LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 22
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Itse Nnete ka Bogosi Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Go Ise go Ye Kae go Tla Nna le Lefatshe la Paradaise!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Bogosi Jwa Modimo
    Tsogang!—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 22
Jesu Keresete a tlhomilwe go nna kgosi ya Bogosi jwa Modimo

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Karabo ya Baebele

Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota e e tlhomilweng ke Jehofa Modimo. Gape “bogosi jwa Modimo” bo bidiwa “bogosi jwa legodimo” mo Baebeleng ka gonne bo busa bo le kwa legodimong. (Mareko 1:14, 15; Mathaio 4:17, King James Version) Bo tshwana ka dilo tse dintsi le dipuso tsa batho, mme ke jwa maemo a a kwa godimo go di feta ka sengwe le sengwe.

  • Babusi. Modimo o tlhomile Jesu Keresete go nna Kgosi ya Bogosi mme o mo neile taolo e e fetang e mmusi ope a ka nnang le yone. (Mathaio 28:18) Jesu o dirisa maatla a gagwe go dira se se molemo fela ka gonne o setse a itshupile e le Moeteledipele yo o ikanyegang le yo o pelotlhomogi. (Mathaio 4:23; Mareko 1:40, 41; 6:31-34; Luke 7:11-17) A kaelwa ke Modimo, Jesu o tlhophile batho mo ditšhabeng tsotlhe gore ba ‘buse lefatshe e le dikgosi’ ba na le ene kwa legodimong.​—Tshenolo 5:9, 10.

  • Lobaka. Bogosi jwa Modimo bo ka se tshwane le dipuso tsa batho tse di sa nneleng ruri ka gonne ‘ga bo kitla bo senngwa le ka motlha.’​—Daniele 2:44.

  • Babusiwa. Mongwe le mongwe yo o dirang se Modimo a batlang re se dira a ka nna mmusiwa wa Bogosi jwa Modimo, go sa kgathalesege gore ke wa losika lofe kgotsa gore o tsholetswe kae.​—Ditiro 10:34, 35.

  • Melao. Melao ya Bogosi jwa Modimo ga e thibele fela boitshwaro jo bo phoso. Gape e dira gore babusiwa ba jone ba nne le maitsholo a a botoka. Ka sekai, Baebele ya re: “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha. Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’” (Mathaio 22:37-39) Go rata Modimo le baagelani go tlhotlheletsa babusiwa ba Bogosi go dira dilo tse di solegelang ba bangwe molemo.

  • Thuto. Bogosi jwa Modimo bo beela babusiwa ba jone ditekanyetso tsa maemo a a kwa godimo mme gape di ruta batho gore ba ka di fitlhelela jang.​—Isaia 48:17, 18.

  • Boikaelelo. Bogosi jwa Modimo ga bo humise babusiwa ba jone ka go tshedisa babusiwa ba jone botlhoko. Go na le moo, bo tla diragatsa thato ya Modimo, go akaretsa tsholofetso ya gore ba ba mo ratang ba tla tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.​—Isaia 35:1, 5, 6; Mathaio 6:10; Tshenolo 21:1-4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela