LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yp2 kgao. 35 ts. 289-296
  • Nka Dira Eng Gore ke Nne Tsala ya Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dira Eng Gore ke Nne Tsala ya Modimo?
  • Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botlhokwa Jwa go Ithuta
  • Thapelo e Botlhokwa
  • Se se Diragalelang Motho
  • Nka Dirisa Jang Nako Ya me Ka Botlhale?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Ke Eng fa Tsala Ya me E Nkutlwisitse Botlhoko?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • A ke Kolobediwe?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Nka Dirisa Jang Nako Ya me Ka Botlhale?
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
yp2 kgao. 35 ts. 289-296

Kgaolo 35

Nka Dira Eng Gore ke Nne Tsala ya Modimo?

Fa Jeremy a sena go welwa ke masetlapelo o ne a lemoga kafa go leng botlhokwa ka gone go nna le kamano le Modimo. O tlhalosa jaana: “Rre o ne a tsamaya mo lapeng fa ke ne ke na le dingwaga di le 12. Bosigo bongwe ke ne ka rapela ke le mo bolaong ke kopa Jehofa gore a dire gore rre a boe.”

E re ka Jeremy a ne a tlaletswe o ne a simolola go bala Baebele. Mafoko a Pesalema 10:14 a ne a mo ama pelo fela thata. Temana eo e bua jaana ka ga Jehofa: “Yo o tlhokileng lesego, e bong mosimane yo o se nang rre, o ineela mo go wena. Wena o fetogile mothusi wa gagwe.” Jeremy a re: “Ke ne ke utlwa gore Jehofa o bua le nna mme o nkitsise gore ke mothusi wa me; le gore ke Rre. Ke rre yo o molemo go feta ope fela yo motho a ka nnang le ene.”

E KA ne o le mo seemong se se tshwanang le sa ga Jeremy kgotsa o se mo go sone, Baebele e bontsha gore Jehofa o batla gore o nne tsala ya gagwe. Tota e bile Baebele ya re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Akanya ka se mafoko ao a se kayang: Tota le fa o sa kgone go mmona—e bile a le mogolo mo a ka se kang a nna molekane wa gago—Jehofa Modimo o go kopa gore o nne tsala ya gagwe!

Mme gone gore o nne tsala ya Modimo o tla tshwanelwa ke go dira maiteko mangwe. Ka sekai: Fa o na le sejalo mo ntlong o a itse gore se ka se ka sa ikgolela fela. Gore se gole sentle o tshwanetse go se nosetsa ka metlha le go se baya mo lefelong le le siameng. Go ntse jalo le ka go nna tsala ya Modimo. O ka dira eng go godisa botsala joo?

Botlhokwa Jwa go Ithuta

Botsala bo akaretsa gore batho ba babedi ba buisane—boobedi ba tshwanetse go reetsana le go buisana. Go ntse fela jalo le ka go nna tsala ya Modimo. Go bala Baebele le go e ithuta ke tsela e re reetsang ka yone se Modimo a se buang le rona.—Pesalema 1:2, 3.

Ke boammaaruri gore, go ithuta e ka tswa e le sengwe sa dilo tse o sa di rateng. Basha ba le bantsi ba ka nna ba bona go le botoka go leba thelebishene, go tshameka kgotsa go iketla le ditsala go na le go ithuta. Mme gone fa o batla go nna tsala ya Modimo, ga go tsela pedi, o tshwanetse go ithuta. O tla tshwanelwa ke go mo reetsa ka go ithuta Lefoko la gagwe.

Le fa go ntse jalo, se tshwenyege. Go ithuta Baebele ga e a tshwanela go nna mokgweleo. O ka ithuta go go rata—le fa o tsaya gore ga o motho yo o ratang go ithuta. Selo sa ntlha se o tshwanetseng go se dira ke go ipha nako ya go ithuta Baebele. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Lais a re: “Ke itiretse thulaganyo. Moso mongwe le mongwe ke simolola ka go bala kgaolo e le nngwe mo Baebeleng.” Maria wa dingwaga di le 15 ene o na le thulaganyo e e farologaneng. A re: “Bosigo bongwe le bongwe pele ke robala ke bala ditemana di sekae mo Baebeleng.”

Gore o kgone go simolola thulaganyo ya go ithuta, bona lebokoso le le mo tsebeng ya 292. Go tswa foo, kwala fa tlase fano nako e ka yone o ka kgonang go dirisa metsotso e ka nna 30 o ithuta Lefoko la Modimo.

․․․․․

Fa o dirile thulaganyo, ga go reye gore o feditse. Fa jaanong o simolola go ithuta, o ka nna wa lemoga gore ga se ka metlha go leng motlhofo go bala Baebele. Gongwe o dumalana le Jezreel wa dingwaga di le 11, yo o neng a bua jaana a sa okaoke, “Dikarolo dingwe tsa Baebele di tlhoka gore o tlhome mogopolo tota gore o di tlhaloganye e bile ga di kgatlhe.” Fa o ikutlwa ka tsela eo, se latlhele seditse. Ka metlha tsaya go ithuta Baebele e le nako ya go reetsa fa tsala ya gago Jehofa Modimo e bua le wena. Fa o ntse o iteka ka natla, kgabagare o tla itumelela go ithuta Baebele mme go tla go solegela molemo!

Thapelo e Botlhokwa

Thapelo ke tsela ya go bua le Modimo. A bo thapelo e le mpho e e molemo jang ne! O ka bua le Jehofa Modimo nako nngwe le nngwe, motshegare kgotsa bosigo. O nna a le teng. Gape o batla go utlwa se o batlang go mmolelela sone. Ke sone se Baebele e go rotloetsang jaana: “Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.”—Bafilipi 4:6.

Fela jaaka temana eno e bontsha go na le dilo di le dintsi tse o ka buang le Jehofa ka tsone. Dilo tseno di akaretsa mathata le ditlhobaelo tsa gago. Di akaretsa le dilo tse o di lebogelang. Boammaaruri ke gore le ditsala tsa gago o a di leboga ka dilo tse di molemo tse ba go direlang tsone. O ka leboga le Jehofa yo o go diretseng dilo di le dintsi go feta tse ditsala tsa gago tse dingwe di neng di ka go direla tsone.—Pesalema 106:1.

Kwala fa tlase fano dingwe tsa dilo tse o lebogang Jehofa go bo a go neile tsone.

․․․․․

Ke boammaaruri gore nako le nako o nna le mathata a a dirang gore o tlhobaele. Pesalema 55:22 ya re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.”

Mo meleng e e latelang, kwala dilo le fa e ka nna dife tse di go tlhobaetsang tse o batlang go rapela ka tsone.

․․․․․

Se se Diragalelang Motho

Go na le karolo nngwe e e amang botsala jwa gago le Modimo e o sa tshwanelang go e tlhokomologa. Mopesalema Dafide o ne a kwala jaana: “Lekang mme lo bone gore Jehofa o molemo.” (Pesalema 34:8) Fa Dafide a ne a kwala Pesalema ya bo34, o ne a sa tswa go diragalelwa ke dilo dingwe tse di boifisang. O ne a tshaba Kgosi Saulo yo o neng a batla go mmolaya—e leng tiragalo e e boifisang fela thata. Mme o ne a tshwanelwa ke go kopa go iphitlha mo babeng ba gagwe ba Bafilisitia. Fa Dafide a ne a lebane le loso, o ne a dirisa botlhale, a itira e kete ga a itekanela mo tlhaloganyong mme a kgona go tshaba.—1 Samuele 21:10-15.

Fa Dafide a sena go falola jalo ka lesoba la nnale, ga a ka a ikaya a le botlhale. Go na le moo, o ne a re o faloditswe ke Jehofa. Pelenyana mo pesalemeng e e umakilweng fa godimo o ne a kwala jaana: “Ke ne ka botsa Jehofa, mme a nkaraba, mme a nkgolola mo letshogong lotlhe la me.” (Pesalema 34:4) E re ka Dafide a ne a bone mo go se se mo diragaletseng, o ne a kgona go rotloetsa ba bangwe gore ba ‘leke mme ba bone gore Jehofa o molemo.’a

A o ka akanya ka sengwe se se go diragaletseng se se bontshang gore Jehofa o a go kgathalela? Fa go le jalo, kwala ka gone fa tlase fano. Sengwe se se ka go thusang: Ga e tlhoke go nna sengwe se segolo. Leka go akanya ka masego a mannye a o a bonang letsatsi le letsatsi, a mangwe a one o ka a tsayang a sa re sepe.

․․․․․

Gongwe batsadi ba gago ba go rutile Baebele. Fa go le jalo, ao ke mangwe a masego a o nang le one. Mme gone o sa ntse o tshwanelwa ke go ikagela botsala le Modimo. Fa e le gore ga o ise o dire jalo, o ka dirisa tshedimosetso e e mo kgaolong eno go go thusa go dira seo. Jehofa o tla segofatsa maiteko a gago. Baebele ya re: “Nnang lo kope, mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona.”—Mathaio 7:7.

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1 DIKGAOLO 38, LE 39

MO KGAOLONG E E LATELANG

A o go fitlhela go le thata go bua le ba bangwe ka Modimo? Ithute kafa o ka tlhalosang ka gone dilo tse o di dumelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Dibaebele dingwe di ranola mafoko a a reng “lekang mme lo bone” ka gore “iponeleng ka bolona,” “batlisisang,” le “lo tla bona mo go se se lo diragalelang.”—Contemporary English Version, Today’s English Version, le The Bible in Basic English.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—Mathaio 5:3.

KAKANTSHO

Bala ditsebe di le nnè fela tsa Baebele letsatsi le letsatsi mme o ka e fetsa mo lobakeng lwa ngwaga.

A O NE O ITSE GORE . . ?

Go bo o bala buka eno e bile o dirisa kgakololo ya yone e e tswang mo Baebeleng go bontsha gore Jehofa o a go kgatlhegela. —Johane 6:44.

SE KE SE IKAELETSENG!

Gore ke kgone go solegelwa molemo ke go ithuta Baebele, ke tla

Gore ke rapele ka metlha, ke tla

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore

O AKANYANG?

● Ke eng se o ka se dirang gore o itumelele go ithuta Baebele o le esi?

● Ke eng fa Jehofa a batla go reetsa dithapelo tsa batho ba ba sa itekanelang?

● O ka tokafatsa jang tsela e o rapelang ka yone?

[Mafoko a a mo go tsebe 291]

“Fa ke ne ke sa ntse ke le monnye, ke ne ke boaboe-letsa selo se le sengwe fa ke rapela. Gone jaanong fa ke rapela ke leka go bua ka dilo tse di itumedisang le tse di sa itumediseng tse di diregileng mo letsatsing. E re ka malatsi a sa tshwane, seno se dira gore ke se ka ka boeletsa selo se le sengwe gantsintsi.’’—Eve

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 292]

Itse Baebele ya Gago

1. Tlhopha pego ya Baebele e o ka ratang go e bala. Rapela Jehofa gore a go neye botlhale gore o kgone go e tlhaloganya.

2. Bala pego eo ka kelotlhoko. O se ka wa balela fela go fetsa. Tlhoma mogopolo mo go se o se balang. Leka ka bojotlhe go itsenya mo go se o se balang: Leka go bona se se diregang foo, utlwa mantswe a batho ba o balang ka bone, dupa monko wa teng, utlwa tatso ya dijo, jalo le jalo. Bona se o se balang ka leitlho la mogopolo!

3. Akanya ka se o sa tswang go se bala. Ipotse dipotso tse di jaaka tse di latelang:

● Ke eng fa Jehofa a dirile gore pego eno e kwalwe mo Lefokong la gagwe?

● Mo bathong ba ke balang ka bone, ke bafe ba ke tshwanelwang ke go ba etsa, mme ke bafe ba e leng sekao se se ntlhagisang?

● Ke ithuta dithuto dife tse di molemo mo kgannyeng e ke e balang?

● Kgang eno e nthuta eng ka Jehofa le tsela e a dirang dilo ka yone?

4. Rapela thapelo e khutshwane. Bolelela Jehofa se o ithutileng sone mo Baebeleng le gore o ikaeletse go dirisa jang tshedimosetso eo mo botshelong jwa gago. Ka metlha, lebogela Jehofa mpho e a go neileng yone—Lefoko la gagwe, Baebele e e Boitshepo!

[Setshwantsho]

“Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, le lesedi la tsela ya me.”—Pesalema 119:105.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 294]

Dira Gore Dilo Tsa Botlhokwa di tle Pele

A o tshwaregile thata mo o sa kgoneng go rapela? A ga o na nako ya go ithuta Baebele? Gantsi seo se ikaegile ka gore ke dilo dife tse o di beileng kwa pele mo botshelong jwa gago.

Leka go dira seno: Tsaya kgamelo mme o tsenye maje a se kae a magolo mo teng ga yone. Morago ga moo, e tlatse ka motlhaba—go fitlha kwa godimo. Jaanong o tshotse kgamelo e e tletseng ka maje le motlhaba.

Tsholola motlhaba le maje ao mme o se ka wa di latlha. Jaanong leka seno: Tlatsa kgamelo ka motlhaba pele, mme o bo o leka go tsenya maje mo teng ga kgamelo. A ga a lekane? Seno ke ka gonne mo lekgetlhong leno o tsentse motlhaba pele mo kgamelong.

Ke eng se o ithutang sone? Baebele ya re: ‘Tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata.’ (Bafilipi 1:10) Fa o dira gore dilo tse di seng botlhokwa tse di jaaka boitapoloso di tle pele mo botshelong jwa gago, ga o kitla o nna le nako e e lekaneng ya go dira dilo tsa botlhokwa—go direla Modimo. Mme fa o latela kgakololo ya Baebele, o tla fitlhela o na le nako ya dilo tse di direlwang Bogosi le ya go itapolosa go se kae. Seno sotlhe se ikaegile ka gore o tsenya eng pele mo kgamelong ya gago!

[Setshwantsho mo go tsebe 290]

Fela jaaka sejalo se se mo ntlong, botsala jwa gago le Modimo bo tlhoka go tlhokomelwa gore bo gole

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela