alfa27/stock.adobe.com
Jesu o Tla Fedisa Bokebekwa
Jesu o a itse gore go ntse jang go boga ka ntlha ya bokebekwa le tshiamololo. O ile a latofadiwa ka maaka, a itewa, a sekisiwa, a tshwarwa, a bo a bolawa setlhogo. Le fa gone a sa dira sepe se se phoso, o ile a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo “go rekolola ba le bantsi.” (Mathaio 20:28; Johane 15:13) E re ka Jesu e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, go ise go ye kae o tla dira gore go nne le tshiamiso mo lefatsheng lotlhe, gape o tla fedisa bokebekwa.—Isaia 42:3.
Baebele e tlhalosa gore lefatshe le tla nna jang fa Jesu a sena go tsaya kgato:
“Batho ba ba bosula ba tla bo ba sa tlhole ba le teng; o tla sekaseka kwa ba neng ba le gone, mme ba tla bo ba seyo. Le fa go ntse jalo, ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, mme ba tla tshela ka boitumelo go rena kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.
Re ka bontsha jang gore re lebogela se Jesu a re diretseng sone le se a tla re direlang sone? Sengwe se re ka se dirang ke go ithuta mo go oketsegileng ka “dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo,” e leng molaetsa o Jesu a neng a o rera. (Luke 4:43) Bala setlhogo se se reng, “Bogosi Jwa Modimo ke Eng?”