LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 53
  • Go Direga Eng fa o Swa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Direga Eng fa o Swa?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Dibopiwa tsa Moya Tse Di Iseng Di Ko Di Tshele Ebile Di Ise Di Ko Di Swele mo Lefatsheng
    Meya ya Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A E A Tshela?
  • Go Diragala Eng fa re Swa?
    Tsogang!—2007
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Potso 2: Go Tla Direga Eng ka Nna fa ke Swa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 53

Go Direga Eng fa o Swa?

Karabo ya Baebele

Baebele ya re: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5; Pesalema 146:4) Ka jalo, fa re swa, ga re tlhole re le teng. Baswi ga ba kgone go akanya, go dira kgotsa go utlwa sepe.

“O tla boela mo loroleng”

Modimo o ne a tlhalosa gore go direga eng fa re swa fa a ne a bua le motho wa ntlha e bong Adame. E re ka Adame a ile a se ka a ikobela Modimo, Modimo o ne a mo raya a re: “O lorole mme o tla boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) Pele ga Modimo a bopa Adame “ka lorole lo lo tswang mo mmung,” Adame o ne a seyo. (Genesise 2:7) Ka tsela e e tshwanang, fa Adame a ne a swa, o ne a boela mo loroleng mme a se tlhole a nna teng.

Go direga se se tshwanang ka batho ba ba swang gompieno. Fa Baebele e bua ka batho le diphologolo ya re: “Tsotlhe di nnile gone di tswa mo loroleng, mme tsotlhe di boela mo loroleng.”​—Moreri 3:19, 20.

Loso ga se bokhutlo jwa sengwe le sengwe

Gantsi Baebele e tshwantsha loso le boroko. (Pesalema 13:3; Johane 11:11-14; Ditiro 7:60) Motho yo o robetseng boroko jo bogolo ga a utlwe sepe se se diregang gaufi le ene. Ka tsela e e tshwanang, baswi ga ba utlwe sepe gotlhelele. Le fa go ntse jalo, Baebele e ruta gore Modimo a ka kgona go tsosa baswi jaaka e kete o ba tsosa mo borokong mme a ba neye botshelo gape. (Jobe 14:13-15) Loso ga se bokhutlo jwa sengwe le sengwe mo bathong ba Modimo a tla ba tsosang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela