LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 43
  • Nka Dira Eng Gore ke Utlwane le Batsadi ba me?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dira Eng Gore ke Utlwane le Batsadi ba me?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso
  • Goreng go nna le dikgotlhang
  • Se o ka se dirang
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Batsadi ba Me Ba Sa Ntlhaloganye?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ke Direng fa Batsadi Ba me Ba Omana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Nka Dira Jang Gore ke Itse Batsadi ba me Botoka?
    Tsogang!—2009
  • Ke Ka Dira Jang Gore Batsadi ba Me Ba Nneye Kgololesego e Kgolwane?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 43
Bana ba itumelela go tlotla le batsadi ba bone fa ba ntse ba tsamaya mo phakeng

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Dira Eng Gore ke Utlwane le Batsadi ba me?

  • Dipotso

  • Lebaka la go bo go nna le dikgotlhang

  • Se o ka se dirang

  • Se dithaka tsa gago di se buang

Dipotso

  • Ke ofe wa batsadi ba gago yo gantsi o nnang le kgotlhang le ene?

    • Rraago

    • Mmaago

  • Lo nna le dikgotlhang ga kae?

    • Ka sewelo

    • Ka dinako dingwe

    • Ka metlha

  • Kgotlhang ya lona e a tle e nne maswe go le kana kang?

    • Re e rarabolola ka bonako le ka kagiso.

    • Re a e rarabolola mme gone fa re dira jalo fa re sena go omana thata.

    • Ga e rarabologe​—tota le morago ga go omana thata.

Fa o sa utlwane le batsadi ba gago, o ka nna wa akanya gore ba tshwanetse go dira sengwe gore go nne botoka. Mme gone, go na le dikgato tse wena o ka di tsayang go tila gore dikgotlhang di se ka tsa direga gangwe le gape le gore di se ka tsa nna maswe le go feta. Sa ntlha, ela tlhoko . . .

Goreng go nna le dikgotlhang

  • Bokgoni jwa go akanya. Fa o ntse o gola, o simolola go leba dilo ka tsela e e farologaneng le e o neng o di leba ka yone fa o sa ntse o le ngwana. Gape go na le dilo tse o simololang go di rata thata mme dingwe tsa tsone, batsadi ba gago ga ba di rate. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re: “Tlotla rrago le mmago.”​—Ekesodo 20:12.

    Boammaaruri ke gore: O tlhoka go bo o godile sentle gore o tlhaloganye gore o kgona go ganetsana le mongwe ntle le go omana le ene.

  • Go batla kgololesego. Fa o ntse o gola, batsadi ba gago ba ka nna ba go naya kgololesego e e oketsegileng. Mathata ke gore, o ka tswa o sa kgotsofalele kgololesego e ba go e nayang kgotsa e sa tle ka nako e o e batlang mme seo se ka baka kgotlhang. Le fa go ntse jalo Baebele ya re: “Utlwang batsadi ba lona.”​—Baefeso 6:1.

    Boammaaruri ke gore: Gantsi batsadi ba gago ba go naya kgololesego e e oketsegileng go ikaegile ka gore o dirisa jang e o setseng o na le yone.

Se o ka se dirang

  • Seabe sa gago. Go na le go pega batsadi ba gago molato, leka go bona gore wena o ka dira eng gore go nne le kagiso. Lekawana lengwe le le bidiwang Jeffrey la re: “Gantsi dikgotlhang ga di bakwe ke se batsadi ba gago ba se buang go na le moo di bakwa ke kafa wena o tsibogang ka teng ka se ba se buang. Go bua o wetse makgwafo go nna le seabe se segolo mo go rotloetseng kagiso.”

    Baebele ya re: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”​—Baroma 12:18.

  • Reetsa. Samantha wa dingwaga tse 17 a re: “Ke lemogile gore go reetsa ke selo se se thata tota. Mme gone, fa batsadi ba bona gore o ba reeditse, go ka direga gore le bone ba go reetse.”

    Baebele ya re: “Nna bonako go utlwa, bonya go bua.”​—Jakobe 1:19.

    1. Pane e e mo setofong e kapa molelo; 2. Go tsogile kgabo ya molelo

    Dikgotlhang di tshwana le molelo​—fa o sa o time, o ka nna wa baka tshenyo e kgolo

  • Se nne kgatlhanong le batsadi ba gago. Leba kgotlhang jaaka e kete ke motshameko wa kgwele ya dinao. Mme gone, lwantsha bothata e seng batsadi ba gago ka gonne ke batshameki mmogo le wena. Lekawana lengwe le le bidiwang Adam la re: “Fa go na le kgotlhang, batsadi ba batla se ba akanyang gore se siametse ngwana wa bone mme ngwana le ene o batla se a akanyang gore se mo siametse. Tota re ka re botlhe ba batla selo se se tshwanang.”

    Baebele ya re: “A relateleleng dilo tse di isang kagisong.”​—Baroma 14:19.

  • Leka go tlhaloganya. Mosha yo o bidiwang Sarah a re: “Ke thusiwa ke go gopola gore batsadi ba na le mathata a bone a gantsi le one a ba tshwenyang.” Mosetsana yo o bidiwang Carla ene o oketsa ka gore: “Ke leka go akanyetsa batsadi ba me. Ke ipotsa gore ke ne ke tla dira eng fa nka bo ke le motsadi mme ke le mo boemo jo bo tshwanang? Ke eng se se tla bong se siametse ngwanake?”

    Baebele ya re: “Lo tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.”​—Bafilipi 2:4.

  • Nna kutlo. Tota seo ke sone se Baebele e reng o se dire. (Bakolosa 3:20) Dilo di tla go tsamaela sentle fa o ka ikobela batsadi ba gago. Lekgarebe le le bidiwang Karen la re: “Dilo di nna motlhofo fa ke dira se batsadi ba me ba reng ke se dire. Ba ntiretse dilo tse dintsi tota, ka jalo, go ba ikobela ke lemme fela le nka ba direlang lone.” Go nna kutlo go thusa gore go se ka ga nna le dikgotlhang!

    Baebele ya re: “Fa go se nang dikgong teng molelo o a tima.”​—Diane 26:20.

Kakantsho. Fa go le thata go buisana le batsadi ba gago, leka go ba kwalela lekwalo kgotsa go ba romelela molaetsa ka founo. Mosha mongwe yo o bidiwang Alyssa a re: “Ke dira jalo fa ke utlwa gore ga ke kgone go bua le bone. Go nthusa go tlhalosa tsela e ke ikutlwang ka yone ntle le go omana kgotsa go bua sengwe se ke tla se ikwatlhaelang.”

SE DITHAKA TSA GAGO DI SE BUANG

Marilyn

“Fa lotlhe lo lapile, lo felelana pelo ka bonako. Ka dinako tse dingwe go molemo gore lo se ka lwa tlotla ka nako eo mme lo tlamparelane lo bo lo ya go robala. Mo mosong dilo di a bo di le botoka.”​—Marilyn.

Devin

“Bopelotelele bo kgona go go thusa go rarabolola bothata bongwe le bongwe. Fa kgotlhang e tloga e simologa, didimala, kgwa mowa mme o akanye. Gantsi mathata a bakwa ke fa re dira sengwe kgotsa re bua sengwe ka nako eo.”​—Devin.

Mackenzie

“Ga ke batle gore kamoso ke bo ke ikwatlhaela go bo ke sa tshwara batsadi ba me sentle. Go nna ke akantse ka seo go nthusa gore ke ba reetse le go se tsose dikgotlhang ka dilo tse di sa reng sepe.”​—Mackenzie.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela