DITEMANA TSA BAEBELE DI A TLHALOSIWA
Pesalema 46:10—“Nnang ka Tidimalo, Mme lo Itse Gore ke Modimo”
“Ineeleng mme lo itse gore ke nna Modimo. Ke tla tlotlomadiwa mo ditšhabeng; ke tla tlotlomadiwa mo lefatsheng.”—Pesalema 46:10, Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha.
“Nnang ka tidimalo, mme lo itse gore ke Modimo: Ke tla godisiwa mo bathong ba ba sa dumeleng, ke tla godisiwa mo lefatsheng.”—Pesalema 46:10, King James Version.
Bokao Jwa Pesalema 46:10
Modimo o kgothaletsa mongwe le mongwe go mo obamela le go lemoga gore o na le tshwanelo ya go busa lefatshe. Boammaaruri ke gore Modimo o na le maatla le taolo, mme mongwe le mongwe yo o batlang go tshelela ruri o tshwanetse go lemoga ntlha eo.—Tshenolo 4:11.
“Ineeleng mme lo itse gore ke nna Modimo.” Dithanolo tse dingwe tsa Baebele di ranola mafoko a a simololang polelwana eno di re “nnang ka tidimalo.” Seo se dirile gore batho ba le bantsi ba nne le kgopolo e e phoso ya gore mafoko ano ke taelo ya gore ba tshwanetse go bontsha tlotlo kgotsa go didimala fa ba le mo kerekeng. Le fa go ntse jalo, polelwana ya Sehebera e e ranotsweng e le “ineeleng mme lo itse gore ke nna Modimo,” ke mafoko a a buiwang ke Jehofaa Modimo ka boene, a kgothaletsa batho ba ditšhaba tsotlhe gore ba tlogele go ganetsana le ene mme ba lemoge gore ke ene fela yo o tshwanelwang ke go obamelwa.
O rotloetsa batho ka tsela e e tshwanang le mo go Pesalema 2. Mo Pesalemeng eno, Modimo a re o tlile go tsaya kgato kgatlhanong le batho ba ba ganetsanang le ene. Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba lemogang gore Modimo o na le taolo ba ikaega ka ene gore a ba kaele, a ba nonotshe le go ba naya botlhale. E re ka ‘ba tshabetse mo go Ene,’ ba itumetse e bile ba ikutlwa ba sireletsegile, segolobogolo ka dinako tsa mathata.—Pesalema 2:9-12.
“Ke tla tlotlomadiwa mo ditšhabeng; ke tla tlotlomadiwa mo lefatsheng.” Mo nakong e e fetileng, Jehofa Modimo o ile a tlotlomadiwa fa a ne a dirisa nonofo ya gagwe e kgolo go sireletsa batho ba gagwe. (Ekesodo 15:1-3) Mo nakong e e tlang, o tla tlotlomadiwa ka tsela e kgolo le go feta fa mongwe le mongwe mo lefatsheng a tla bo a mo ikobela e bile a mo obamela.—Pesalema 86:9, 10; Isaia 2:11.
Ditemana Tse di Tlang Pele le Morago ga Pesalema 46:10
Buka nngwe e bitsa Pesalema 46 e re ke “pina e e tlotlamatsang maatla a Modimo, yo o femelang batho ba gagwe ka tsela e kgolo.” Fa batho ba Modimo ba ne ba opela Pesalema 46, ba ne ba bontsha gore ba tshepa gore Jehofa o na le bokgoni jwa go ba sireletsa le go ba thusa. (Pesalema 46:1, 2) Mafoko a yone a ne a ba gopotsa gore Jehofa o na le bone ka metlha.—Pesalema 46:7, 11.
Pesalema eno e ne e ba kgothaletsa gore ba akanye ka ditiro tse di gakgamatsang tse Jehofa a neng a ba diretse tsone e le go nonotsha tsela e ka yone ba neng ba tshepa gore Modimo o na le maatla a go ba sireletsa. (Pesalema 46:8) Segolobogolo, e ne e ba kgothaletsa gore ba akanye ka bokgoni jwa gagwe jwa go fedisa ntwa. (Pesalema 46:9) Ka tsela nngwe, Jehofa o ile a fedisa ntwa mo metlheng ya bogologolo ka go sireletsa batho ba gagwe gore ba se ka ba tlhaselwa ke ditšhaba tse di neng di ba tlhoile. Le fa go ntse jalo, Baebele e solofetsa gore go ise go ye kae Modimo o tla dira seo ka selekanyo se segolo fa a tla bo a fedisa dintwa mo lefatsheng lotlhe.—Isaia 2:4.
A Jehofa o sa ntse a thusa baobamedi ba gagwe le gompieno? Ee. Tota e bile, moaposetoloi Paulo o ile a rotloetsa Bakeresete a tiisitse gore ba ikaege ka Jehofa gore a ba thuse. (Bahebera 13:6) Dintlha tse di mo go Pesalema 46 di nonotsha tsela e ka yone re tshepang maatla a Modimo a go sireletsa. Di re thusa go tsaya Modimo e le “botshabelo le nonofo ya rona.”—Pesalema 46:1.
Leba bidio eno e khutshwane gore o bone se se mo bukeng ya Dipesalema.
a Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bona setlhogo se se reng “Jehofa ke Mang?”