LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwfq setlhogo 11
  • A Basupi ba ga Jehofa ke Lekoko le le Simologang Kwa Amerika?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Basupi ba ga Jehofa ke Lekoko le le Simologang Kwa Amerika?
  • Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bakeresete le Setšhaba sa Batho Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Basupi ba ga Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Dipotso Tse di Bodiwang Gangwe le Gape
    Tsogang!—2010
  • A Basupi ba ga Jehofa Ke Lekoko Le Le Belaetsang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
ijwfq setlhogo 11
Setlhopha sa batho ba ba itumetseng ba dinaga tse di farologaneng

A Basupi ba ga Jehofa ke Lekoko le le Simologang Kwa Amerika?

Ntlokgolo ya rona e kwa United States of America. Mme gone, ga re lekoko le le simologang kwa Amerika ka ntlha ya mabaka a a latelang:

  • Bangwe ba tlhalosa lekoko e le setlhopha se se duleng mo bodumeding bongwe jo bogolo. Basupi ba ga Jehofa ga ba tswe mo bodumeding bongwe. Go na le moo, re itsaya re le setlhopha se se buseditseng tsela ya Bokeresete jo bo neng bo le gone mo lekgolong la ntlha la dingwaga.

  • Basupi ba ga Jehofa ba tlhagafetse mo bodireding jwa bone mo dinageng di fetsa 230. Go sa kgathalasege gore re mo nageng efe, re tshegetsa fela bolaodi jwa ga Jehofa Modimo le jwa ga Jesu Keresete, e seng jwa puso ya United States kgotsa jwa puso epe fela ya batho.—Johane 15:19; 17:15, 16.

  • Dithuto tsotlhe tsa rona di theilwe mo Baebeleng, e seng mo mekwalong ya moeteledipele mongwe wa bodumedi wa kwa United States.—1 Bathesalonika 2:13.

  • Re balatedi ba ga Jesu Keresete, e seng ba moeteledipele mongwe wa motho.—Mathaio 23:8-10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela