LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 10/15 ts. 27
  • “Lo Tseye Batho ba Mofuta Oo e Le ba Ba Botlhokwa Thata”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Lo Tseye Batho ba Mofuta Oo e Le ba Ba Botlhokwa Thata”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa ke Eng?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Kafa Setlhopha se se Laolang se Rulagantsweng ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Dirisana Mmogo le Setlhopha se se Laolang Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tiro ya Setlhopha se se Laolang ke Eng Gompieno?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 10/15 ts. 27
Setshwantsho se se sa bonaleng sentle sa pokano ya komiti ya Setlhopha se se Laolang

“Lo Tseye Batho ba Mofuta Oo e Le ba Ba Botlhokwa Thata”

FA E SALE ka 1992, Setlhopha se se Laolang se ile sa naya bagolwane ba ba nang le maitemogelo maikarabelo a go thusa dikomiti tsa sone go dira tiro ya tsone.a (Bona ntlha e e kwa tlase.) Banna bano ba e leng maloko a “dinku tse dingwe” ba thusa Setlhopha se se Laolang fela thata. (Johane 10:16) Ba nna gone ka nako ya fa komiti e ba abetsweng mo go yone e kopana mmogo. Boikarabelo jwa bone ke go thusa ka tshedimosetso e e tlhokegang le go ntsha dikakantsho. Setlhopha se se Laolang ke sone se dirang tshwetso ya makgaolakgang mme go tswa foo bathusi bano ba tlhomamisa gore tshwetso eo e a latelwa. Bakaulengwe bano ba iketleeleditse go dira kabelo epe fela e ba e newang. Ba tsamaya le maloko a Setlhopha se se Laolang go ya kwa dikopanong tse di kgethegileng le tsa boditšhabatšhaba. Gape ba ka abelwa go etela diofisi tsa makala e le baemedi ba ntlokgolo.

Mokaulengwe mongwe yo o ntseng a direla e le mothusi go tloga fa e sale ka 1992 a re: “Fa ke dira tiro e ke e abetsweng, Setlhopha se se Laolang se kgona go tlhoma mogopolo mo dilong tse dingwe tsa botlhokwa thata.” Mokaulengwe yo mongwe yo o nang le dingwaga di le 20 e ntse e le mothusi a re: “Ke tshiamelo e e seng kana ka sepe e ke neng ke sa e lebelela.”

Setlhopha se se Laolang se neile bakaulengwe bano ba ba ikanyegang maikarabelo a mantsi mme se anaanela fela thata tiro ya bone ya bonatla. A re ‘tseyeng batho ba mofuta oo e le ba ba botlhokwa thata.’—Bafilipi 2:29.

a Bona lebokose la setlhogo se se reng “Kafa Setlhopha se se Laolang se Tlhokomelang ka Gone Dilo Tse di Direlwang Bogosi” ya buka ya Bogosi Jwa Modimo bo a Busa! go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le boikarabelo jwa dikomiti tse thataro tsa Setlhopha se se Laolang.

Bathusi ba Dikomiti Tsa Setlhopha se se Laolang

Komiti ya Barulaganyi

  • John Ekrann

  • Robert Wallen

Komiti ya Badiri

  • Gerald Grizzle

  • Patrick LaFranca

  • Daniel Molchan

  • Ralph Walls

Komiti ya Kgatiso

  • Don Adams

  • Robert Butler

  • Harold Corkern

  • Donald Gordon

  • Robert Luccioni

  • Alex Reinmueller

  • David Sinclair

Komiti ya Tirelo

  • Gary Breaux

  • Joel Dellinger

  • Seth Hyatt

  • Christopher Mavor

  • Baltasar Perla, Jr.

  • William Turner, Jr.

  • Robert Wallen

  • Leon Weaver, Jr.

Komiti e e Rutang

  • Ronald Curzan

  • Kenneth Flodin

  • William Malenfant

  • Mark Noumair

  • David Schafer

Komiti ya Bokwadi

  • Robert Ciranko

  • James Mantz

  • Izak Marais

  • Gene Smalley

  • John Wischuk

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela