LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 56
  • A Diabolo a ka Laola Batho?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Diabolo a ka Laola Batho?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Diabolo ke Mang Kgotsa ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Ganetsang Satane, Mme o Tla lo Tshaba!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • A Tota o Dumela Gore Diabolo o Teng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • A Tota Diabolo o Teng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 56

A Diabolo a ka Laola Batho?

Karabo ya Baebele

Diabolo le madimona ba tlhotlheletsa batho thata jaana mo Baebele e reng: “Yo o Boikepo o laola lefatshe lotlhe.” (1 Johane 5:19, New Century Version) Baebele e bontsha ditsela tse Diabolo a tlhotlheletsang batho ka tsone.

  • Go tsietsa. Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba “lwantshe maano a a bosula a ga Diabolo.” (Baefeso 6:11, NCV) Lengwe la maano a gagwe ke go tsietsa batho gore ba dumele gore batho ba ba mo direlang ke batlhanka ba Modimo.​—2 Bakorintha 11:13-15.

  • Tirisano le meya. Diabolo o timetsa batho a dirisa batho ba ba buang le meya, ba ba bolelelang isagwe pele le ba ba dirisang boitseanape kgotsa go lepa dinaledi. (Duteronome 18:10-12) Go dirisa diokobatsi, go tseanya le mekgwa e e dirisiwang ya go tlhatlhanya e go tsewang gore e dira gore motho a se ka a akanya ka sepe fela le yone e dira gore motho a laolwe ke madimona.​—Luke 11:24-26.

  • Bodumedi jwa maaka. Madumedi a a rutang batho dithuto tsa maaka a dira gore ba se ka ba ikobela Modimo. (1 Bakorintha 10:20) Baebele ya re dithuto tse di ntseng jalo tsa maaka ke “dithuto tsa madimona.”​—1 Timotheo 4:1.

  • Go laola batho. Baebele e na le dipego tsa batho ba ba neng ba laolwa ke meya e e boikepo. Ka dinako tse dingwe batho ba ba neng ba laolwa ke madimona ba ne ba foufala kgotsa ba nna dimumu kgotsa le e leng go ikgobatsa.​—Mathaio 12:22; Mareko 5:2-5.

Kafa re ka tilang tlhotlheletso ya ga Diabolo ka Gone

Ga o a tshwanela go boifa madimona ka gonne Baebele e bontsha kafa o ka atlegang ka gone go ganetsa Diabolo:

  • Lemoga ditsela tse Diabolo a di dirisang gore o se ka wa nna ‘yo o se nang kitso ka maano a gagwe.’​—2 Bakorintha 2:11.

  • Ithute Baebele go tswa foo o dirise se o se ithutang. Fa o dirisa melaometheo ya Baebele e tla go sireletsa mo tlhotlheletsong ya ga Diabolo.​—Baefeso 6:11-18.

  • Latlha sengwe le sengwe se se amanang le dilo tsa bodimona. (Ditiro 19:19) Dilo tseo di akaretsa mmino, dibuka, dimakasine, ditshwantsho le dibidio tse di rotloetsang tirisano le meya.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela