LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 6/1 ts. 3
  • A ga Re Tlhole re Tsaya Boleo bo le Masisi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A ga Re Tlhole re Tsaya Boleo bo le Masisi?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boleo—Ke Eng Se se Fetotseng Tsela E re Bo Lebang ka Yone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Swa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A go Na le Maleo a le Supa Fela a a Isang Losong?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Lefatshe Le Le Senang Boleo—Le Tla Nna Teng Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 6/1 ts. 3

A ga Re Tlhole re Tsaya Boleo bo le Masisi?

MO NAKONG e e fetileng, batho ba ba tsenang dikereke ba ne ba utlwa moruti ka metlha a le kwa seraleng a bua ka lentswe le le kwa godimo ka dilo tse go tweng ke “maleo a le supa a a kotsi”—keletso ya tlhakanelodikobo, go ja bobe, bopelotshetlha, botshwakga, bogale, lefufa le boikgogomoso. Gangwe le gape moruti o ne a tle a tlhalose diphelelo tse di botlhoko tsa boleo le go tlhotlheletsa batho ba ba mo reeditseng gore ba ikwatlhaye. Mokwadi mongwe a re, “Gone jaanong baruti ba le bantsi ba tlhopha go bua fela ka dilo tse di itumedisang batho ba ba ba reeditseng.”

Bakwaladikgang le bone ba lemogile seo. Dikakgelo tse di latelang di tswa mo makwalodikgannyeng:

▪ “Ga go tlhole go buiwa thata ka dilo tse pele di neng di tsewa e le boleo, go ikwatlhaya le gore ke eng se motho a ka se dirang gore a bolokwe mme go buiwa thata ka se batho ba ka se dirang gore ba itshepe le go itlotla.”—Star Beacon, Ashtabula, Ohio.

▪ “Batho ga ba tlhole ba tshwenyega ka boleo.”—Newsweek.

▪ “Ga re tlhole re ipotsa gore ‘Modimo o batla gore ke direng,’ go na le moo re a re ‘Modimo a ka ntirelang?’”—Chicago Sun-Times.

E re ka re tshela mo lefatsheng la ditso tse di farologaneng, bodumedi le dipolotiki, batho ba okaoka go dira ditshwetso malebana le boitshwaro jo bo siameng le jo bo sa siamang. Go tsewa go le phoso go leba boitshwaro jwa batho ba bangwe bo sa siama. Go bonala boleo jo bogolo e le go nyatsa dilo tse motho yo mongwe a di dirang. Ba bangwe ba akanya jaana: ‘Se o se dumelang se ka bonala se go siametse, mme o se ka wa pateletsa batho ba bangwe go se dira. Gompieno batho ba tshela ka tsela e ba e tsayang e siame. Ga se wena fela yo o itseng se se siameng. Tsela e batho ba bangwe ba tshelang ka yone ba e tsaya e le botlhokwa fela jaaka ya gago.’

Tsela eno ya go akanya e dirile gore batho ba fetole kafa ba buang ka gone. Gone jaanong lefoko “boleo” le dirisiwa ka sewelo mo dikgannyeng tse di masisi. Batho ba le bantsi ba dira metlae ka lone. Ga go tlhole go twe batho ba “inyadisitse”; ga twe “ba nna mmogo.” Ga e tlhole e le “baakafadi”; ke “baratani.” Ga e tlhole e le “basodoma”; ke batho ba ba “tshelang botshelo jo bo farologaneng le jwa batho ba bangwe.”

Ga go pelaelo gore se batho ba se lebang se “siame” kgotsa se ba se tsayang e le “boleo” se fetogile. Mme gone ke eng fa tsela e batho ba lebang dilo ka yone e fetogile? A boleo bo sa ntse bo le teng? A ruri go botlhokwa gore o bo leba jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela