LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwfq setlhogo 34
  • A Basupi ba ga Jehofa Ba na Le Baebele ya Bone?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Basupi ba ga Jehofa Ba na Le Baebele ya Bone?
  • Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ka Tlhopha Jang Thanolo e e Botoka ya Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Phitlhelelo e e Botlhokwatlhokwa mo Barating ba Lefoko la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Lo Eme lo Feletse Le ka Go Tlhatswega Pelo mo go Nitameng Thanolo ya Lefatshe le Lesha—E Anaanelwa ke Dimilione mo Lefatsheng Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • A Thanolo ya Lefatshe le Lesha e Nepile?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
ijwfq setlhogo 34
Monna a bala Baebele

A Basupi ba ga Jehofa Ba na Le Baebele ya Bone?

Basupi ba ga Jehofa ba dirisitse dithanolo tse dintsi tse di farologaneng fa ba ithuta Baebele. Mme fa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e le teng ka dipuo dingwe, re rata go dirisa yone thata ka gonne e na le leina la Modimo, e nepile e bile e a utlwala.

  • E na le leina la Modimo. Bagatisi bangwe ba Baebele ga ba tlotlomatse Mokwadi wa yone. Ka sekai, thanolo nngwe ya Baebele e na le lenaane la maina a batho ba feta 70 ba ba nnileng le seabe mo go gatisiweng ga yone. Le fa go ntse jalo, yone Baebele eno ga e umake leina la Mokwadi wa yone—Jehofa Modimo—gotlhelele!

    Thanolo ya Lefatshe le Lesha yone e buseditse leina la Modimo mo le neng le tlhaga gone mo mekwalong ya ntlhantlha ka makgetlho a ka nna dikete e bile maina a batho ba ba mo komiting e e neng e ranola Baebele eno ga a kwalwa.

  • E nepile. Ga se dithanolo tsotlhe tse di tlhalosang molaetsa wa Baebele ka tsela e o neng o le ka yone go tswa kwa tshimologong. Ka sekai, thanolo nngwe e ranola Mathaio 7:13 jaana: “Tsenang ka kgoro e tshesane, ka gonne kgoro e e yang kwa diheleng e atlhame e bile tsela e e yang teng e motlhofo.” Le fa go ntse jalo, mokwalo wa ntlhantlha o dirisitse lefoko “tshenyego” e seng “dihele.” Baranodi ba ka tswa ba dirisitse lefoko “dihele” ka gonne ba ne ba dumela gore baikepi ba tla tlhokofadiwa ka bosakhutleng kwa molelong wa dihele. Mme kgopolo eno ga e tswe mo Baebeleng. Ka jalo, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranola temana eo jaana ka nepo: “Tsenang ka kgoro e tshesane; ka gonne tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile.”

  • E a utlwala. Thanolo e e molemo e tshwanetse e bo e nepile, e utlwala sentle e bile e tlhaloganyesega motlhofo. Ela tlhoko sekai seno. Mo go Baroma 12:11, moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o dirisitse mafoko a fa a ranolwa jaaka a ntse a kayang “go bedisa moya.” E re ka mafoko ano a sa utlwale ka Setswana, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranola temana eno ka tsela e e tlhaloganyesegang motlhofo. Ya re Bakeresete ba tshwanetse go ‘tuka mo moyeng.’

Mo godimo ga gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha e dirisa leina la Modimo, e nepile e bile e utlwala sentle, go na le sengwe se e tlhomologileng ka sone: Ga e rekisiwe. Seno se dira gore batho ba le dimilione ba kgone go bala Baebele ka puo ya bone—tota le fa ba ne ba ka se kgone go ithekela Baebele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela