LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mrt setlhogo 45
  • Russia e Tlhasela Ukraine

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Russia e Tlhasela Ukraine
  • Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go ya ka Baebele, ditiragalo tse di jaaka tseno di kaya eng?
  • Ke eng fa o ka solofela gore dilo di tla siama mo nakong e e tlang?
  • “Kgosi ya Bokone” ke Mang Gompieno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Madumedi a Tshegetsa Ntwa Kwa Ukraine—Baebele e a Reng ka Gone?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • ‘Baikepi ga ba na Kagiso Epè’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ntwa ya Russia le Ukraine ga e Ise e Fele—Baebele e re Naya Tsholofelo Efe?
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ditlhogo Tse Dingwe
mrt setlhogo 45
Mmapa wa Ukraine le dinaga tse di gaufi.

NNANG LO DISITSE!

Russia e Tlhasela Ukraine

Mo mosong wa di24 tsa February 2022, masole a Russia a ile a tlhasela Ukraine, le fa gone baeteledipele ba dinaga di le dintsi ba ile ba leka sotlhe se ba ka se kgonang gore seno se se ka sa direga. Ntwa eno e ka nna ya ama lefatshe lotlhe jang? Mokwaledi wa United Nations e bong António Guterres o ile a re: “Ntwa eno e tlile go baka mathata le tshenyo e e seng kana ka sepe, mo godimo ga moo, e tlile go ama tshireletsego ya dinaga di le dintsi tsa Yuropa le dinaga tse dingwe lefatshe ka bophara.”

Go ya ka Baebele, ditiragalo tse di jaaka tseno di kaya eng?

  • Jesu Keresete o ile a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo, “setšhaba se tla tlhasela setšhaba se sengwe le bogosi bo tla tlhasela bogosi jo bongwe.” (Mathaio 24:7) Bala setlhogo se se reng “Sesupo sa ‘Metlha ya Bofelo’ Kgotsa sa ‘Bokhutlo’ ke Eng?” go bona kafa Baebele e bontshang ka gone gore dintwa tsa mo motlheng ono di diragatsa boporofeti jwa ga Jesu.

  • Buka ya Baebele ya Tshenolo e tshwantsha dintwa le mopalami wa pitse e e “bohibidu jwa molelo.” Mopalami yono o “tlosa kagiso mo lefatsheng.” (Tshenolo 6:4) Bala setlhogo se se reng “Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?” go bona kafa dintwa tsa mo motlheng ono di diragatsang boporofeti jono ka gone.

  • Buka ya Daniele e ile ya bolelela pele gore “kgosi ya bokone” e tla lwantshana le “kgosi ya borwa.” (Daniele 11:25-45) Go bona gore ke eng fa re ka re Russia le dinaga tse di e tshegetsang ke kgosi ya bokone,a leba bidio e e reng Boporofeti jo bo Diragaditsweng Jo bo Mo go Daniele Kgaolo 11.

  • Gape buka ya Tshenolo e bua ka “[ntwa] ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” (Tshenolo 16:14, 16) Le fa go ntse jalo, mo temaneng eno ga go buiwe ka dintwa magareng ga ditšhaba, tse re bonang di lowa gompieno. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ntwa eno, bala setlhogo se se reng “Ntwa ya Haramagedona ke Eng?”

Ke eng fa o ka solofela gore dilo di tla siama mo nakong e e tlang?

  • Baebele ya re Modimo o tla “fedisa dintwa mo lefatsheng lotlhe.” (Pesalema 46:9) Go bona gore Modimo o solofetsa gore o tla re direla eng mo nakong e e tlang, bala setlhogo se se reng “A Real Hope for a Better Tomorrow” ka Seesemane.

  • Jesu o ile a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapelele Bogosi Jwa Modimo. (Mathaio 6:9, 10) Bogosi joo ke puso ya kwa legodimong e e tla dirang gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng, mme thato ya Modimo ke gore go nne le kagiso mo lefatsheng lotlhe. Go bona gore Bogosi joo bo ka go tswela mosola jang, leba bidio e e reng Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Go na le Basupi ba ga Jehofa ba feta 129 000 kwa Ukraine. Fela jaaka Basupi ba mo dinageng tse dingwe, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Ukraine le bone ba etsa Jesu ka go sa tseye letlhakore mo dipolotiking le ka go sa nne le seabe sepe mo ntweng. (Johane 18:36) Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba bolelela batho ‘Dikgang tse di molemo tsa Bogosi’ le gore Bogosi joo ke jone fela bo tla rarabololang mathata a batho, go akaretsa le dintwa. (Mathaio 24:14) Re kopa o ikgolaganye le rona gore o ithute mo go oketsegileng ka molaetsa wa tsholofelo o o mo Baebeleng.

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka boporofeti jono, bala setlhogo se se reng “‘Kgosi ya Bokone’ mo Metlheng ya Bofelo” le se se reng “‘Kgosi ya Bokone’ ke Mang Gompieno?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela