Bakgarakgatshegi ba Kwa Asia ba ba Neng ba Tlhoma Mmusomogolo
Poifo le tlalelo di ne tsa aparela Russia. Jaaka ditsie, lesomosomo la masole a a pagameng dipitse le le tswang kwa botlhaba le ne la ralala dipoa la ganyaola, la thukutha le go nyeletsa sesole sepe fela se se kgatlhanong le bone. Karolo fela e e neng ya falola ya Russia e ne e le motsemogolo wa Novgorod. Go tswa koo motho mongwe yo o boneng ditiragalo tseno yo o neng a akabetse, o ne a kwala ka seno a re ke tlhaselo ya “merafe e e sa itseweng” e e buang puo e e sa itseweng.
BATLHASEDI bano e ne e le Ba-Mongol, batho ba ba nnang mo lefelong la setlhaba le le tletseng tlhaga le gompieno e leng Mongolia, kwa bogareng le kwa bokonebotlhaba jwa Asia. Diphenyo tsa bone tse di bofefo, tse di simolotseng kwa masimologong a lekgolo la bo13 la dingwaga C.E., di ne tsa fetola hisitori ya Asia le bontlhanngwe jwa Yuropa. Ka nako ya fa puso ya bone e setse e nonofile thata, ba ne ba busa go tswa Korea go ya Hungary le go tswa Siberia go ya India—e leng karolo e kgolo ya dinaga tse di tlhomaganeng tse di kileng tsa gapiwa go nna mmusomogolo!
Mo godimo ga gore di re naya lesedi ka hisitori ya Asia le Yuropa, dipego tse di buang ka Mmusomogolo wa Ba-Mongol o o sa nnang lobaka lo loleele di tshegetsa gape le dithuto tse dintsi tsa Baebele tse di buang ka tsela e batho ba leng ka yone le kafa ba busang batho ba bangwe ka teng. Boammaaruri jono bo akaretsa se se latelang: Kgalalelo ya motho ke lefela e bile e feta ka bonako. (Pesalema 62:9; 144:4) “Motho [o laola] motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.” (Moreri 8:9) Mme jaaka e tshwantshediwa mo Baebeleng, mebuso e e maatla ya dipolotiki e ile ya itshwara jaaka dibatana tse ka dikgoka di batlang go busa ditšhaba tse dingwe.a
Ba-Mongol E ne E le Bomang?
Ba-Mongol e ne e le morafe wa bakgarakgatshegi e bile e le bapagami ba ba ditswerere ba dipitse ba ba neng ba itshedisa ka go rua, go gweba le go tsoma. Go farologana le bontsi jwa batho ba bangwe—ba karolo e nnye fela ya bone e thapisiwang le go tlhomelelwa ntwa—mo e ka nnang monna mongwe le mongwe wa Mo-Mongol yo o nang le pitse le bora o ne a nna lesole le le nonofileng le le setlhogo. Morafe mongwe le mongwe o ne o ikanyega ka tsela e e tsepameng mo moeteledipeleng wa bone, yo o bidiwang khan.
Morago ga go lwa dingwaga di le 20, mongwe wa bo-khan yo o bidiwang Temüjin (mo e ka nnang ka 1162-1227), o ne a kopanya merafe e e ka nnang 27 kafa tlase ga puso ya gagwe. Moragonyana Bamoseleme ba Ba-Turkey ba ba bidiwang Ba-Tatar ba ne ba thusa Ba-Mongol mo ntweng. Tota e bile, fa masole a a nonofileng a Ba-Mongol a ne a ya kwa bophirima, Bayuropa ba ba neng ba tshogile ba ne ba bitsa batlhasedi bano ba re ke Ba-Tartar.b Ka 1206, fa Temüjin a ne a fetile dingwaga di le 40 go se kae, Ba-Mongol ba ne ba mo dira Genghis Khan—e leng sereto se se ka kayang “mmusi yo o maatla” kgotsa “mmusi wa lobopo.” O ne gape a itsiwe jaaka Khan yo Mogolo.
Masole a a pagameng dipitse a bahulametswi a ga Genghis Khan a ne a tlhasela ka bofefo le ka bogale, gantsi a ne a lwa dintwa tse dintsi go ralala dikilometara tse dintsintsi. Go ya ka Encarta Encyclopedia, bokgoni jwa gagwe jwa bosole “bo ne bo lekana le jwa ga Alexander yo Mogolo kgotsa Napoleon I.” Mokwalahisitori wa Moperesia Juzjani yo o neng a tshela ka nako ya ga Genghis Khan, o ne a mo tlhalosa e le motho yo o “nang le maatla a magolo, temogo, e bile e le motlhalefi.” O ne a mo tlhalosa gape e le “mmolai yo o setlhogo.”
Ka Kwa ga Mongolia
Kwa bokone jwa China go ne go nna Ba-Manchu, ba ba neng ba bitsa babusi ba bone Jin, kgotsa “Golden.” Gore ba tle ba tsene mo dikgaolong tsa Ba-Manchu, Ba-Mongol ba ne ba tshwanelwa ke go ralala sekaka sa Gobi se go neng go le thata go tsamaya mo go sone—mme mo bakgarakgatsheging bano, e ne e se sekgoreletsi se segolo, fa maemo a ne a nna maswe ba ne ba ka tshela ka go nwa mashi le madi a dipitse. Le fa Genghis Khan a ile a atolosetsa puso ya gagwe kwa China le kwa Manchuria, ntwa e ne ya tswelela ka dingwaga di le 20. Mo gare ga Ba-China, o ne a itseela bakanoki, batho ba ba dirang ka diatla, bagwebi le baenjenere ba ba neng ba ka kgona go aga metšhine ya ntwa, diragamaje tse dikgolo, le dibomo tse di dirilweng ka poere ya tlhobolo.
Fa Genghis Khan a sena go tlhomamisa taolo ya gagwe ya kgwebisano e e neng e dirwa go tswa kwa China go ya kwa Mediterranean le go ela kwa dinageng tse di kwa bophirima jo bo kgakala, o ne a leka go dira gore kgosi ya Bamoseleme ya Mo-Turkey e bong Muhammad yo o neng a agisane nae e nne molekane wa gagwe wa kgwebo. Kgosi eno ya Bamoseleme e ne e busa karolo e kgolo ya mmusomogolo e gompieno e akaretsang Afghanistan, Tajikistan, Turkmenistan, Uzbekistan, le bogolo jwa Iran.
Ka 1218, setlhopha sa baemedi ba Ba-Mongol, ba ba neng ba itira e kete ba kgatlhegela kgwebo, ba ne ba goroga mo kgaolong e e neng e busiwa ke kgosi ya Bamoseleme. Molaodi wa koo o ne a ba bolaya, mme seno se ne sa dira gore go nne le ditiragalo tse di neng tsa dira gore Ba-Mongol ba tlhasele naga ya Bamoseleme la ntlha. Mo dingwageng tse tharo tse di neng tsa latela, Ba-Mongol ba go neng go twe ba bantsi go feta ditshoswane, ba ne ka tatelano ba thukutha le go fisa ditoropo le masimo ba bo ba ganyaola batho ba ba neng ba busiwa ke Muhammad, mme ba tlogela fela ba ba neng ba na le bokgoni jo ba neng ba bo tlhoka.
Morago ga foo, masole a Ba-Mongol a go fopholediwang gore a ne a le 20 000, a ne a ralala Azerbaijan le Georgia go ya kwa dipoeng tse di kwa bokone jwa Caucasia, ba tsamaya ba fenya masole otlhe a ba neng ba kopana le one, go akaretsa le masole a Ba-Russia a le 80 000. Fa ba ntse ba le mo letsholong leno la bone la dikilometara tse 13 000, Ba-Mongol ba ne ba dikanyetsa Lewatle la Caspian ka tlhaselo e bangwe ba e tsayang e le nngwe ya tse dikgolo mo hisitoring ya bapagami ba dipitse. Diphenyo tsa bone tse di neng di tlhomagane e ne e le ketapele ya ditlhaselo tse di neng di tla latela kwa Yuropa Botlhaba ka babusi ba Ba-Mongol ba ba neng ba tla busa moragonyana.
Batlhatlhami ba ga Genghis Khan
Ögödei, morwa wa boraro mo go ba le banè ba ga Genghis Khan ba mosadi wa gagwe wa ntlha, o ne a dirwa Khan yo Mogolo yo o latelang. Ögödei o ne a tlhomamisa taolo ya gagwe mo dinageng tse di neng di setse di fentswe, a amogela lekgetho mo babusing ba maemo a a kwa tlase, mme a feleletsa letsholo la go fenya babusi ba ba bidiwang bo-Jin kwa bokone jwa China.
E le gore a tle a boloke mmusomogolo le botshelo jwa manobonobo jo Ba-Mongol ba neng ba tlwaetse go bo tshela, kgabagare Ögödei o ne a swetsa go ya ntweng gape—mme a ya go lwa le dinaga dingwe tse di neng di ise di thopiwe. O ne a bolotsa ntwa mo matlhakoreng a mabedi—kgatlhanong le dinaga tsa Yuropa kafa bophirima le kgatlhanong le babusi ba ba bidiwang bo-Sung kwa borwa jwa China. Letsholo kgatlhanong le Yuropa le ne la atlega, mme la kwa China ga le a ka la atlega. Le fa Ba-Mongol ba ne ba nna le diphenyo tse di rileng, ga ba a ka ba kgona go fenya kgaolo e kgolo ya bo-Sung.
Letsholo La go Ya Kwa Bophirima
Ka 1236, masole a go fopholediwang gore a ne a le 150 000 a ne a ya kwa bophirima go ela kwa Yuropa. A simolotse ka go tlhasela dikgaolo tse di bapileng le noka ya Volga; mme morago ba tlhasela ditoropo tsa Russia, ba di senya ba di dira matlotla. Ba-Mongol ba ne ba solofetsa gore ba ka se senye ditoropo fa batho ba ka ba naya nngwesomeng ya sengwe le sengwe sa bone. Mme Ba-Russia bone ba ne ba tlhopha go lwa. Ba-Mongol ba ne ba konopa baba ba bone ka maje, naphtha e e fisang le saltpelter ba dirisa diragamaje tse dikgolo. Fa ba sena go diga mabota a motse, batlhasedi bano ba ne ba thologela mo motseng ba bo ba ganyaola batho, moo e leng gore mokwalahisitori mongwe o ne a kwala gore, ga go na ope yo ileng a falola.
Masole a Ba-Mongol a ne a ripitla Poland le Hungary, mme a atamela melelwane ya se gone jaanong e leng Jeremane. Yuropa Bophirima yone e ne ya ipaakanyetsa ntwa, mme ga ya ka ya tla. Ögödei Khan o ne a swa ka December 1241. Ka jalo, balaodi ba masole a Ba-Mongol ba ne ba itlhaganelela gae kwa motsemogolong wa bone e leng Karakorum, e e bokgakala jwa dikilometara tse 6 000 go ya go tlhopha mmusi yo mosha.
Morwa wa ga Ögödei, e bong Güyük o ne a mo tlhatlhama. Mongwe yo o boneng go tlhomiwa ga ga Güyük go nna mmusi e ne e le moitlami wa Motadiana, yo o neng a tsaya loeto lwa dikgwedi di le 15 go ralala kgaolo e e neng e laolwa ke Ba-Mongol go isa lekwalo le le neng le tswa kwa go Mopapa Innocent IV. Mopapa o ne a batla go tlhomamisega gore Yuropa e ka se ka ya tlhaselwa gape, mme o ne a rotloetsa Ba-Mongol go nna Bakeresete. Güyük ga a ka a dira ditsholofetso dipe. Go na le moo, o ne a bolelela mopapa gore a tle le setlhopha sa dikgosi go tla go naya Khan tlotlo!
Tlhaselo e Nngwe mo Matlhakoreng a Mabedi
Khan yo Mogolo yo o neng a latela e ne e le Mongke, yo o neng a tlhongwa go nna mmusi ka 1251. Ene le monnawe Kublai ba ne ba bolotsa ditlhaselo mo bogosing jwa bo-Sung jo bo kwa borwa jwa China, fa masole a mangwe one a ne a leba kwa bophirima. Masole a a neng a leba bophirima a ne a ripitla Baghdad, mme a dira gore Damaseko e ineele. Batho ba ba ipitsang Bakeresete ba ba neng lwa ntwa ya sedumedi kgatlhanong le Bamoseleme ba ne ba ipelela phenyo eno, mme “Bakeresete” ba ba neng ba nna kwa Baghdad ba ne ba thukutha le go bolaya baagelani ba bone ba Bamoseleme.
Ka nako eo e e botlhokwa—fa Ba-Mongol ba ne ba bonala ba ikemiseditse go ripitla setšhaba sa Bamoseleme—go ne ga direga se se kileng sa direga. Go ne ga tla dikgang tsa gore Mongke o sule. Batlhasedi bano ba ne ba boela gae gape, mo lekgetlhong leno ba ne ba tlogela banna ba le 10 000 fela kwa ntweng. Moragonyana fela ga foo, masole ano a mannye a ne a ripitliwa ke masole a Baegepeto.
Tlhaselo ya borwa jwa China kgatlhanong le puso e e humileng ya bo-Sung e ne ya atlega. Tota e bile, Kublai Khan o ne a ipitsa mothei wa losika lwa segosi lo losha lwa Ba-China, lo a neng a lo bitsa Yuan. Lefelo le a neng a le dira motsemogolo wa gagwe o mosha, gompieno le itsege e le Beijing. Morago ga go fenya batshegetsi ba ba neng ba setse ba losika lwa segosi lwa Sung kwa bofelong jwa bo1270, Kublai o ne a busa China e e kopaneng lekgetlho la ntlha fa e sa le losika lwa segosi lwa Tang le phutlhama ka 907.
Dikgaogano le go Phutlhama
Mo masimologong a lekgolo la bo14 la dingwaga, Mmusomogolo o o nonofileng wa Ba-Mongol o ne wa simolola go phutlhama. Go na le mabaka a mantsi a a bakileng seno. Lebaka la ntlha ke go lwela puso ga ditlogolwana tsa ga Genghis Khan go go neng ga dira gore mmusomogolo oo o kgaogane go nna mmuso wa bo-khan ba le mmalwa. Gape Ba-Mongol ba ne ba kopakopana le merafe mengwe e ba neng ba e gapile. Kwa China go lwela puso go ne ga koafatsa bolaodi jwa ditlogolwana tsa ga Kublai. Ka 1368 Ba-China ba ba neng ba lapisitswe ke babusi ba ba se nang bokgoni, ba ba boferefere, le makgetho a a kwa godimo, ba ne ba thankgolola babusi ba bone ba ba Yuan, ba ba pateletsa go boela kwa Mongolia.
Jaaka sefefo se se bogale, khuduego ya Ba-Mongol e ne ya tla ka bonako, ya nna lobakanyana, mme e bo e feta. Le fa go ntse jalo, e ne ya itirela leina mo hisitoring ya kwa Yuropa le Asia, go akaretsa le go kopanngwa ga puso ya Mongolia le China. Eleruri, Ba-Mongolia gompieno ba tlotlomatsa khan yo mogolo wa ntlha, e bong Genghis Khan jaaka mosimolodi wa setšhaba sa bone.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ela tlhoko se se tlhalosiwang ka dibatana le mebuso ya dipolotiki, mo ditemaneng tse di latelang tsa Baebele: Daniele 7:6, 12, 17, 23; 8:20-22; Tshenolo 16:10; 17:3, 9-12.
b Bayuropa ba ne ba akanya gore Ba-Tatar e ne e le bodiabolo ba ba tswang kwa “Tatarase.” (2 Petere 2:4) Ka jalo, ba ne ba bitsa batlhasedi bano Ba-Tartar.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 13]
Go tswa mo phenyong go ya mo kgwebong
Ka nako ya fa bo ne bo atlegile thata, bogosi jwa bo-Yuan jo bo tlhomilweng ke Kublai Khan bo ne jwa rotloetsa kgwebo le bojanala mme seo se ne sa felela ka se se neng sa bidiwa “go atologa thata ga kgwebo mo hisitoring ya Yuropa le Asia.” Eno e ne e le nako ya motsamai yo o itsegeng yo o tswang kwa Italy yo o bidiwang Marco Polo (ka 1254-1324).c Ba tsamaya go ralala lefatshe kana ka sekepe, bagwebi ba Ba-Arabia, Baperesia, Baindia, le Bayuropa ba ne ba tsaya dipitse, dikhapete, majana a a tlhokegang, le ditswaiso mme ba di ananya ka dilo tse di dirilweng ka letsopa, legong le sei.
Ka 1492, Christopher Columbus o ne a tshwere kgatiso ya maeto a ga Marco Polo a tsamaya ka sekepe go ya kwa bophirima jwa Yuropa a solofetse go tlhoma kgwebisano le lelapa la segosi la Ba-Mongol. Le fa go ntse jalo, o ne a sa lemoge gore mmusomogolo oo o ne o na le dingwaga tse di fetang lekgolo o sa tlhole o le teng. Go wa ga one go ne go phutlhamisitse dikgolagano, mme Bamoseleme ba ne ba thibetse tiriso ya ditsela tse di tswang kwa Yuropa tse di yang kwa Botlhaba.
[Ntlha e e kwa tlase]
c Go bona pego ka loeto lwa ga Marco Polo lwa go ya kwa China, bala kgatiso ya June 8, 2004 ya Tsogang! ka Seesemane
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]
Ba Itsege ka go Amogela Madumedi a Batho ba Bangwe
Le fa Ba-Mongol ba ka tswa ba obamela dilo tsa tlholego, ba amogela madumedi a batho ba bangwe. Buka ya The Devil’s Horsemen e tlhalosa gore fa batho ba kwa Botlhaba ba ne ba goroga kwa toropokgolong ya Mongol e leng Karakorum ba ne ba se ka ba gakgamadiwa fela ke go huma ga yone mme gape le ke kgololosego ya bodumedi—dikereke, mafelo a kobamelo a Bamoseleme le ditempele, di ne di bapile.
Bodumedi jo bo ipitsang Bokeresete bo ne jwa tlisiwa mo go Ba-Mongol ke Ba-Nestoria ba ba neng ba ikarotse mo Kerekeng ya Byzantine kana ya kwa Botlhaba. Ba-Nestoria ba ne ba sokolola batho ba le bantsi ba ba akaretsang masika a Ba-Turkey le Ba-Asia ba ba neng ba gapilwe ke Ba-Mongol. Basadi bangwe ba basokologi ba ne ba nyalwa ke dikgosi tsa Ba-Mongol.
Ba-Mongol ba gompieno ba na le madumedi a a farologaneng. Batho ba ba ka nnang diperesente di le 30 ba obamela dilo tsa tlhago; diperesente di le 23 ke Babuda ba Ba-Lama (ba kwa Tibet); mme diperesente di le tlhano ke Bamoseleme. Bogolo jwa karolo e e setseng yone ga se badumedi.
[Mmapa mo go tsebe 15]
(Go bona mokwalo o o feletseng bona kgatiso)
Bokgakala jo Tlhotlheletso ya Ba-Mongol e bo Fitlheletseng
HUNGARY
RUSSIA
Kiev
Noka ya Volga
SIBERIA
Lewatle la Caspian
Damaseko
IRAN
Baghdad
UZBEKISTAN
MONGOLIA
Karakorum
Sekaka sa Gobi
KOREA
CHINA
Beijing
INDIA
Novgorod
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Dipitse tse dintsi, Mongolia
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Genghis Khan
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 12]
Bildarchiv Preussischer Kulturbesitz/Art Resource, NY
[Motswedi wa Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Scenic: © Bruno Morandi/age fotostock; Genghis Khan: © The Stapleton Collection/The Bridgeman Art Library