Laboraro, October 15
Ke nna Alefa le Omega.—Tshen. 1:8.
Alefa ke alefabete ya ntlha mo dialefabeteng tsa Segerika, mme omega ke ya bofelo. Fa Jehofa a re, “Ke nna Alefa le Omega” o bontsha gore fa a simolotse sengwe, o a se fetsa. Fa Jehofa a sena go bopa Adame le Efa, o ne a ba raya a re: “Atang lo nne bantsi lo tlatse lefatshe lo bo lo nne beng ba lone.” (Gen. 1:28) Fa Jehofa a ne a bua se a se ikaeletseng ka batho le ka lefatshe, e ne e le tshimologo kgotsa “Alefa.” Fa Jehofa a tla bo a dirile se a se solofeditseng, bana ba ga Adame le Efa ba tladitse lefatshe e bile ba dirile gore e nne paradaise, seo e tla bo e le bokhutlo kgotsa “Omega.” Fa Jehofa a sena go bopa “magodimo le lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go tsone,” o ile a bua sengwe se se bontshang gore o ne a tla netefatsa gore boikaelelo jwa gagwe ka batho le ka lefatshe bo tla diragadiwa kwa bowelong jwa letsatsi la bosupa.—Gen. 2:1-3. w23.11 5 ¶13-14
Labone, October 16
Baakanyang tsela ya ga Jehofa! Direlang Modimo wa rona tsela e kgolo e e ralalang sekaka.—Isa. 40:3.
Go tswa kwa Babelona go ya kwa Iseraele go ne go ka tsaya dikgwedi di ka nna nnê. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a solofeditse gore o tla tlosa dikgoreletsi tsotlhe tse ba neng ba ka kopana le tsone mo tseleng. Bajuda ba ba ikanyegang ba ne ba itse gore go boela kwa Iseraele, go ne go tla ba tswela mosola thata le fa ba ne ba ka tshwanelwa ke go tlogela dilo dingwe. Fa ba le kwa Iseraele ba ne ba tla kgona go obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang. Go ne go se na tempele ya ga Jehofa kwa Babelona. Molao wa ga Moshe o ne o laela Baiseraele gore ba ntshe ditlhabelo. Le fa go ntse jalo, go ne go se na dibeso kgotsa baperesiti kwa Babelona. Mo godimo ga moo, batho ba ba neng ba obamela medingwana ba ne ba le bantsi thata go feta ba ba neng ba obamela Jehofa e bile ba tshela ka melao ya gagwe. Ka jalo, Bajuda ba le bantsi ba ba neng ba rata Jehofa ba ne ba swegaswega pelo go boela kwa Iseraele gore ba kgone go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. w23.05 14-15 ¶3-4
Labotlhano, October 17
Tswelelang lo tsamaya jaaka bana ba lesedi.—Baef. 5:8.
Ga go motlhofo go dira se se siameng mo lefatsheng leno le le tletseng boitsholo jo bo sa siamang. Ka jalo re tlhoka thuso ya moya wa Modimo o o boitshepo gore re kgone go tswelela re itshwara “jaaka bana ba lesedi.” (1 Bathes. 4:3-5, 7, 8) Moya o o boitshepo o ka re thusa gore re se ka ra akanya jaaka batho ba lefatshe leno ba ba sa ikobeleng Jehofa. Gape o ka re thusa gore “re dire se se siameng e bile re tsamaye mo tseleng e e siameng.” (Baef. 5:9) Re tshwanetse go dira eng gore Jehofa a re neye moya wa gagwe o o boitshepo? Re tshwanetse go o rapelela. Jesu o ne a re fa re ‘kopa moya o o boitshepo,’ Jehofa o tla re o naya. (Luke 11:13) Gape Jehofa o re naya moya wa gagwe o o boitshepo fa re le kwa dipokanong re mmaka re na le Bakeresete mmogo le rona. (Baef. 5:19, 20) Moya o o boitshepo wa Modimo o re thusa gore re tshele ka tsela e e mo itumedisang. w24.03 23-24 ¶13-15