LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 102
  • A go Betšha go Phoso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Betšha go Phoso?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • A Go Betšha go Siametse Bakeresete?
    Tsogang!—1994
  • Ke Eng se se Phoso ka go Betšha?
    Tsogang!—2002
  • Basha Bomaithutwane ba Basha ba go Betšha!
    Tsogang!—1995
  • Tila Serai sa go Betšha
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 102
Motho yo o betšhitseng lotto a lebile thekete ya gagwe fa dinomoro di tlhagisiwa mo thelebisheneng

A go Betšha go Phoso?

Karabo ya Baebele

Tota le fa Baebele e sa bue thata ka go betšha, melaometheo ya Baebele e re bontsha gore Modimo o leba go betšha go le phoso.​—Baefeso 5:17.a

  • Go betšha go tlhotlhelediwa ke bopelotshetlha, e leng sengwe se Modimo a se tlhoileng. (1 Bakorintha 6:9, 10; Baefeso 5:3, 5) Batho ba ba betšhang ba solofela go amogela madi ka go latlhegelwa ga ba bangwe mme Baebele e kgala go eletsa dithoto tsa batho ba bangwe.​—Ekesodo 20:17; Baroma 7:7; 13:9, 10.

  • Go betšha, tota le fa e le ka madi a a kwa tlase, go ka tsosa lorato lwa rata madi.​—1 Timotheo 6:9, 10.

  • Gantsi batho ba ba betšhang ba ikaega ka bodimona kgotsa ka go nna lesego. Go na le moo, ditumelo tseno ke tsela nngwe ya go obamela medingwana, e leng sengwe se se kgatlhanong le kobamelo ya Modimo.​—Isaia 65:11.

  • Baebele e kgothaletsa gore batho ba dire ka natla go na le gore ba nne le keletso ya go nna le sengwe se motho a sa se berekelang. (Moreri 2:24; Baefeso 4:28) Batho ba ba latelang se Baebele e se rotloetsang ba kgona go ja “dijo tse bone ka bobone ba di diretseng.”—2 Bathesalonika 3:10, 12.

  • Go betšha go ka tsosa moya wa go gaisana o o kgatlhanong le se Baebele e se buang.​—Bagalatia 5:26.

a Mo Baebeleng, go betšha go umakiwa fela ka tlhamalalo ka nako ya fa masole a Roma a tshela bola kgotsa a betšha ka diaparo tsa ga Jesu.​—Mathaio 27:35; Johane 19:23, 24.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela