Bolivia: Go agiwa ga diofisi tsa thanolo tsa Aymara kwa El Alto
Dintlhakgolo tsa ngwaga o o fetileng
FA Isaia 9:7 e bua ka se Modimo a tla se fitlhelelang ka Bogosi jwa gagwe, ya re: “Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tla dira seno.” Ka tsela e e tshwanang, Jesu Keresete e leng Kgosi ya Bogosi joo, o ne a tlhagafalela kobamelo ya boammaaruri ka nako ya bodiredi jotlhe jwa gagwe mo lefatsheng. (Joh. 2:17) Dipego tse di latelang di bontsha kafa Basupi ba ga Jehofa ba etsang tlhagafalo ya ga Jehofa le Jesu ka gone ka go thusa batho go bona lorato lwa Rraabone yo o kwa legodimong.
El salvador: Kopano ya tikologo ya 2015