LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 34
  • A Modimo o Tla Araba Dithapelo Tsa Me?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo o Tla Araba Dithapelo Tsa Me?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Malebana le Dithapelo Tse Modimo a di Utlwang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 34

A Modimo o Tla Araba Dithapelo Tsa Me?

Karabo ya Baebele

Ee, o tla di araba. Baebele le dilo tse di diragetseng di bontsha gore Modimo o araba dithapelo. Baebele ya re: “[Modimo] o tla diragatsa keletso ya ba ba mmoifang, e bile o tla utlwa go goa ga bone ba kopa thuso, mme o tla ba boloka.” (Pesalema 145:19) Le fa go ntse jalo, gore a Modimo o tla go araba fa o rapela, go ikaegile thata ka gore o rapela jang.

Se Modimo a se tsayang se le botlhokwa

  • Go rapela Modimo e seng Jesu, Marea, baitshepi, baengele kgotsa ditshwantsho. Jehofa Modimo ke ene fela “Moutlwi wa thapelo.”​—Pesalema 65:2.

  • Go rapelela dilo tse di dumalanang le thato ya Modimo kgotsa tse a di amogelang jaaka di tlhalosiwa mo Baebeleng.​—1 Johane 5:14.

  • Go rapela mo leineng la ga Jesu, go bontsha gore re tlotla bolaodi jwa gagwe. Jesu o ne a re: “Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.”​—Johane 14:6.

  • Go rapela re se na dipelaelo re kopa tumelo e e oketsegileng fa go tlhokega.​—Mathaio 21:22; Luke 17:5.

  • Go ikokobetsa le go nna peloephepa. Baebele ya re: “Jehofa o kwa godimo, mme le fa go ntse jalo o bona yo o ikokobeditseng.”​—Pesalema 138:6.

  • Go rapela re sa kgaotse. Jesu o ne a re: “Nnang lo kope, mme lo tla newa.”​—Luke 11:9.

Se se seng botlhokwa mo Modimong

  • Lotso lwa gago kgotsa setšhaba se o tswang mo go sone. “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”​—Ditiro 10:34, 35.

  • Tsela e o tshwanetseng go ema ka yone fa o rapela. O ka rapela Modimo o ntse fa fatshe, o obile tlhogo, o khubame kgotsa o eme.​—1 Ditiragalo 17:16; Nehemia 8:6; Daniele 6:10; Mareko 11:25.

  • Gore a o rapelela kwa godimo kgotsa ka tidimalo. Tota le dithapelo tse di dirwang ka tidimalo batho ba bangwe ba sa lemoge, Modimo o a di araba.​—Nehemia 2:1-6.

  • Gore a o na le mathata a magolo kgotsa a a sa reng sepe. Modimo o go kgothaletsa gore o ‘latlhele tlhobaelo yotlhe ya gago mo go ene, ka gonne o a go kgathalela.’​—1 Petere 5:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela