LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 114
  • A go Na le Maleo a le Supa Fela a a Isang Losong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Na le Maleo a le Supa Fela a a Isang Losong?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Boleo ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Modimo yo o ‘Ikemiseditseng go Itshwarela’
    Atamalana le Jehofa
  • A Modimo o Batla Gore re Ipolele Maleo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • A ga Re Tlhole re Tsaya Boleo bo le Masisi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 114
Monna yo o tlhomolang pelo

A go Na le Maleo a le Supa Fela a a Isang Losong?

Karabo ya Baebele

Baebele ga e rute gore go na le maleo a le supa fela a a bakang loso. Le fa go ntse jalo, e ruta gore fa motho a dira maleo a a masisi ka boomo, Modimo ga a na go mo boloka. Ka sekai, Baebele e bua ka maleo a a masisi a a jaaka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, go obamela medingwana, go dirisana le meya, go phatloga ka bogale le botagwa e re ke “ditiro tsa nama.” Go tswa foo e bo e re: “Ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.”​—Bagalatia 5:19-21.a

A Baebele ga e bue ka dilo di le supa tse Modimo a sa di batleng?

Ee, e bua ka tsone. Baebele ya Tswana Central e ranotse Diane 6:16 e re: “Dilo di le thataro MORENA o di tlhoile, tse supa ke maila mo go ene.” Le fa go ntse jalo, maleo a a umakilweng mo go Diane 6:17-19 ga se one fela a Modimo o a tlhoileng. Go na le moo, ditemana tseo di tlhalosa maleo a a farologaneng a a akaretsang ditiro tse di sa siamang, dikakanyo le mafoko.b

Mafoko a a reng maleo a a isang losong a kaya eng?

Dibaebele dingwe di dirisa mafoko ano a a mo go 1 Johane 5:16. Ka sekai, Baebele e e Boitshepo ya re: “Go na le boleo jo bo isang losong.” Mafoko ano a a reng “boleo jo bo isang losong” a ka ranolwa gape e le “boleo jo bo bakang loso.” Pharologanyo ke eng magareng ga “boleo jo bo bakang loso” le “boleo jo bo sa bakeng loso”?​—1 Johane 5:16.

Baebele e ruta gore re swa ka ntlha ya boleo. Le fa go ntse jalo, setlhabelo sa ga Jesu Keresete se ka re golola mo boleong le mo losong. (Baroma 5:12; 6:23) Ka jalo, “boleo jo bo bakang loso” ke jo setlhabelo sa ga Keresete se sa kgoneng go re golola mo go jone. Motho yo o dirang boleo jono ke yo o tswelelang a dira dilo tse di sa siamang ka boomo e bile a ipoleletse gore ga a kitla a fetoga. Gape Baebele ya re motho yo o dirang boleo joo Modimo ga a kitla a mo itshwarela.​—Mathaio 12:31; Luke 12:10.

Ke mang yo o simolotseng kgopolo eno ya gore go na le maleo a le supa a a isang losong?

Maleo a le supa a go tweng a isa losong a simolotse a le mo lenaaneng la maleo a le robedi. Lenaane leo le ne le kwadilwe mo dingwageng tsa bo400 ke Evagrius Ponticus yo dibuka tsa gagwe di neng di dirisiwa thata ke John Cassian, yo e neng e le moitlami. Mme mo dingwageng tsa bo600, Mopapa Gregory I o ne a fetola lenaane leo la ga Cassian, a le dira lenaane la maleo a le supa a Kereke ya Katoliki e neng e ruta maloko a yone gore a se ka a a dira, a a akaretsang: boikgogomoso, bogagaru, keletso ya tlhakanelodikobo, lefufa, go ja bobe, bogale le botshwakga. Gregory o ne a dumela gore maleo ano a maswe thata ka gonne maleo a mangwe otlhe a tswa mo go one.

a Ga se gore maleo a a masisi a a 15 a go buiwang ka one mo go Bagalatia 5:19-21 ke one fela maleo a a dirang gore motho a se ka a tsena mo Bogosing Jwa Modimo, ka gonne temana eo ya re “le dilo tse di tshwanang le tseno.” Seo se raya gore re tshwanetse go dirisa temogo fa re bala Baebele gore re kgone go lemoga gore “dilo tse di tshwanang le tseno” ke dife.

b Diane 6:16 e dirisa tsela ya Sehebera ya go kwala ya go bapisa dipalo tse pedi tse di latelanang go gatelela ntlha ya konokono. Mokgwa ono wa go kwala o fitlhelwa le mo ditemaneng tse dingwe tsa Baebele.​—Jobe 5:19; Diane 30:15, 18, 21.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela