LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwex setlhogo 10
  • Ba ne Ba Akanya Gore ke Moruti

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba ne Ba Akanya Gore ke Moruti
  • Maitemogelo a Basupi ba ga Jehofa
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bona Boammaaruri Mo go Sa Lebelelwang Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Melemo ya go Rera Lefatshe ka Bophara re Dirisa Dikolotsana Tsa go Rera
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe—Dintlha ka Dinaga Tsa Botlhabagare
    Tsogang!—2015
  • O Ile a Smaela le Bone!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Maitemogelo a Basupi ba ga Jehofa
ijwex setlhogo 10
Banna bangwe ba babedi ba bua le Mosupi mongwe kwa mabitleng. Mongwe wa bone o supa tirelo ya phitlho e e tsweletseng.

Ba ne Ba Akanya Gore ke Moruti

Osman, mosadi wa gagwe le ngwana wa bone wa mosetsana ba ne ba rera ba dirisa kolotsana ya dikgatiso gaufi le mabitla kwa Chile. Go ne ga tla batho bangwe kwa mabitleng ba leletsa mmino kwa godimo. Bangwe ba bone ba ile ba ya kwa go ene ba mo itumeletse, ba bo ba mo raya ba re: “Re lebogela go bo o tlile ka nako Moruti. Re ntse re go emetse!”

Osman o ile a leka go ba tlhalosetsa gore ga se ene Moruti wa bone, mme ga ba a ka ba mo utlwa ka gonne go ne go le modumo. Morago ga metsotsonyana bangwe ba ile ba boela kwa go Osman, ba bo ba mo raya ba re: “Moruti re sa ntse re go emetse.”

Fa modumo o sena go fokotsega Osman o ile a ba tlhalosetsa gore ke ene mang le gore goreng a eme fao. Batho bano ba ne ba sa itumela ka gonne moruti wa bone o ne a sa tla, mme ba ile ba kopa Osman gore a bue le bone ka sengwe se se tswang mo Baebeleng. O ne a dumela.

Fa ba ntse ba ya kwa mabitleng, o ile a ba botsa ka motho yo o tlhokafetseng, a bo a akanya ka dikwalo tse a ka tlotlang le bone ka tsone. O ile a ikitsisi gore ke ene mang, a bo a ba bolelela gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le gore ke mongwe wa batho ba ba dirang tiro ya go rera dikgang tse di molemo.

O ile a dirisa lekwalo la Tshenolo 21:3, 4 le Johane 5:28, 29 go ba tlhalosetsa gore e ne e se boikaelelo jwa Modimo gore batho ba swe. Gape o ile a ba bolelela ka tsholofelo ya gore Modimo o tla tsosa batho ba ba suleng, le gore ba tla tshelela ruri mo lefatsheng ba sa swe. Fa Osman a sena go bua le bone, ba ne ba itumetse fela thata mme ba mo leboga go bo a ile a bua le bone ka molaetsa o o tswang kwa Modimong. Go tswa foo o ile a boela kwa kolotsaneng ya dikgatiso.

Morago ga phitlho bangwe ba ile ba ya kwa go Osman le lelapa la gagwe, mme ba ba botsa dipotso ka Baebele. Ba ile ba tlotla lobaka lo lo leele. Fa ba tsamaya ba ile ba itseela dikgatiso le dibuka tse dintsi thata mo kolotsaneng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela