DITEMANA TSA BAEBELE DI A TLHALOSIWA
Baroma 10:13—‘Bitsa Leina la Morena’
“Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.”—Baroma 10:13, Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha.
“Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.”—Baroma 10:13, Baebele e e Boitshepo.
Se Baroma 10:13 e se Kayang
Modimo ga a tlhaole batho e bile o naya mongwe le mongwe tshono ya gore a bolokiwe le gore a bone botshelo jo bosakhutleng, go sa kgathalesege gore o tswa mo lotsong lofe, naga kgotsa o na le maemo afe. Gore re kgone go bolokwa, re tshwanetse go bitsa Modimo ka leina la gagwe e leng Jehofa.a—Pesalema 83:18.
Mo Baebeleng, mafoko a a reng “bitsa leina la ga Jehofa” ga a kaye fela go itse leina la gagwe le go le dirisa fa re mo obamela. (Pesalema 116:12-14) Mme gape a kaya go mo ikanya le go kopa thuso kwa go ene.—Pesalema 20:7; 99:6.
Jesu o ne a bontsha gore leina la Modimo le botlhokwa. Re bona seo mo mafokong a a simololang thapelo ya morena a a reng: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe,” kgotsa le tlotlomadiwe. (Mathaio 6:9) Gape Jesu o ile a bontsha gore fa re batla go amogela botshelo jo bo sa khutleng re tshwanetse go itse leina la Modimo, re mo ikobele e bile re mo rate.—Johane 17:3, 6, 26.
Goreng re ka re “Morena” yo go buiwang ka ene mo go Baroma 10:13 mo Baebeleng e e Boitshepo ke Jehofa? Ke ka gonne temana eno e nopola mafoko a a mo go Joele 2:32, e go tlhagang leina la Modimo ka Sehebera e seng “Morena”.b
Se go Buiwang ka Sone mo go Baroma 10:13
Baroma kgaolo 10 e bontsha gore fa re batla gore Modimo a re amogele re tshwanetse go dumela mo go Jesu Keresete. (Baroma 10:9) Kgang eno e tshegediwa ke ditemana tse di nopotsweng mo Tesetamenteng e Kgologolo. Motho o bontsha gore o na le tumelo fa a “bolela phatlalatsa” mme seno se akaretsa go rerela batho ba ba dumelang dikgang tse di molemo. Go dira jalo go tla naya ba bangwe tshono ya go nna le tumelo e e tla ba thusang gore ba bolokwe.—Baroma 10:10, 14, 15, 17.
Bala Baroma kgaolo 10 mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha mmogo le dintlha tse di kwa tlase le ditemana tse di tsamaisanang le kgaolo eo.
a Leina la Modimo le tlhaga makgetlo a ka nna 7 000 mo mekwalong ya bogologolo. Ditlhaka tse nnê tsa Sehebera tse leina la Modimo le ranotsweng go tswa mo go tsone di bidiwa Tetragrammaton. Leina la Modimo le ranolwa e le “Jehofa” ka Setswana, mme gone baithuti bangwe ba Baebele ba dirisa “Yahweh.”
b Go ka direga gore bakwadi ba Baebele ba ne ba dirisa leina la Modimo fa ba ne ba nopola ditemana tse di tswang mo “Tesetamenteng e Kgologolo” tse di nang le leina la Modimo. The Anchor Bible Dictionary e a re: “Go na le bosupi jo bo bontshang gore leina la Modimo Yahweh le ne le tlhagelela mo Tesetamenteng e Ntšha fa e ne e kwalwa lekgetlo la ntlha, ka gonne ditemana dingwe tse di kwadilweng mo Tesetamenteng e Ntšha di ne di nopotswe go tswa mo Tesetamenteng e Kgologolo.” (Bolumo 6, tsebe 392) Fa o batla go itse mo go oketsegileng, bona setlhogo se se reng “Leina la Modimo mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika” mo karolong ya Dintlha Tse di Oketsegileng A5 mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Karolo ya Dintlha Tse di Oketsegileng C2 e na le lenaane la dithanolo tsa Baebele tse di dirisitseng leina la Modimo mo go Baroma 10:13.