO bangwe ba ile ba batla dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa bone tse di malebana le botshelo go tloga fela kwa bongwaneng. Ba ka nna ba bo ba ile ditirelong tsa bodumedi e santse e le bana. Mme lefa go ntse jalo ba le bantsi ba ne ba fitlhela gore dikarabo tse di newang le tsone ditiro tsa kereke di ne di sa ba thuse gore ba itshokele mathata a botshelo.
Ba ka nna ba bolela gore ba santse ba le maloko a bodumedi jwa batsadi ba bone, mme e le gore ba ya ka sewelo fela kwa ditirelong tsa bodumedi. Go ya ka mobishopo mongwe wa Kereke ya Engelane, ga bone ke masalela fela a tumelo. Ba seegetse bodumedi kwa thoko. Ba bangwe bone ba latlhile bodumedi gotlhelele ka gonne ba tenwa ke boitimokanyi jo ba bo bonang mo bathong ba bodumedi. Lefa go ntse jalo, dipotso tsa bone kaga botshelo ga di fele.
Lebaka la go bo Bangwe Ba Belaela Tota
Bontsi jwa batho ba itse gore dikereke di le dintsi di na le makgotla a go thusa batho ba ba senang magae, go abela batlhoki dijo, le go tshegetsa ditiro tsa setso. Mme lefa go ntse jalo mo e batlileng e le malatsi otlhe gape ba utlwa dipego tsa dikgang kaga thubakanyo le tshololo ya madi tse di dirwang ke bodumedi mme e seng fela jo e seng jwa Bokeresete mme le bone ba ba ipitsang gore ke Bakeresete. A go tshwanetse ga gakgamatsa fa ba belaela gore a ditlhopha tse di dirang thubakanyo e e ntseng jalo di mo bodumeding jwa boammaaruri?
Batho ba le bantsi ba ba godisitsweng mo malapeng a bodumedi ba kile ba ne ba akanya gore magae a masiela a a tshegediwang ke dikereke a siame. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana, ba ile ba kgobiwa marapo ke go bona mo mafelong a a farologaneng baruti ba pegwa molato wa go sotla bana ka go tlhakanela dikobo le bone, e le bana bao ba ba neetsweng gore ba ba tlhokomele. Lantlha batho ba ne ba akanya gore baruti ba se kae fela e ne e le bone ba ba molato. Jaanong bangwe ba ipotsa gore a go ka tswa e le gore kereke ka boyone e na le bothata bongwe jo bo masisi.
Ba se kae, ba ba jaaka Eugenia, ka nako nngwe ba ne ba tseneletse thata mo bodumeding jwa bone. Fa a ne a santse a le mmotlana kwa Argentina, e ne e le mongwe wa ba ba neng ba tsaya maeto a go ya go obamela Lekgarebane la Itatí. O ne a nna mo legaeng la baitlami ka dingwaga tse 14 e le moitlami. Go tswa foo o ne a tlogela mme a nna leloko la setlhopha sengwe sa ditšhabatšhaba sa bodumedi le bopolotiki se se neng se rotloetsa gore go nne le diphetogo tse dikgolo ka bofefo mo ditsamaisong tsa loago le ikonomi go dirisiwa mekgwa ya botsuolodi. Ka ntlha ya dilo tse a neng a di bona le tse di neng di mo diragalela, o ne a kgaotsa go tlhola a dumela le go ikanya Modimo. Se a neng a se batla e ne e se bodumedi jo a ka bo tsenang. Tota o ne a batla tsela ya go dira gore bahumanegi ba bone se se ba tshwanetseng—ee, le tsala eo a neng a ka e ikanya.
Ba bangwe ba bona dilo tse di diragalang mo dikerekeng mme ba emetse kgakala le dikereke. Motho mongwe yo o sa dumeleng gore Modimo o teng yo maikutlo a gagwe a neng a gatisiwa ka 1991 mo makasineng wa Sputnik o ne a bolela jaana ka tlhamalalo fela: “Ga ke bone pharologanyo epe ya botlhokwa fa gare ga ditlhamane tsa boheitane le tsa Bokeresete ka ga medimo.” O ne a fa sekai ka go tlhalosa mokoloko o mo go one baruti ba ba neng ba apere diaparo tse ditelele di kgabisitswe ka tlhale ya mmala wa gouta ba neng ba tsamaya ba iketlile ba rwele lekase le na le setopo se se omeleditsweng ka melemo ba raletse mebila ya Moscow. E ne e le setopo sa “Mokeresete wa moitshepi wa Orthodox” se se neng se hudusiwa go tswa kwa museamong se isiwa kwa kerekeng, mme seno se ne sa gopotsa mokwadi ka baperesite le ditopo tse di tshasitsweng tsa kwa Egepeto wa bogologolo. Gape o ne a gakologelwa gore, lefa ba ba neng ba le mo mokolokong wa kwa Moscow ba ne ba dumela “Tharonngwe ya Bokeresete,” Baegepeto le bone ba ne ba obamela medimo e meraro—Osiris, Isis, le Horus.
Mokwadi ene yoo o ne a bua ka kgang ya lorato ya Bokeresete—“Modimo o lorato,” le “rata mongwe ka wena jaaka o ithata”—gore ga e tshwane le sepe sa kwa Egepeto wa boheitane. Mme lefa go ntse jalo o ne a akgela jaana: “Lorato lwa bokaulengwe ga lo a fenya mo lefatsheng, tota le gone mo karolong e e ipitsang gore ke ya Bokeresete.” Mme o ne a tlatsa ka dikakgelo tse di malebana le maungo a a bosula a go ganelela ga kereke mo go nneng le seabe mo dikgannyeng tsa Puso. Se a neng a se bona se ne se sa dire gore a akanye gore dikereke tsa Labokeresete di ne di tshotse se a neng a se batla.
Ka go farologana le ene, bangwe ba bone dikarabo tse di kgotsofatsang mme eseng mo dikerekeng tsa Labokeresete.
O Ne A Ithuta Boammaaruri Kaga Baswi
Magdalena, yo jaanong a nang le dingwaga tse 37, o nna kwa Bulgaria. Fa rratsalaagwe a sena go tlhokafala ka 1991, o ne a kgobega marapo fela thata. O ne a ipotsa jaana gangwe le gape, ‘Baswi ba ya kae? Rratsale o kae?’ O ne a ya kerekeng, mme a rapela a eme fa pele ga setshwantsho kwa gae, mme a se ka a bona dikarabo.
Mme letsatsi lengwe moagelani o ne a mo leletsa mogala a mo laletsa gore a tle kwa legaeng la gagwe. Lekawana lengwe le le neng le ithuta le Basupi ba ga Jehofa le ne le etetse moagelani yono. O ne a reetsa fa lekawana leno le ntse le bua kaga Bogosi jwa Modimo le boikaelelo jwa Gagwe jwa go dira lefatshe paradaise e mo go yone batho ba neng ba tla tshelela ruri ka boitumelo. Mo tafoleng go ne go na le buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Lekawana leno le ne la e dirisa go mmontsha temana ya Bibela ya Moreri 9:5, e e reng: “Bashwi ga ba itse sepè.” O ne a bala mo go oketsegileng mo maitseboeng ao. O ne a utlwa gore baswi ga ba a fetela kwa botshelong jo bongwe kwa legodimong kana kwa diheleng; ga ba itse sepe, fela jaaka e kete ba ithobaletse. O ne a itumelela go amogela taletso ya gore a nne gone kwa pokanong ya phuthego ya lefelo leo ya Basupi ba ga Jehofa. Morago ga pokano o ne a dumela go tshwarelwa thuto ya ka metlha ya Bibela. Fa a sena go bona kafa go rapelwang Jehofa ka gone kwa pokanong, le ene o ne a simolola go rapela Jehofa gore a mo thuse go fenya bokoa jo bo neng bo itsetsepetse mo go ene. Fa thapelo ya gagwe e ne e arabiwa, o ne a itse gore o ne a bone bodumedi jwa boammaaruri.
Ba Ne Ba Bona Botshelo jo bo Botoka
André o ne a goletse mo lelapeng le le tseneletseng thata mo Bokatoliking kwa Belgium mme o ne a ile a direla jaaka motlatsamoruti wa lefelo leo. Lefa go ntse jalo, ka nako yone eo, o ne a bona dilo tse di neng di dira gore a se ka a tlhola a tlotla kereke. Ka ntlha ya seo, o ne a nna Mokatoliki ka leina fela.
O ne a setse a na le dingwaga tse 15 a ntse a tshameka kgwele ya dinao go itshedisa ka yone. Nako nngwe fa setlhopha sa gagwe se ne se tshameka mo kgaisanong ya bommampodi kwa Italy, ba ne ba lalediwa go ya go reetsa mopapa. Loeto lwa gagwe lo ne lo sa kgothatse ka gope semoyeng, mme dithoto tsa mopapa tse di neng di supa khumo ya lefatshe di ne tsa kgopisa André. Dipelaelo tsa gagwe kaga kereke di ne tsa oketsega. Botshelo jwa gagwe ka namana bo ne bo sa itumedise ka gonne a ne a kile a thubegelwa ke lenyalo gabedi. Seemo sa lefatshe se ne se mo kgoba marapo. Ka 1989 o ne a kwala jaana mo tayaring ya gagwe: ‘Dilo tse tsotlhe tsa boeleele tse di diragalang di kaya eng?’ Bodumedi jwa gagwe bo ne bo sa mo fe dikarabo dipe.
Ka 1990, fa André a ne a dira jaaka mokatisi wa kgwele ya dinao kwa Iceland, Iiris, morongwa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a kopana le ene. O ne a amogela dibuka dingwe mme a laletsa morongwa yono gore a mo etele gape. O ne a boa a na le monna wa gagwe, ebong Kjell. Fa kgabagare ba ne ba kgona go nna fa fatshe le go buisana le André, go ne ga bonala sentle gore o ne a kgatlhegela thata go tlhaloganya Bibela. Mosadi wa gagwe, Ásta, le ene o ne a kgatlhega. Mo motshegareng, o ne a na le diura di le tharo tse a neng a sa katise batshameki mo go tsone, mme ba ne ba dira tshwetso ya gore ba dirisetse nako eo go ithuta Bibela. “Ke ikutlwa ke lapologetswe botoka fa ke ithuta Bibela go na le fa ke itapolositse fela,” o ne a rialo. Bibela e ne ya araba dipotso tsa bone kgato ka kgato. Ka iketlo tumelo ya bone mo go Jehofa le mo Bogosing jwa gagwe e ne ya gola. Ditsholofetso tse di molemo tsa Bibela tsa lefatshe le lesha le le nang le kagiso, lefatshe le le senang “dilo tse tsotlhe tsa boeleele tse di diragalang,” e ne ya nna selo sa mmatota mo go bone. André le Ásta jaanong ba abelana le ba bangwe tumelo e ba sa tswang go nna le yone.
Magdalena, André, le Ásta ba ikutlwa ba tlhomamisa gore jaanong ba bone bodumedi jo bo siameng. Eugenia le ene, e ne ya re a sena go leka go rarabolola mathata a lefatshe ka bopolotiki, kgabagare a bona Basupi ba ga Jehofa ba na le bodumedi jo a neng a bona e le jone jo bo siameng. Mme tota ke eng se se bontshang gore a bodumedi ke jo bo siameng? Tsweetswee bala tshedimosetso e e latelang.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Batho ba feta dimilione tse tlhano ba ntse ba thusiwa ke go ithuta Bibela ka metlha le Basupi ba ga Jehofa gore ba kgone go batla dikarabo tse di kgotsofatsang