LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 142
  • “Alefa le Omega” ke Mang Kgotsa ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Alefa le Omega” ke Mang Kgotsa ke Eng?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Goreng Modimo a ipitsa “Alefa le Omega”?
  • Fa Baebele e re “wa ntlha le wa bofelo” e bua ka mang?
  • A Tshenolo 22:13 e bontsha gore Jesu ke “Alefa le Omega”?
  • Jehofa o re Netefaletsa Gore o Tla Dira Lefatshe Paradaise
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Jesu o Tla ka Kgothatso
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Modimo O na Le Maina a Makae?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Legodimo le Lesha le Lefatshe le Lesha
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 142
Alefa ke tlhaka ya ntlha ya dialefabete tsa Segerika mme Omega ke tlhaka ya bofelo

“Alefa le Omega” ke Mang Kgotsa ke Eng?

Karabo ya Baebele

Fa go buiwa ka “Alefa le Omega” go buiwa ka Jehofa Modimo Mothatayotlhe. Mafoko ano a tlhaga makgetlo a mararo mo Baebeleng.​—Tshenolo 1:8; 21:6; 22:13.a

Goreng Modimo a ipitsa “Alefa le Omega”?

Alefa ke tlhaka ya ntlha ya dialefabete tsa Segerika mme Omega ke tlhaka ya bofelo. Segerika ke puo e Tesetamente e Ntšha e ileng ya kwala ka yone mme buka ya Tshenolo ke karolo ya Tesetamente eno. Fela jaaka Alefa e le tlhaka ya ntlha mme Omega e le ya bofelo mo dialefabeteng tsa Segerika, Jehofa le ene ke tshimologo e bile ke bokhutlo. (Tshenolo 21:6) Jehofa ke Modimo Mothatayotlhe e bile o tla tswelela a ntse a le jalo go ya go ile. Ke ene fela a se nang tshimologo e bile a se nang bokhutlo.​—Pesalema 90:2.

Fa Baebele e re “wa ntlha le wa bofelo” e bua ka mang?

Baebele e dirisa mafoko ano fa e bua ka Jehofa Modimo le ka Morwawe Jesu mme a na le bokao jo bo sa tshwaneng. A re bone dikai tse pedi.

  • Mo go Isaia 44:6, Jehofa a re: “Ke nna wa ntlha e bile ke nna wa bofelo, mme kwantle ga me ga go na Modimo ope.” Fano Jehofa o gatelela gore ke ene fela Modimo wa boammaaruri mme ga go na Modimo ope ntle le ene. (Duteronome 4:35, 39) Mo temaneng eno, mafoko ‘wa ntlha le wa bofelo’ a tshwana le “Alefa le Omega.”

  • Mme mo go Tshenolo 1:17, 18 le 2:8, mafoko “wa Ntlha le wa Bofelo” ga a emele “Alefa le Omega.” Ditemana tseno di bua ka mongwe yo o ileng a swa mme morago a tsosiwa mo baswing. Ka jalo, ditemana tseno ga di bue ka Modimo ka gonne ga a ise a swe. (Habakuke 1:12) Mme Jesu ene o kile a swa a bo a tsosiwa mo baswing. (Ditiro 3:13-15) Ke ene motho wa ntlha go tsosiwa a bo a isiwa kwa legodimong gore a ye go tshela gone “go ya go ile.” (Tshenolo 1:18; Bakolosa 1:18) Morago ga moo, ke ene a tsosang batho botlhe. (Johane 6:40, 44) Ka jalo, ke ene motho wa bofelo yo Jehofa a ileng a mo tsosa ka tlhamalalo. (Ditiro 10:40) Seno se re thusa go bona gore mafoko a a reng “wa Ntlha le wa Bofelo” a bua ka Jesu.

A Tshenolo 22:13 e bontsha gore Jesu ke “Alefa le Omega”?

Nnyaa. Tshenolo 22:13 ga e tlhalose gore ke mang a buang mafoko ano ka gonne mo kgaolong eno go bua batho ba bantsi. Porofesa William Barclay o ne a bua jaana ka kgaolo eno ya Tshenolo: “Dilo ga di a rulaganngwa go ya ka tatelano ya tsone; . . . mme gantsi go thata go itse gore ke mang a neng a bua mafoko afe.”(The Revelation of John, Volume 2, Revised Edition, tsebe 223) Ka jalo, Jehofa Modimo ke ene “Alefa le Omega” yo go buiwang ka ene mo go Tshenolo 22:13 le mo bukeng yotlhe ya Tshenolo.

a Lekgetlo la bonê ke mo go Tshenolo 1:11 mo Baebeleng ya King James Version. Mme bontsi jwa Dibaebele tsa gone jaanong ga di na mafoko ao ka gonne a ne a seyo mo Dikwalong tsa bogologolo tsa Segerika e bile go bonala a ile a tsenngwa moragonyana.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela