Tlhakatlhakano ya Dipolotiki e e Diragatsang Boporofeti Jwa Baebele
Batho ga ba utlwane fa go tliwa mo dikganyeng tsa sepolotiki. Ga ba dumalane ka melao e e ba amang mme ba ntsha maikutlo a bone ka seo ba shakgetse. Gantsi mo pusong, boradipolotiki le batho ba bangwe ba ba nang le taolo le bone ga ba dumalane, mme ga go na bape ba ba iketleeleditseng go amogela dikgopolo tsa ba bangwe. Dikgogakgogano tseno di baka tlhakatlhakano mo go tsa sepolotiki mme seno se ka dira gore go nne thata gore puso e dire tiro e e tshwanetseng go e dira.
Se se diragalang mo go tsa sepolotiki kwa United States le Britain (e gape e bidiwang United Kingdom) se botlhokwa thata. Goreng re rialo? Ka gonne Baebele e ile ya bolelela pele gore go tla nna le tlhakatlhakano eno mo dinageng tseno tse pedi, mme ka nako eo puso ya Modimo e tla tsenelela, e bo e fetola maemo a a mo lefatsheng.
Tlhakatlhakano ya dipolotiki mo “bokhutlong jwa metlha”
Baebele e na le boporofeti jo bo kgatlhang tota mo lekwalong la Daniele. Mo boporofeting joo, Modimo o senola “se se tla diragalang kwa bokhutlong jwa metlha.” Fa Daniele a kwala mafoko ano, o ne a bua ka se se neng se tla direga mo nakong e e tlang, fa go tla bo go na le diphetogo tse di botlhokwa thata mo hisitoring ya batho.—Daniele 2:28.
Modimo o ile a dira gore kgosi ya Babelona e lore ka boporofeti jono jwa Baebele. Mo torong eo, kgosi e ile ya bona setshwantsho se segolo se se dirilweng ka dimetale tse di farologaneng. Moragonyana, moporofeti Daniele o ile a tlhalosa setshwantsho seo go tloga fela kwa tlhogong go fitlha kwa dinaong tsa sone. Setshwantsho seo se ne se emela dipuso tse di maatla tsa lefatshe tse di neng di tla busa le go phutlhama go ralala hisitori.a Setshwantsho seno se ne se tla senngwa gotlhelele morago ga go thubaganngwa ke leje le le emelang puso kgotsa Bogosi Jwa Modimo.—Daniele 2:36-45.
Go ya ka boporofeti joo, dipuso tsa batho di ne di se kitla di tlhola di busa gape mme go ne go tla busa Bogosi Jwa Modimo. Bogosi jono ke jone jo Jesu a neng a ruta balatedi ba gagwe go bo rapelela fa a ne a re: “A Bogosi jwa gago bo tle.”—Mathaio 6:10.
Boporofeti jo bo buang ka tlhakatlhakano e e mo go tsa sepolotiki bo fitlhelwa kae mo Baebeleng? Fa Baebele e bua ka dinao tsa setshwantsho seno e a re, “karolo nngwe ya dinao tsa sone e ne e le tshipi mme karolo e nngwe e le letsopa.” (Daniele 2:33) Karolo eo ya setshwantsho e ne e sa tshwane le tse dingwe. Ka tsela efe? Dikarolo tse dingwe tsa setshwantsho seo di ne di dirilwe ka metale o o sa kopanngwang le sepe, ka jalo seno se dira gore mmusomogolo ono o se ka wa tshwana le e mengwe. Jang? Boporofeti jwa ga Daniele bo tlhalosa jaana:
Go ya ka boporofeti jono, go ne go tla nna le tlhakatlhakano mo mmusomogolong ono o o emelwang ke dinao. Batho ba ba busiwang ke mmusomogolo oo, ke bone ba ba neng ba tla o koafatsa.
Boporofeti jwa ga Daniele bo a diragadiwa
Dinao tsa setshwantsho seno di emela mmusomogolo wa lefatshe lotlhe gompieno, e leng kgolagano magareng ga United States le Britain. Dilo tse di diragalang di bontsha seo jang?
Mo setshwantshong seno “karolo e nngwe ya dinao tseo e ne e le tshipi mme karolo e nngwe e le letsopa.” Go kopanngwa ga dilo tseno ke gone go dirang gore dinao tseo di nne bokoa. (Daniele 2:42) Maatla a mmusomogolo wa United States le Britain a koafadiwa ke babusiwa ba dinaga tseo. Ka sekai, baagi ba dinaga tseno ka bobedi ba na le dikgotlhang tsa bana ba mpa. Sengwe gape ke gore batho ba dirisa dikgoka fa ba lwela ditshwanelo tsa bone. Mo godimo ga moo, gantsi baeteledipele ba ba tlhophilweng ba palelwa ke go dumalana. Dipuso tseo ka bobedi ga di kgone go dira dilo tse di batlang go di dira ka gonne baagi ga ba dumalane.
Boemo jono bo boleletswe pele mo go Daniele kgaolo 2
A re ithuteng mo go oketsegileng ka bokao jwa boporofeti jwa ga Daniele le gore bo tla diragadiwa jang gompieno:
Boporofeti: “Bogosi joo bo tla bo bo kgaogane, mme karolo e nngwe ya bogosi jono e tla nna thata jaaka tshipi.”—Daniele 2:41.
Se bo se kayang: Le fa United States le Britain di na le dikgaogano tsa sepolotiki, di tswelela di na le sesole se se nonofileng. Ka gonne ba le thata jaaka tshipi, ba kgona go dira dilo tse di amang lefatshe lotlhe.
Go diragadiwa
Ka 2023, United States le United Kingdom di kopane, di dirisitse madi a mantsi mo sesoleng go feta a a dirisitsweng ke dinaga tse dingwe tse 12 tse di dirisang madi a mantsi mo sesoleng di kopane.—Stockholm International Peace Research Institute.
“Sesole sa UK-US se na le botsala jo bo nonofileng . . . go gaisa sesole sa dinaga dipe fela. . . . Re bereka mmogo, re a tshegetsana, re lwa re le mmogo.”—Strategic Command, U.K. Ministry of Defence, April 2024.
Boporofeti: “E re ka karolo e nngwe ya menwana ya dinao tseo e ne e le tshipi mme karolo e nngwe e le letsopa, ka jalo karolo e nngwe ya bogosi joo e tla bo e nonofile mme karolo e nngwe e tla bo e le bokoa.”—Daniele 2:42.
Se bo se kayang: Le fa gone sesole sa United States le Britain se nonofile, dinaga tseno ga di na taolo e e feletseng ka ntlha ya puso ya tsone e e theilweng mo ditshwanelong tsa batho. Fa batho ba sa dumalane le tshwetso nngwe e puso e batlang go e tsaya, go nna thata gore puso e dire se e se batlang.
Go diragadiwa
“Baitse bangwe ba tsa dipolotiki ba bontsha gore dikgaogano tse di mo pusong ya America [United States] di dira gore go nne thata gore naga eo e dire se e se solofeditseng dinaga tse dingwe mo go tsa sesole, tsa kgwebo le tse dingwe.”—“The Wall Street Journal.”
“Go tlhakatlhakana ga dipolotiki mo go neng go sa solofelwa, go kgoreleditse puso [ya Britain] gore e dire se e neng e solofeditse gore e tla se direla batho.”—Institute for Government.
Boporofeti: “Dikarolo tsa bogosi joo di tla tlhakana le batho, le fa go ntse jalo ga di kitla di ngaparagana.”—Daniele 2:43.
Se bo se kayang: Le fa gone batho ba ba tlwaelegileng ba na le seabe sengwe mo pusong, batho ba bangwe le balaodi ga ba kgotsofalele diphelelo tsa ditshwetso tse di dirwang.
Go diragadiwa
“Gompieno, baagi ba bantsi ba kwa America ga ba lebe dipolotiki le baeteledipele ba dipolotiki sentle.”—Pew Research Center.
“Batho ba kwa Britain ga ba tlhole ba tshepa baeteledipele ba dipolotiki le puso jaaka ba ne ba di tshepa mo dingwageng tse 50 tse di fetileng.”—“National Centre for Social Research.”
Boporofeti jwa ga Daniele bo tla diragadiwa jang mo nakong e e tlang?
Go ya ka boporofeti jwa ga Daniele, mmusomogolo wa United States le Britain e tla bo e le one o busang fa Bogosi jwa Modimo bo tla bo bo tlosa dipuso tsa batho.—Daniele 2:44.
Boporofeti jo bo tshwanang le jono jo bo mo go Tshenolo, bo bontsha gore ‘dikgosi tse di mo lefatsheng lotlhe’ di tla phuthelwa “kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,” go ya go lwantshana le Jehofab Modimo mo ntweng ya Aramagedona. (Tshenolo 16:14, 16; 19:19-21) Mo ntweng eno, Jehofa o tla fedisa dipuso tsotlhe tsa batho, fa a dira jalo o tla bo a nyeletsa mebusomegolo ya lefatshe lotlhe e e emelwang ke setshwantsho sa boporofeti jwa ga Daniele.
Go ithuta mo go oketsegileng bona setlhogo se se reng, “Ntwa ya Haramagedona ke Eng?”
Boporofeti jwa ga Daniele jo bo buang ka tlhakatlhakano ya sepolotiki bo ka go thusa jang?
Baebele e sa le e boleletse pele ka go tlhakatlhakana ga dipolotiki kwa United States le Britain, mme go ithuta ka boporofeti jono go tla go thusa go leba dilo ka tsela e e farologaneng.
O tla tlhaloganya gore goreng Jesu a ne a batla gore balatedi ba gagwe ba se ka ba nna karolo ya dipolotiki tsa lefatshe leno. (Johane 17:16) Gape o tla tlhaloganya gore goreng Jesu, yo Modimo a mo tlhophileng go nna kgosi ya Bogosi jwa gagwe a ne a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.”—Johane 18:36.
O tla itumedisiwa ke go itse gore mo nakong e e sa fediseng pelo, Bogosi Jwa Modimo bo tlile go tsaya kgato le go tlisetsa batho masego a a itumedisang fela jaaka Modimo a solofeditse.—Tshenolo 21:3, 4.
O tla nna le tsholofelo ka bokamoso e bile o ka se tlhole o tshwenyega ka gore dikgotlhang tsa ditšhaba di tla senya lefatshe.—Pesalema 37:11, 29.
Boporofeti jwa ga Daniele bo bontsha gore kgolagano ya United States le Britain, e e emelwang ke dinao mo setshwantshong, e tla nna one mmusomogolo wa bofelo wa batho. Morago ga moo, go tla latela Bogosi Jwa Modimo e leng puso e e siameng e e tla bong e busa go tswa kwa legodimong!
Go ithuta mo go oketsegileng ka se Bogosi Jwa Modimo bo tla se direlang batho, leba bidio e e reng Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
a Bona lebokoso le le reng “Boporofeti Jwa ga Daniele bo Ile Jwa Tlhalosa Mebusomegolo Efe?”
b Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bona setlhogo se se reng “Jehofa ke Mang?”