LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
Kitsiso
Dipuo tse disha tse di leng gone: Betsimisaraka (Northern), Betsimisaraka (Southern), Konkomba, Matses, Mi'kmaq
  • Gompieno

Labotlhano, October 17

Tswelelang lo tsamaya jaaka bana ba lesedi.​—Baef. 5:8.

Ga go motlhofo go dira se se siameng mo lefatsheng leno le le tletseng boitsholo jo bo sa siamang. Ka jalo re tlhoka thuso ya moya wa Modimo o o boitshepo gore re kgone go tswelela re itshwara “jaaka bana ba lesedi.” (1 Bathes. 4:3-5, 7, 8) Moya o o boitshepo o ka re thusa gore re se ka ra akanya jaaka batho ba lefatshe leno ba ba sa ikobeleng Jehofa. Gape o ka re thusa gore “re dire se se siameng e bile re tsamaye mo tseleng e e siameng.” (Baef. 5:9) Re tshwanetse go dira eng gore Jehofa a re neye moya wa gagwe o o boitshepo? Re tshwanetse go o rapelela. Jesu o ne a re fa re ‘kopa moya o o boitshepo,’ Jehofa o tla re o naya. (Luke 11:13) Gape Jehofa o re naya moya wa gagwe o o boitshepo fa re le kwa dipokanong re mmaka re na le Bakeresete mmogo le rona. (Baef. 5:19, 20) Moya o o boitshepo wa Modimo o re thusa gore re tshele ka tsela e e mo itumedisang. w24.03 23-24 ¶13-15

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025

Matlhatso, October 18

Nnang lo kope mme lo tla newa; nnang lo batle mme lo tla bona; nnang lo kokote mme lo tla bulelwa.​—Luke 11:9.

A o tlhoka bopelotelele jo bo oketsegileng? Fa go le jalo, kopa Jehofa gore a go thuse. Bopelotelele ke nngwe ya dinonofo tse moya o o boitshepo o re thusang go nna le tsone. (Bagal. 5:22, 23) Ka jalo, re ka kopa Jehofa gore a re neye moya o o boitshepo le gore a re thuse go nna le nonofo eno. Fa go tlhaga maemo a a thata, re tshwanetse go ‘nna re kopa’ moya o o boitshepo gore o re thuse go nna pelotelele. (Luke 11:13) Gape re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse go akanya jaaka ene. Fa re sena go rapela, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re nne pelotelele. Fa re nna re kopa Jehofa gore a re thuse gore re nne pelotelele e bile re leka ka natla go bontsha nonofo eno, Jehofa o tla re thusa gore re nne le yone. Go akanyetsa kwa teng ka batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng le gone go ka re tswela mosola. Baebele e bua ka batho ba le bantsi ba ba neng ba le pelotelele. Go akanyetsa kwa teng ka bone, go ka re thusa go bona ditsela tse re ka bontshang bopelotelele ka tsone. w23.08 22 ¶10-11

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025

Sontaga, October 19

[Digelang] matloa a lona kwa tlase gore lo tshware ditlhapi.​—Luke 5:4.

Jesu o ile a tlhomamisetsa moaposetoloi Petere gore Jehofa o ne a tla mo tlhokomela. Fa a sena go tsosiwa, o ne a dira kgakgamatso e a kileng a e dira. O ile a dira gore Petere le baaposetoloi ba bangwe ba tshware ditlhapi tse dintsi. (Joh. 21:4-6) Ga go pelaelo gore kgakgamatso eo, e ile ya tlhomamisetsa Petere gore Jehofa o ne a tlile go mo naya dilo tse a neng a di tlhoka. Gongwe e bile o ile a gopola gore Jesu o ile a re Jehofa o ne a tla tlhokomela batho ba ba nnang ba ‘batla Bogosi pele.’ (Math. 6:33) Seo se ile sa thusa Petere gore a dire tiro ya go rera go na le go tshwara ditlhapi. Ka Pentekosete ya 33 C.E. o ne a neela puo e e ileng ya thusa batho ba le bantsi gore ba amogele dikgang tse di molemo. (Dit. 2:14, 37-41) Moragonyana o ile a thusa Basamaria le batho ba e neng e se Bajuda gore e nne balatedi ba ga Jesu. (Dit. 8:14-17; 10:44-48) Eleruri Jehofa o ile a dirisa Petere gore a thuse batho ba ditšhaba tse di farologaneng gore ba mo direle! w23.09 20 ¶1; 23 ¶11

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela