LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 63
  • A Jesu o Swetse mo Sefapaanong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Jesu o Swetse mo Sefapaanong?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • A Ruri Jesu o Swetse mo Sefapaanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A Bakeresete ba Tshwanetse go Rwala Sefapaano?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Lebaka La go Bo Bakeresete ba Boammaaruri ba sa Dirise Sefapaano mo Kobamelong
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Seo se Kaiwang ke go Rata Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 63

A Jesu o Swetse mo Sefapaanong?

Karabo ya Baebele

Batho ba le bantsi ba tsaya sefapaano e le letshwao le le tlwaelegileng thata la Bokeresete. Le fa go ntse jalo, Baebele ga e tlhalose selo se Jesu a bolaetsweng mo go sone, ka jalo ga go na ope yo o ka tlhomamisang gore se ne se ntse jang. Mme gone, Baebele e re naya bosupi jwa gore Jesu ga a swela mo sefapaanong mme o swetse mo koteng e e tlhamaletseng.

Gantsi Baebele e dirisa lefoko la Segerika e leng stau·rosʹ fa e bua ka selo se Jesu a bolaetsweng mo go sone. (Mathaio 27:40; Johane 19:17) Le fa gantsi baranodi ba ranola lefoko leno e le “sefapaano,” baithuti ba le bantsi ba Baebele ba dumela gore go tswa kwa tshimologong lefoko leno le kaya “kota e e tlhamaletseng.”a Go ya ka A Critical Lexicon and Concordance to the English and Greek New Testament, lefoko stau·rosʹ “ga le kaye magong a mabedi a a fapaantsweng.”

Gape Baebele e dirisa lefoko la Segerika e leng xyʹlon e le lekaelagongwe la lefoko stau·rosʹ. (Ditiro 5:30; 1 Petere 2:24) Lefoko leno le kaya “logong,” “kota” kgotsa “setlhare.”b Ka jalo, The Companion Bible e bolela jaana: “Ga go na sepe mo Segerikeng sa [Tesetamente e Ntšha] se se bontshang gore go ne go dirisitswe magong a mabedi a a fapaantsweng.”

A Modimo o amogela kobamelo e go dirisiwang sefapaano mo go yone?

Crux simplex—lereo la Selatine le le kayang kota e le nngwe e sekebekwa se bapolelwang mo go yone

Le fa Jesu a ka tswa a bolaetswe mo go eng, dintlha tse di latelang le ditemana tsa Baebele di bontsha gore ga re a tshwanela go dirisa sefapaano mo kobamelong.

  1. Modimo ga a amogele kobamelo e go dirisiwang ditshwantsho kgotsa matshwao mo go yone, go akaretsa le sefapaano. Modimo o ne a laela Baiseraele gore ba se ka ba dirisa “popego ya setshwantsho sepe” mo kobamelong ya bone mme Bakeresete le bone ba bolelelwa gore ba ‘tshabe kobamelo ya medingwana.’​—Duteronome 4:15-19; 1 Bakorintha 10:14.

  2. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa dirise sefapaano mo kobamelong ya bone.c Bakeresete botlhe ba tshwanetse go latela dithuto tsa baaposetoloi le go etsa sekao sa bone.​—2 Bathesalonika 2:15.

  3. Go dirisiwa ga sefapaano mo kobamelong go simologile mo bathong ba ba sa obameleng Modimo.d Makgolo a dingwaga morago ga loso lwa ga Jesu, fa dikereke di ne di sa latele dithuto tsa gagwe, maloko a masha a kereke a ne a “letlelelwa go tswelela a dirisa ditshwantsho le matshwao a one a boheitane,” go akaretsa le sefapaano. (The Expanded Vine’s Expository Dictionary of New Testament Words) Le fa go ntse jalo, Baebele ga e kgothaletse gore go dirwe barutwa ba basha ka go letlelela batho go dirisa matshwao a boheitane.​—2 Bakorintha 6:17.

a Bona New Bible Dictionary, Kgatiso ya Boraro, ya ga D. R. W. Wood, tsebe 245; Theological Dictionary of the New Testament, Bolumo VII, tsebe 572; The International Standard Bible Encyclopedia, Kgatiso e e Tokafaditsweng, Bolumo 1, tsebe 825; le The Imperial Bible-Dictionary, Bolumo II, tsebe 84.

b Bona The Expanded Vine’s Expository Dictionary of New Testament Words, tsebe 1165; A Greek-English Lexicon, ya ga Liddell le Scott, Kgatiso ya Borobongwe, tsebe 1191-​1192; le Theological Dictionary of the New Testament, Bolumo V, tsebe 37.

c Bona Encyclopædia Britannica, 2003, mo setlhogong sa “Cross”; The Cross—Its History and Symbolism, tsebe 40; le The Companion Bible, Oxford University Press, appendix 162, tsebe 186.

d Bona The Encyclopedia of Religion, Bolumo 4, tsebe 165; The Encyclopedia Americana, Bolumo 8, tsebe 246; le Symbols Around Us, tsebe 205-207.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela