LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 4 ts. 18-21
  • Jesu o Tla ka Kgothatso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Tla ka Kgothatso
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Mosupi yo o Ikanyegang”
  • “O Tla A le Mo Marung”
  • “Alefa le Omega”
  • Tshenolo le Wena
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Nnang Babadi ba ba Itumetseng ba Buka ya Tshenolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Dilo Tse di Tla Akofang di Diragala
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Utlwa se Mova o se Bolelelan Diphuthe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 4 ts. 18-21

Kgaolo 4

Jesu o Tla ka Kgothatso

1. Jaanong Johane o kwalela bomang, mme ke bomang gompieno ba ba tshwanetseng go bona fa molaetsa wa gagwe e le o o kgatlhisang thata?

SE SE latelang se tshwanetse go kgatlha thata mongwe le mongwe yo o kopanelang le diphuthego tsa batho ba Modimo gompieno. Ka gonne jaanong go latela metseletsele ya melaetsa. E na le tiragatso e e kgethegileng jaaka “nako e e tlhomilweng” e atamela. (Tshenolo 1:3) Go reetsa dipolelo tseno go tla re solegela molemo ka bosakhutleng. Pego eo e balega jaana: “Johane, a kwalela diphuthego tse supa tse di mo kgaolong ya Asia: E kete lo ka nna le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le kagiso tse di tswang kwa go ‘Yo o gone le yo o neng a le gone le yo o tlang,’ le kwa meyeng e supa e e fa pele ga setulo sa gagwe sa bogosi, le kwa go Jesu Keresete.”—Tshenolo 1:4, 5a.

2. (a) Palo ya “supa” e supa eng? (b) Mo letsatsing la Morena, melaetsa e e yang go “diphuthego tse supa” e dira mo go bomang?

2 Mono Johane o bua le “diphuthego tse supa,” mme re bolelelwa maina a tsone morago mo polelelong pele eno. Palo eo, “supa,” e boaboelediwa gantsi mo go Tshenolo. E bontsha botlalo, bogolo jang malebana le dilo tsa Modimo le phuthego ya gagwe e e tloditsweng. E re ka palo ya diphuthego tsa batho ba Modimo lefatshe ka bophara e oketsegile go nna diketekete mo letsatsing la Morena, re ka tlhomamisega gore se tota se bolelelwang “diphuthego tse supa” tsa batlodiwa se dira gape le mo bathong botlhe ba Modimo gompieno. (Tshenolo 1:10) Ee, Johane o tsholetse diphuthego tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa le botlhe ba ba kopanelang le tsone molaetsa wa botlhokwa, gongwe le gongwe mo godimo ga lefatshe leno.

3. (a) Mo tumedisong ya ga Johane, “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le kagiso” di tswa kae? (b) Ke mafoko afe a ga moaposetoloi Paulo a a tshwanang le tumediso ya ga Johane?

3 “Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le kagiso”—abo tseno e le dinonofo tse di eletsegang jang ne bogolo jang fa re lemoga motswedi wa tsone! “Yo” di tswang kwa go ene ke Molaodi Mogolo Jehofa ka boene, “Kgosi ya bosakhutleng,” yo o tshelang “ka bosaengkae le go ya go ile.” (1 Timotheo 1:17; Pesalema 90:2) Gape, mono go buiwa ka ‘meya e supa,’ eleng tlhaloso e e supang go dira ka botlalo ga maatla a a dirang a Modimo, kana moya o o boitshepo, jaaka o thusa botlhe ba ba elang tlhoko polelelopele eno go tlhaloganya e bile o ba leretse lesego. Yo gape a leng mo boemong jo bo kwa godimo ke “Jesu Keresete,” yo moragonyana Johane a neng a kwala jaana ka ene: “O ne a tletse bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le boammaaruri.” (Johane 1:14) Ka gone, ditumediso tsa ga Johane di na le dintlha tse di tshwanang le tse moaposetoloi Paulo a neng a di umaka fa a ne a digela lokwalo lwa gagwe lwa bobedi lo a neng a lo kwalela phuthego ya Korintha: “Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Morena Jesu Keresete le lorato lwa Modimo le go abalana mo moyeng o o boitshepo di nne le lona lotlhe.” (2 Bakorintha 13:14) E kete mafoko ao a ka dira gape le mo go mongwe le mongwe wa rona yo o ratang boammaaruri gompieno!—Pesalema 119:97.

“Mosupi yo o Ikanyegang”

4. Johane o tswelela go tlhalosa Jesu Keresete jang, mme ke ka ntlha yang fa mafoko ano a tlhaloso a tshwanela thata?

4 Kwantle ga ga Jehofa fela, Jesu ke ene motho yo o galalelang go ba feta botlhe mo lobopong, jaaka Johane a lemoga, a mo tlhalosa jaaka “‘Mosupi yo o Ikanyegang,’ ‘Leitibolo go tswa mo baswing,’ le ‘Mmusi wa dikgosi tsa lefatshe.’” (Tshenolo 1:5b) O tlhomamisitswe ka bosakhutleng jaaka Mosupi yo mogolo wa Bomodimo jwa ga Jehofa, fela jaaka kgwedi kwa magodimong. (Pesalema 89:37) Morago ga go boloka bothokgami go fitlhela a swa loso lwa go intsha setlhabelo, o ne a nna motho wa ntlha go tsosediwa botshelong jwa bosasweng jwa semoya. (Bakolosa 1:18) Ka jaanong a na le Jehofa, o tsholeleditswe kwa godimo ga dikgosi tsotlhe tsa lefatshe, ka a neetswe “taolo yotlhe . . . kwa legodimong le mo lefatsheng.” (Mathaio 28:18; Pesalema 89:27; 1 Timotheo 6:15) Ka 1914 o ne a tlhomiwa jaaka Kgosi go busa mo gare ga ditšhaba tsa lefatshe.—Pesalema 2:6-9.

5. (a) Johane o tswelela jang go bontsha kanaanelo mo go Morena Jesu Keresete? (b) Ke bomang ba ba solegelwang molemo ke mpho ya ga Jesu ya botshelo jwa gagwe jwa motho yo o itekanetseng, mme Bakeresete ba ba tloditsweng ba tsere karolo jang mo lesegong le le kgethegileng?

5 Johane o tswelela go tlhalosa go anaanela ga gagwe Morena Jesu Keresete ka mafoko ano a a galalelang: “A yo o re ratang le yo o re golotseng mo maleong a rona ka madi a gagwe—mme o ne a dira gore re nne bogosi, baperesiti ba Modimo wa gagwe le Rara—ee, a nne le kgalalelo le thata ka bosaengkae. Amen.” (Tshenolo 1:5c, 6) Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng e le gore batho ba lefatshe ba ba nang le tumelo mo go ene ba tsosolosediwe botshelong jo bo itekanetseng. Wena, mmadi yo o rategang, o ka akarediwa mo go seno! (Johane 3:16) Mme loso lwa go intsha setlhabelo lwa ga Jesu lo ne lwa bulela ba ba nnang Bakeresete ba ba tloditsweng jaaka Johane lesego le le kgethegileng. Bano ba siamisitswe ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. Ka go bo ba latlhile ditebelelo tsotlhe tsa botshelo jwa selefatshe, jaaka Jesu a ne a dira, ba letsomanyane ba tsetswe ka moya wa Modimo, ba lebeletse go tsosediwa go ya go direla jaaka dikgosi le baperesiti le Jesu Keresete mo Bogosing jwa gagwe. (Luke 12:32; Baroma 8:18; 1 Petere 2:5; Tshenolo 20:6) A tshiamelo e kgolo! Ga go gakgamatse go bo Johane a ne a khutsa ka go gatelela gore kgalalelo le thata ke tsa ga Jesu!

“O Tla A le Mo Marung”

6. (a) Johane o itsise eng kaga ‘go tla ga ga Jesu a le mo marung,’ mme gongwe Johane o ka tswa a ne a gakolotswe polelelopele efe ya ga Jesu? (b) Jesu o “tla” jang, mme ke bomang ba ba tla hutsafalang thata mo lefatsheng?

6 Go tswa foo, Johane o itsise jaana ka boitumelo jo bogolo: “Bona! O tla a le mo marung, mme leitlho lengwe le lengwe le tla mmona, le ba ba mo tlhabileng; mme ditso tsotlhe tsa lefatshe di tla ititaya di hutsafetse ka ntlha ya gagwe. Ee, Amen.” (Tshenolo 1:7) Kwantle ga pelaelo mono Johane o ne a gakologelwa polelelopele ya ntlha ya ga Jesu malebana le bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo, moo Jesu o ne a tlhalosa a re: “Mme go tswa foo sesupo sa Morwa motho se tla bonala kwa legodimong, mme go tswa foo ditso tsotlhe tsa lefatshe di tla ititaya di lela selelo sa khutsafalo, mme di tla bona Morwa motho a tla a le mo marung a legodimo ka maatla le kgalalelo e kgolo.” (Mathaio 24:3, 30) Ka gone, Jesu o “tla” ka go lebisa tlhokomelo ya gagwe mo go diragatseng dikatlholo tsa ga Jehofa mo ditšhabeng. Seno se tla felela ka diphetogo tse dikgolo mo lefatsheng, mme e re ka “ditso tsotlhe tsa lefatshe” di itlhokomolositse bogone jwa puso ya ga Jesu, ruri ba tla tlelwa ke “bogale jwa tšhakgalo ya Modimo Mothatayotlhe.”—Tshenolo 19:11-21; Pesalema 2:2, 3, 8, 9.

7. “Leitlho lengwe le lengwe,” go akareletsa le la ba ba sa reetseng, le tla ‘bona’ Jesu jang?

7 Mo phirimaneng ya bofelo e Jesu a neng a na le barutwa ba gagwe ka yone, o ne a ba raya a re: “Ka lobakanyana lefatshe ga le na go tlhola le mpona.” (Johane 14:19) Go ka diragala jang, he, gore “leitlho lengwe le lengwe le [mmone]”? Ga re a tshwanela go lebelela gore baba ba ga Jesu ba tla mmona ka matlho a senama, ka gonne moaposetoloi Paulo, morago ga go tlhatlogela ga ga Jesu kwa legodimong, o ne a re jaanong Jesu o “[nna] mo leseding le le ka se kang la atamelwa,” a bo a re ga go na “le a le mongwe wa batho yo o mmoneng kgotsa yo o ka mmonang.” (1 Timotheo 6:16) Ka phepafalo, Jesu o ne a raya go ‘mmona’ ka tlhaloganyo ya go “lemoga,” fela jaaka re ka bona, kana ra lemoga, dinonofo tsa Modimo tse di sa bonaleng mo popong ya gagwe. (Baroma 1:20) Jesu “o tla a le mo marung” mo go rayang gore o tla bo a sa bonwe ka matlho fela jaaka go ntse ka letsatsi fa le thibilwe ke maru. Le eleng fa letsatsi le thibilwe ke maru mo nakong ya motshegare, re itse gore le teng ka ntlha ya lesedi le le re boneseditseng. Ka go tshwana, lefa Morena Jesu Keresete a sa bonale, o tla senolwa jaaka ‘molelo o o tutumang, jaaka a tlisa pusoloso mo go ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo kaga gagwe.’ Bano le bone ba tla patelesega go ‘mmona.’—2 Bathesalonika 1:6-8; 2:8.

8. (a) Ke bafe “ba ba mo tlhabileng” ka 33 C.E., mme ke bomang gompieno? (b) E re ka Jesu a sa tlhole a le mo lefatsheng, batho ba ka ‘mo tlhaba’ jang?

8 Gape Jesu o tla ‘bonwa’ ke “ba ba mo tlhabileng.” Bano e ka tswa e le bafe? Fa Jesu a ne a bolawa ka 33 C.E., masole a Roma, ba ne ba mo tlhaba ka mmatota. Bajuda le bone ba ne ba na le molato wa polao eo, ka gonne ka Pentekosete Petere o ne a raya bangwe ba bone a re: “Modimo o ne a mo dira Morena le Keresete, Jesu yono yo lo neng lwa mmapola.” (Ditiro 2:5-11, 36; bapisa Sekaria 12:10; Johane 19:37.) Baroma bao le Bajuda jaanong ba setse ba na le dingwaga tse di ka nnang 2 000 ba ntse ba sule. Jalo ba ba ‘mo tlhabang’ gompieno ba tshwanetse ba bo ba emela ditšhaba le batho ba ba bontshang boikutlo jo bo tshwanang jwa kilo jo bo neng jwa supiwa fa Jesu a ne a bapolwa. Jesu ga a tlhole a le mo lefatsheng. Mme e ka ne baganetsi ba tsentse letsogo thata go bogisa Basupi ba ga Jehofa, ba ba neelang bosupi kaga Jesu, kana ba dumalana le tshwaro e e ntseng jalo fela, go ntse fela jaaka e ke te baganetsi bao ba ‘tlhaba’ Jesu ka boene.—Mathaio 25:33, 41-46.

“Alefa le Omega”

9. (a) Ke mang yo jaanong a buang, mme o dira jalo makgetlo a le kae mo go Tshenolo? (b) Fa Jehofa a ipitsa “Alefa le Omega” le “Mothatayotlhe,” seno se kaya eng?

9 Jaanong, kgakgamatso e e di fetang tsotlhe! Go bua Molaodi Mogolo Jehofa ka boene. Abo seno se tshwanela jang ne jaaka ketapele ya diponatshegelo tse di neng di tloga di bontshiwa, e re ka e le Molaodi Mogolo wa rona le Motswedi o mogolo wa Tshenolo! (Isaia 30:20) Modimo wa rona o bolela jaana: “Ke nna Alefa le Omega, . . . Ene yo o gone le yo o neng a le gone le yo o tlang, Mothatayotlhe.” (Tshenolo 1:8) Leno ke lekgetlo la ntlha la a mararo mo go Tshenolo le mo go lone Jehofa a buang ka boene go tswa kwa legodimong. (Bona gape Tshenolo 21:5-8; 22:12-15.) Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tla lemoga ka bonako gore alefa le omega ke tlhaka ya ntlha le ya bofelo ya ditlhaka tsa Segerika. Jehofa o ipitsa ka ditlhaka tse pedi tseo go otlelela gore pele ga gagwe, go ne go se na Modimo mothatayotlhe, e bile ga go kitla go nna le ope morago ga gagwe. O tla khutlisa ka katlego, go ya fela kwa bosakhutleng, kganetsano ya Bomodimo. O tla galalediwa ka bosakhutleng jaaka Modimo yo o esi fela yo o mothatayotlhe, Molaodi yo Mogolo wa lobopo lotlhe lwa gagwe.—Bapisa Isaia 46:10; 55:10, 11.

10. (a) Morago ga moo Johane o itlhalosa jang, mme o ne a le mo kgolegelong kae? (b) Lokwalo lo lo kwadilweng ke Johane lo ka nna lwa bo lo ne lwa isiwa kwa diphuthegong ka thuso ya ga mang? (c) Gantsi dijo tsa semoya di abiwa jang gompieno?

10 Johane ka go tshepa sentle gore Jehofa o ne a tla kaela phelelo ya dilo, o bolelela batlhanka ka ene a re: “Nna Johane, mokaulengwe wa lona le motlhakanedi le lona mo pitlaganong le mo bogosing le mo boitshokong re patilwe ke Jesu, ka bo ke le mo setlhaketlhakeng se se bidiwang Patamose ka ntlha ya go bua ka Modimo le go naya bosupi ka Jesu.” (Tshenolo 1:9) Jaaka legolegwa mo Patamose ka ntlha ya dikgang tse di molemo, a itshoketse dipogiso le bakaulengwe ka ene, a na le tsholofelo e kgolo ya gore o tla tsaya karolo mo Bogosing jo bo tlang, Johane yo o neng a setse a tsofetse jaanong o bona ponatshegelo ya ntlha ya diponatshegelo tsa Tshenolo. Kwantle ga pelaelo o ne a kgothadiwa thata ke diponatshegelo tseno, fela jaaka setlhopha sa Johane se kgothatsega gompieno fa se bona tiragatso ya tsone. Ga re itse gore Johane o ne a isa lokwalo lwa Tshenolo kwa diphuthegong jang, e re ka a ne a le mo kgolegelong ka nako eo. (Tshenolo 1:11; 22:18, 19) Baengele ba ga Jehofa ba tshwanetse ba bo ba ne ba thusa go dira gore seno se dirwe, fela jaaka gantsi ba sireleditse Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba direlang tlase ga dithibelo le dikganelo gompieno, mo eleng gore bano ba kgonne go isetsa bakaulengwe ba bone ba ba bolawang ke tlala ya boammaaruri dijo tsa semoya tse di mo nakong.—Pesalema 34:6, 7.

11. Ke tshiamelo efe, e e tshwanang le e e neng ya anaanelwa ke Johane, e setlhopha sa Johane se e ngomaelang thata gompieno?

11 Abo Johane a tshwanetse a bo a ne a anaanela tshiamelo ya go dirisiwa ke Jehofa jang ne go nna karolo ya thulaganyo e a e dirisang go bua le diphuthego! Ka go tshwana, setlhopha sa Johane gompieno ba ngomaela thata tshiamelo ya bone ya go abela ba ntlo ya Modimo “dijo tsa [semoya] ka nako e e tshwanetseng.” (Mathaio 24:45) E kete o ka nna mongwe wa ba ba nonotshiwang ke thulaganyo eno ya semoya e le gore o tle o fitlhelele mokgele o o galalelang wa botshelo jo bo sa khutleng!—Diane 3:13-18; Johane 17:3.

[Lebokoso mo go tsebe 21]

Go Bona Dijo Tsa Semoya mo Dipakeng Tse di Boima

Mo metlheng eno ya bofelo, mo Basupi ba ga Jehofa ba bogileng pogiso e kgolo le mathata gone, e nnile selo sa botlhokwa gore ba amogele dijo tsa semoya e le gore ba tle ba nne ba nonofile mo tumelong. Mo mabakeng a mantsi, ba ile ba newa dijo tse di lekaneng, gantsi e le fa Jehofa a ne a bontsha maatla a gagwe a a gakgamatsang.

Ka sekai, kwa Jeremane tlase ga puso ya ga Hitler, Basupi ba ne ba gatisa ba bo ba aba dikhopi tsa Tora ya Tebelo, e e neng e thibetswe kafa molaong ke balaodi ba Banasi ba ba setlhogo. Kwa Hamburg Ba-Gestapo ba ne ba tlhasela ntlo e go neng go gatisediwa mo go yone. Ntlo eo e ne e le potlana, mme go ne go se na gope kwa go neng go ka fitlhwa sepe teng ka pabalesego. Motšhine o o kwalang o ne o tsentswe mo rakeng, mme motšhine o mogolo o o gatisang o ne o tsentswe mo mabeelong a ditapole kwa phaposing e e kwa tlase mo ntlong. Gape, kafa morago ga mabeelo ao go ne go na le kgetsi e e neng e tletse dimakasine! Go ne go lebega ba tla bona dilo tse motlhofo. Mme go ne ga diragalang? Mosimegi yo o neng a bula raka eo o ne a dira jalo ka tsela e a neng a se ka a bona motšhine o o kwalang. Fa e le ka phaposi e e kwa tlase mo ntlong, mong wa ntlo o bega jaana: “Basimegi ba bararo bao ba ne ba ema fa gare ga kamore, mme kana, e ne e le gone fa mabeelo a ditapole a kafa morago ga one go neng go na le kgetsi e e tletseng dimakasine tsa Tora ya Tebelo a neng a le teng. Mme go ne go se na ope wa bone yo o neng a lebega a e lemoga; go ne go ntse jaaka e kete ba ne ba foufaditswe.” Ka thuso ya pabalelo eno e e gakgamatsang, mong wa ntlo yoo o ne a kgona go tswelela a aba dijo tsa semoya mo dipakeng tse di boima tseo le tse di kotsi.

Mo dingwageng tsa bo1960, go ne ga nna le ntwa ya maraganela teng a bana ba mpa gareng ga Nigeria le kgaolo e e neng e itomolotse ya Biafra. E re ka Biafra e ne e dikologilwe yotlhe ke kgaolo ya Nigeria, karolo e le yosi e e neng e dira gore e kgone go golagana le dinaga tse dingwe e ne e le lebala la difofane tse dipotlana. Seno se raya gore Basupi ba ba mo Biafra ba ne ba le mo kotsing ya go sa bone dijo tsa semoya ka metlha. Kgabagare, mo masimologong a 1968, balaodi ba Biafra ba ne ba abela mongwe wa badirelapuso ba bone tiro ya maemo a a kwa godimo kwa Yuropa mme yo mongwe a abelwa go ya go dira kwa lebaleng la difofane tse dipotlana kwa Biafra. Go ne ga diragala gore bano e bo e le Basupi ba ga Jehofa, mme jaanong ba ne ba le mo dintlheng tsoopedi tsa se se neng se kopanya Biafra le dikarolo tse dingwe tsotlhe tsa lefatshe. Ba babedi bano ba ne ba lemoga gore thulaganyo eo e tshwanetse ya bo e ne e tswa kwa go Jehofa. Ka gone, ba ne ba ithaopela go dira tiro e e masisi le e e kotsi ya go lere dijo tsa semoya kwa Biafra. Mme ba ne ba kgona go dira seno go fitlhelela ntwa e fela. Mongwe wa bone o ne a akgela ka go re: “Seno ga se ka ke sa bo se ne se rulagantswe ke batho.”

[Tšhate mo go tsebe 19]

Dipalo Tsa Tshwantshetso Tse Di mo Go Tshenolo

Palo Bokao Jwa Tshwantshetso

2 E kaya go tlhomamisa kgang mo go salang go se na pelaelo.

(Tshenolo 11:3, 4; bapisa Duteronome 17:6.)

3 E supa kgatelelo. Gape e bontsha bogolo. (Tshenolo 4:8;

8:13; 16:13, 19)

4 E kaya go akareletsa gotlhe, bogotlhe, dikhutlo tse nne

ka go lekalekana. (Tshenolo 4:6; 7:1, 2; 9:14; 20:8;

21:16)

6 E kaya bosaitekanelang, selo se se sa tlwaelegang,

se e seng sa tlholego. (Tshenolo 13:18;

bapisa 2 Samuele 21:20.)

7 E kaya go felela ga selo mo ponong ya Modimo, malebana le

maikaelelo a ga Jehofa kana a ga Satane.

(Tshenolo 1:4, 12, 16; 4:5; 5:1, 6; 10:3, 4; 12:3)

10 E kaya go felela kana botlalo jwa selo ka tsela ya senama,

mo dilong tsa selefatshe. (Tshenolo 2:10; 12:3; 13:1;

17:3, 12, 16)

12 E kaya thulaganyo e e theilweng ke Modimo, kwa legodimong

kana mo lefatsheng. (Tshenolo 7:5-8; 12:1; 21:12, 16;

22:2)

24 E kaya thulaganyo e e menaganeng ga pedi ya phuthego ya ga

Jehofa. (Tshenolo 4:4)

Dipalo dingwe tse di umakiwang mo go Tshenolo di tshwanetse go tlhaloganngwa e se tsa tshwantshetso. Gantsi, kgang e e di dikologileng e thusa gore o lemoge seno. (Bona Tshenolo 7:4, 9; 11:2, 3; 12:6, 14; 17:3, 9-11; 20:3-5.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela