LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 11/15 ts. 15-20
  • Go Thusa ba Bangwe go Obamela Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thusa ba Bangwe go Obamela Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thusa ‘ba ba sa Dumeleng le Batho Fela’
  • Go Thusa yo o Dirang Phoso
  • Go Thusa ba Bannye go Obamela Modimo
  • Dinku Tsa ga Jehofa di Tlhoka Tlhokomelo e e Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Bareri ba Dikgang Tse di Molemo
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 11/15 ts. 15-20

Go Thusa ba Bangwe go Obamela Modimo

“Me ha . . . go tsèna moñwe eo o sa dumeleñ . . . Maōma a pelo ea gagwè aa senolwa; me yalo o tla wèla ha hatshe ka sehatlhōgō, a ōbamèla Modimo.”—1 BAKORINTHA 14:24, 25.

1-3. Batho ba le bantsi kwa Korintha ba ne ba thusiwa jang go amogelwa ke Modimo?

Mo LOETONG lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa, moaposetoloi Paulo o ne a nna ngwaga le sephatlo mo motseng wa Korintha. Koo o ne a “patèlèlwa ke lehoko, a shupetsa.” Ka matswela afe? “Bakorintha ba le bantsi, ea re ba utlwa, ba dumèla, me ba kolobediwa.” (Ditihō 18:5-11) Ba ne ba nna “ba ba itshepisicweñ . . . , ba bidicwe go nna baitshepi.”—1 Bakorintha 1:2.

2 Moragonyana Apolose o ne a etela Korintha. Pelenyana ga foo, Peresila le Akwila ba ne ba mo thusitse go tlhaloganya “tsela ea Modimo ka kèlèlèlō bogolo,” go akareletsa le kgang ya kolobetso. Ka jalo o ne a nna Mokeresete yo o kgatlhang, kana yo o amogetsweng ke Modimo. (Ditihō 18:24–19:7) Apolose, le ene, o ne a thusa Bakorintha bao pele ba neng ba ‘tsieditswe ke medimo ya disetwa e e di mumu.’ (1 Bakorintha 12:2) Go lebega batho bano ba ne ba fiwa tao ya Bibela mo magaeng a bone; mme ba ne ba ka ithuta gape ka go ya dipokanong tsa Bokeresete.—Ditihō 20:20; 1 Bakorintha 14:22-24.

3 Go ruta gono go ne go felela ka gore ba bantsi bao pele e neng e le ‘ba ba sa dumeleng kana batho fela’ ba gogelwe mo kobamelong ya boammaaruri. Abo go tshwanetse ga bo go ne go kgotsofatsa jang ne go bona banna bano le basadi ba dira botswelelopele go fitlha ba kolobediwa mme ba amogelwa ke Modimo! Se no se santse se kgotsofatsa le jaanong.

Go Thusa ‘ba ba sa Dumeleng le Batho Fela’

4. Batho ba le bantsi gompieno ba thusiwa ka ditsela dife jaaka bao ba neng ba le kwa Korintha?

4 Basupi ba ga Jehofa gompieno ba obamela taolo ya ga Jesu ya go ‘dira batho ba merafe yotlhe barutwa, le go ba kolobetsa.’ (Mathaio 28:19, 20) Morago ga go jala peo ya boammaaruri mo dipelong tse di reetsang, ba boela go ya go ba nosetsa. (1 Bakorintha 3:5-9; Mathaio 13:19, 23) Basupi ba neelana ka thuto ya legae ya Bibela mahala gore batho ba ba nang le dipotso di arabiwe le go ithuta boammaaruri jwa Bibela. Batho ba ba ntseng jalo le bone ba lalediwa go tla dipokanong tsa lefelo leo tsa Basupi ba ga Jehofa, fela jaaka “ba ba sa dumeleñ” ba ne ba kopanela mo Korintha mo lekgolong la nHha la dlngwaga. Mme Basupl ba ga Jehofa ba tshwanetse go leba batho ba ba ithutang Bibela le ba ba tlang kwa dipokanong bano jang?

5. Ke motheo ofe wa Dikwalo o o leng gone mabapi le gore go itisiwe fa go dirisanngwa le batho bangwe?

5 Re itumelela go ba bona ba atamela Modimo. Lefa go le jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore ga ba ise ba nne badumedi ba ba kolobeditsweng. Gakologelwa gape dithuto tse pedi tseo di neng di theilwe mo setlhogong se se fetileng. (1) Baiseraele ba ne ba nna ba itlhokometse mo bajaking bao, lemororo ba ne ba le gareng ga batho ba Modimo ebile ba obamela melao mengwe ya gagwe, ba e neng e le basokologi ba ba iseng ba rupisiwe, le go nna bakaulengwe mo kobamelong. (2) Bakeresete ba Korintha ba ba neng ba dirisana le ‘ba ba sa dumelang le batho fela’ ba ne ba nna ba disitse ka ntlha ya mafoko ana a ga Paulo: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ: gonne tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō?”—2 Bakorintha 6:14.

6. Ke jang “ba ba sa dumelañ” ba ka “kgalemelwang” ke dipokano, mme kgalemelo eo ke ya mofuta ofe?

6 Ka jalo lefa re amogela ‘ba ba sa dumeleng le batho fela,’ re itse gore ga ba ise ba fitlhelele ditekanyetso tsa Modimo. Ke fela jaaka Bibela mo go 1 Bakorintha 14:24, 25 e bontsha, gore bao go ka nna ga tlhokafala gore ba ‘elwetlhoko’ le eleng go “sekisiwa, [“kgalemelwa,” NW]” ke seo ba se ithutang. Go kgalemelwa mo go ntseng jalo ga se ga mofuta wa katlholelo; mme ga ba tlisiwe mo komiting ya phuthego ya katlholelo fela jaaka e ise e nne maloko a yone a a kolobeditsweng. Go na le moo, ka ntlha ya se ba se ithutang, ba basha bano ba tlhatswega pelo gore Modimo o tlhoile ditsela tsotlhe tsa bogagapa le tsa boitsholo jo bo sa siamang.

7. Ke tswelelopele efe eo baithuti ba bantsi ba ka nnang ba rata go e dira, mme ka ntlhayang?

7 Fa nako e ntse e tsamaya ba bantsi ba ba sa kolobediwang ba ka nna ba batla go dira mo go fetang go kopanela mo dipokanong fela jaaka baithuti ba ba kgatlhegang. Mafoko ana a ga Jesu a bontsha gore ke ka ntlhayang: “Morutwa ga a mogolo go heta moruti oa gagwè: me moñwe le moñwe mogañ o itekanèlañ o tla nna yaka moruti oa gagwè.” (Luke 6:40) Moithuti wa Bibela a ka lemoga gore morutisi wa gagwe o tsaya bodihedi jwa tshimo bo le botlhokwa mme o iponela boitumelo mo go jone. (Mathaio 24:14) Ka jalo, fa tumelo e ntse e gola, mongwe yo o neng a ntse a ithuta boammaaruri jwa Bibela a bile a kopanela mo dipokanong a ka nna a tsenya mafoko ana mo pelong: “Di dintlè yañ mo dithabeñ dinaō tsa gagwè eo o tlisañ mahoko a a molemō, eo o utlwatsañ kagishō, eo o tlisañ mahoko a mantlè a a molemō; eo o utlwatsañ polokō.” (Isaia 52:7; Baroma 10:13-15) Lefa a sa kolobediwa, o ka nna a batla go nna mmoledi wa Bogosi mme a atamalana gaufi le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa.

8, 9. (a) Ke eng se se tshwanetseng go dirwa fa moithuti wa Bibela a batla go nna le seabe mo bodiheding jwa phatlalatsa? (b) Fa bagolwane ba babedi ba kopana le yo o batlang go nna mmoledi le yo o mo rutang, ba tla dira eng? (c) Ke boikarabelo bofe jo mmoledi yo mosha a bo sikarang?

8 Fa Mosupi yo o tsamaisang thuto ya Bibela a fitlhela gore moithuti o eletsa go kopanela mo tirelong ya tshimo, a ka nna a tlotla sena le molebedi yo o okamelang, yo o tla rulaganyetsang gore bagolwane ba babedi ba kopane le moithuti le morutisi wa gagwe. Bagolwane ba itumela fa mongwe yo mosha a batla go direla Modimo. Ga ba kitla ba lebelela gore a nne le kitso e e tshwanang le ya ba ba kolobeditsweng le ba ba setseng ba tsweletse thata mo boammaaruring, bao go tlhokegang go le gontsi mo go bone. Lefa go le jalo, bagolwane ba tla batla go tiisetsa gore pele ga mongwe yo mosha a arola mo bodiheding jwa tshimo le phuthego, a bo a na le kitso e e oketsegileng ya dithuto tsa Bibela mme a fetotse botshelo jwa gagwe go fitlhelela melao-metheo ya Modimo. Ka jalo ke ka mabaka a a molemo gore bagolwane ba babedi ba kopane le yo o batlang go nna mmoledi le Mosupi yo o ithutang nae.a

9 Bagolwane ba babedi ba tla bolelela moithuti gore fa a tshwanelega go ka kopanela mo tirelong ya tshimo, mme ebile a na le seabe mo go yone a ka nna a tlisa pego ya gagwe ya tirelo ya tshimo a bo a direlwa karata ya Rekoto ya Mmoledi ya Phuthego ka leina la gagwe. Seno se tla bontsha gore ke mongwe wa tsamaiso ya bolegodimo ya Basupi ba ga Jehofa mme ebile o ineetse mo go yone. (Seno se tla dirwa gape go botlhe ba ba tlisang dipego tsa tirelo ya tshimo.) Puisano e tshwanetse go akareletsa gape kgakololo ya Bibela, jaaka e umakilwe mo ditsebeng 98 le 99 tsa Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona.b Ka jalo, eno e tla bo e le nako e e siameng gore moithuti a bone sekaelo sa gagwe sa botho sa buka eo.

10. (a) Mmoledi yo o sa kolobediwang a ka dira botswelelopele jang, mme ka mokgele ofe? (b) Ke ka ntlhayang fa go dirilwe phetogo mo lereong le le reng “leloko le le amogelegang”? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)

10 Motho yo o tshwanelegelang go nna mmoledi yo o sa kolobediwang wa mafoko a a molemo o mo tseleng ya go ka fetoga ‘motho yo o kgatlhegelwang.’c (Luke 2:14) Lefa aise a ineele le go kolobediwa, jaanong o ka nna a bega tirelo ya gagwe ya go supa gammogo le dimilione tsa bao ba tlhagafetseng mo lefatsheng lotlhe bao ba ‘bolelang lefoko la Modimo.’ (Ditihō 13:5; 17:3; 26:22, 23) Kitsiso ya gore ke mmoledi yo o sa kolobediwang yo mosha e tla dirwa mo phuthegong. O tshwanetse go tswelela go ithuta Bibela, a tsaya karolo mo dipokanong, a dirisa seo a se ithutang le go se abalana le ba bangwe. Go ise go e kae, o tla batla go tsaya kgato ya go kolobediwa jaaka Mokeresete, ka jalo a fetoga yo o amogetsweng ke Modimo mme a ‘tshwaelwa’ poloko.—Esekiele 9:4-6.

Go Thusa yo o Dirang Phoso

11. Phuthego e dirisana jang le badira-phoso ba ba kolobeditsweng?

11 Mo setlhogong se se fetileng, re ne ra tlotla ka dipaakanyetso tsa phuthego tsa go thusa Bakeresete ba ba kolobeditsweng ba ba dirang boleo jo bo masisi. (Bahebera 12:9-13) Mme re bone go tswa mo Bibeleng gore fa mosiamolodi yo o kolobeditsweng a sa ikwatlhae, go ka nna ga tlhokega gore phuthego e mo leleke mme morago ga foo go seka ga nniwa le botsalano bope le ene. (1 Bakorintha 5:11-13; 2 Yohane 9-11; 2 Bathesalonia 2:11, 12) Lefa go le jalo, ke dikgato dife, tse di ka tsewang fa mmoledi yo o sa kolobediwang a dira phoso e e masisi kana a leofa?

12. (a) Ke ka ntlhayang fa thuso e e kutlwelobotlhoko e fiwa gape le baboledi ba ba sa kolobediwang ba ba dirang boleo? (b) Molao-motheo o o mo go Luke 12:48 o ka amana jang le boikarabelo jo motho yo o dirileng phoso a nang le jone?

12 Jude o ne a kgothaletsa gore Bakeresete ba ba tloditsweng bao ba neng ba na le dipelaelo kana ba ba neng ba wetse mo boleong jwa nama, ba utlwelwe botlhoko fela fa ba ne ba ikwatlhaya. (Yude 22, 23; bona gape 2 Bakorintha 7:10.) A jaanong, he, go ne go sa tshwanela gore le eleng motho yo o sa kolobediwang yo o dirileng phoso a bontsha boikwatlhao le ene a utlwelwe botlhoko? (Ditihō 3:19) Ee, ka go bo motheo wa gagwe wa semoya o sa nonofa, le boitemogelo jwa gagwe ka botshelo jwa Bokeresete bo le bonnye. O ka nna a bo a ise a ithute megopolo ya Modimo ka dilo dingwe. Ga a ise a ko a nne le puisano ya Bibela ya pele ga kolobetso le bagolwane, mme ga a ise a tseye kgato e e masisi ya go kolobediwa mo metsing. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a bolela go re “leha e le mañ eo o neilweñ segolo, go tla lōpiwa segolo mo go èna.” (Luke 12:48) Ka jalo, go lebeletswe go le gogolo mo go ba ba kolobeditsweng, bao, ka ntlha ya kitso e e oketsegileng le mas ego a bone, ba nang le boikarabelo jo bo kgethegileng.—Yakobe 4:17; Luke 15:1-7; 1 Bakorintha 13:11.

13. Fa mmoledi yo o sa kolobediwang a dira phoso, bagolwane ba tla dira eng go mo thusa?

13 Go dumalana le kgakololo ya ga Paulo, bakaulengwe ba ba tshwanelegang mo se moyeng ba tla batla go thusa mongwe fela wa baboledi ba ba sa kolobediwang yo o tsayang kgato e e phoso pele a itemoga. (Bapisa Bagalatia 6:1.) Bagolwane ba ka kopa ba le babedi ba bone (e ka nna ya nna bao ba ileng ba kopana le ene pele) go leka go mo thusa fa a batla thuso. Ba tla dira jalo, eseng ka go eletsa go mo kgalemela ka masisi, mme e le ka kutlwelobotlhoko le ka moya 00 oleng. (Pesalema 130:3) Mo mabakeng a mantsi, kgothatso ya Dikwalo le dikakantsho tse di mosola di tla mo thusa go ikwatlhaya le go mo tsenya mo tseleng e e siameng.

14, 15. (a) Go dirwa eng fa modira-phoso a ikwatlhaya eleruri? (b) Mo mabakeng a mangwe ke tlhaloso efe e potlana e e phepafatsang e e ka dirwang?

14 Bagolwane ba babedi bao ba tla mo naya kaelo e e tshwanelang boemo jwa gagwe jwa motho yo o sa kolobediwang yo o dirileng phoso. Mo mabakeng a mangwe, ba ka nna ba dira gore yo o dirileng phoso a seka a tsaya karolo mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo kana gore a letlelelwe go arabela kwa dipokanong. Kana ba ka mmolelela gore a seka a tsaya karolo mo bodiheding jwa phatlalatsa le phuthego go fitlha a dira botswelelopele jo bo oketsegileng jwa semoya. Morago ba ka mmolelela gore a ka kopanela gape mo bodiheding jwa tshimo. Mme fa phoso ya gagwe e ile ya seka ya buega bosula phatlalatsa ebile e ile ya seka ya tlhagisa kotsi mo bophepeng jwa letsomane, ga go tlhokege gore phuthego e tlhagisiwe ka go itsisiwe.

15 Lefa go le jalo, go tweng he, fa bagolwane ba babedi bao ba fitlhela e le gore motho yo o dirileng phoso o ikwatlhaya ka mmannete, lemororo phoso ya gagwe e itsege? Kana go tweng fa phoso e ka itsege thata morago ga foo? Mo mabakeng oomabedi, ba ka nna ba itsise Komiti ya Tirelo ya Phuthego, eo e tla rulaganyetsang kitsiso e e motlhofo fela e e reng: “Kgang e e amang . . . e sekasekilwe, mme o tla nna a tswelela go dira jaaka mmoledi yo o sa kolobediwang mo phuthegong.” Fela jaaka mo dikgannyeng tsotlhe tse di ntseng jalo, bagolwane ba phuthego ba ka nna ba sekaseka gore a go tla bo go le botlhale go fa puo ya Dikwalo le kgakololo mo nakong e e tlang mabapi le mofuta o o ntseng jalo wa phoso.

16, 17. (a) Ke mo mabakeng afe a mabedi ao mo go one go ka dirwang kitsiso e e farologaneng? (b) Kitsiso e e ntseng jalo e neelwe jang?

16 Ka dinako tse dingwe, mmoledi yo o sa kolobediwang yo o dirileng phoso o ka nna a se reetse kgakololo eo e e lorato. Kana mmoledi yo o sa kolobediwang a ka nna a dira tshwetso ya gore ga a batle go tswelelapele go ya kolobetsong, mme a bolelela bagolwane gore ga a sa tlhole a batla go lejwa jaaka mmoledi. Go ka dirwa eng? Batho ba ba ntseng jalo ga ba tseelwe kgato ya go kgaolwa ka go bo tota-tota ba ise ba amogelwe ke Modimo. Kgato ya go kgaola baleofi ba ba sa ikwatlhaeng e dirwa fela mo go bao ‘ba neng ba bidiwa bakaulengwe,’ ebong batho ba ba kolobeditsweng. (1 Bakorintha 5:11) Lefa go le jalo, a sena se raya gore phoso e tshwanetse go tlodisiwa matlho? Nnyaa.

17 Bagolwane ba ikarabelela mo go ‘diseng letsomane la Modimo le le mo tlhokomelong ya bone.’ (1 Petere 5:2) Fa bagolwane ba babedi ba ba thusang ba lemoga gore moleofi yo o sa kolobediwang ga a ikwatlhae mme ga a tlhole a tshwanelegela go nna mmoledi, ba tla bolelela motho yoo.d Kana fa motho yo o sa kolobediwang yoo a bolelela bagolwane gore ga a sa tlhole a batla go tsewa jaaka mmoledi, ba tla amogela tshwetso ya gagwe. Mo mabakeng oomabedi, go matshwanedi gore Komiti ya Tirelo ya Phuthego e dire kitsiso e e bonolo ka nako e e tshwanelang, e e reng “ . . . ga a sa tlhole e le mmoledi wa mafoko a a molemo.”

18. (a) Morago ga kitsiso e e ntseng jalo, ke eng seo Bakeresete ba tshwanetseng go se gakologelwa fa ba dira tshwetso ka bobone ya gore ba tla tsaya kgato efe? (b) A go a tlhokafala gore batho ba ba sa kolobediwang ba ba dirileng phoso nngwe mo nakong e e fetileng ba tilwe gotlhelele?

18 Morago ga foo Basupi ba tla leba motho yoo jang? Ebu, pele e ne e le motho yo o sa ‘dumelang’ yo o tlang dipokanong. Mme morago ga moo o ne a batla mme ebile a tshwanelegela go nna mmoledi wa mafoko a a molemo. Mme ga a tlhole a ntse jalo, ka jalo ke motho wa lefatshe gape. Go ya ka Bibela ga go tlhokege gore Basupi ba tile go bua nae gotlhelele, ka go bo a sa kgaolwa.e Lefa go le jalo, Bakeresete ba tla tshwanela go itisa mo mothong yo o ntseng jalo wa lefatshe yo o sa obameleng Jehofa, fela jaaka Baiseraele ba ne ba dira ka bajaki ba ba neng ba nna nabo ba ba sa rupisiwang. Tlhagiso eno e thusa go sireletsa phuthego mo ‘sebedisong se sennye,’ kana mo selong se se bodisang. (1 Bakorintha 5:6) Fa ekare nako nngwe moragonyana a bontsha keletso ya mmatota ya go tshwarelwa thuto ya Bibela, mme sena se siame go ya ka bagolwane, gongwe se no se ka mo thusa go lemoga gape gore go obamela Jehofa le batho ba Gagwe ke tshiamelo e e molemo eleruri.—Pesalema 100.

19. Mo mabakeng a mangwe ke thuso efe e e oketsegileng eo bagolwane ba ka e neelang kwa bothokong fela?

19 Fa bagolwane ba bona gore motho mongwe wa mofuta ono o kotsi mo letsomaneng, ba ka nna ba tlhagisa kwa bothokong bao ba ka nnang mo kotsing ka ntlha ya gagwe. Ka sekai, motho yo e neng e le mmoledi pele yoo e ka nna ya bo e le mosha yo o ileng a fetoga letagwa kana motho wa boitsholo jo bo sa siamang. Lefa go ntse go itsisitswe gore ga a tlhole e le mmoledi yo o sa kolobediwang, a ka nna a leka go tsalana le basha bangwe mo phuthegong. Mo seemong se se ntseng jalo, bagolwane ba ka bua le batsadi ba basha ba ba leng mo kotsing kwa thoko, kana gongwe le eleng bone bas ha bao. (Bahebera 12:15, 16; Ditihō 20:28-30) Mo mabakeng a a sa tlwaelegang jaaka fa motho e le yo o letshwenyo kana motho yo o kotsi yo o thubakanyang a ka nna a bolelelwa gore gaa amogelesege mo dipokanong le gore fa a ka leka go tla koo o tla lejwa jaaka yo o rumolanang.

Go Thusa ba Bannye go Obamela Modimo

20. Batsadi ba Bakeresete ba thusa bana ba bone jang, mme ka matswela afe?

20 Bibela e naya batsadi boikarabelo jwa go thapisetsa bana ba bone mo tseleng ya boammaarurijwa bomodimo. (Duteronome 6:4-9; 31:12, 13) Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go kgothaletsa malapa a Bakeresete go nna le thuto ya Bibela beke le beke. Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go kgothaletsa bañ a ba bone go tswelela pele go ya boineelong le kolobetso mme ka jalo ba iponele kamogelo ya Modimo. (Diane 4:1-7) Re bona matswela a a itumedisang thata mo diphuthegong—makgolokgolo a diketekete tsa bas ha ba ba tlhomang sekao ba ba ratang Jehofa ba bile ba batla go mo obamela ka bosakhutleng.

21-23. (a) Kwa tshimologong, go dirisanngwa jang le phoso ya ngwana yo mmotlana? (b) Mo mabakeng a a ntseng jalo bagolwane ba phuthego ba na le boikarabelo bofe?

21 Batsadi ba Bakeresete le bone ba na le boikarabelo jo bogolo jwa go otlhaya le go kgalema bana ba bone, ba ba beela dithibelo dingwe kana kotlhao e e tlhokegang e e lorato. (Baefesia 6:4; Bahebera 12:8, 9; Diane 3:11, 12; 22:15) Lefa go le jalo, fa ngwana yo o neng a nt se a le mmoledi yo o sa kolobediwang a kopanela mo phosong e e masisi, bagolwane baa amega ka go bo ba “disitse meōea” ya letsomane.—Bahebera 13:17.

22 Tota-tota, phoso e e ntseng jalo e tshwanet se go tshwarwa go ya ka moo go builweng ka gone pelenyana mo setlhogong seno. Bagolwane ba babedi ba ka nna ba abelwa go sekaseka kgang eno. Ka sekai, pele ba ka nna ba tlotla le bat sadi (kana motsadi) ka se se diragetseng, gore boikutlo jwa ngwana ke eng, le gore ke dikgato dife tse di tserweng go baakanya. (Bapisa Duteronome 21:18-21.) Fa bat sadi ba Bakeresete ba kgona go laola seemo seo, bagolwane ba ka nna fela ba ba tlhola nako le nako go ba neela kgakololo e e thusang, dikakantsho, le kgothatso e e lorato.

23 Lefa go le jalo, ka dinako dingwe, go tlotla le batsadi go ile ga bontsha gore go botlhokwa thata fa bagolwane ba kopana le ngwana yo o dirileng phoso gammogo le batsadi. Ba ntse ba gakologelwa makoa a ngwana le ditshekamelo tsa bosha, balebedi ba tla leka go laya mmoledi yo mmotlana yoo, yo o sa kolobediwang ka bonolo. (2 Timotheo 2:22-26) Mo mabakeng a mangwe, go ka nna ga bonala ka phepafalo fela gore ga a tlhole a tshwanelegela go nna mmoledi mme go tlhokega gore go dirwe kitsiso e e tshwanelang.

24. (a) Lefa ngwana yo mmotlana a dirile phoso nngwe e e masisi, ke eng seo batsadi kafa tshwanelong ba tshwanetseng go se dira, mme ba ka titlhelela sena jang? (b) Seno se ka dira jang mo ngwaneng yo mmotlana yo o kgaotsweng?

24 Morago ga foo, batsadi ba tla dirang mabapi le ngwana wa bone yo monnye yo o dirileng phoso? Ba santse ba ikarabelela mo ngwaneng yoo wa bone, lefa a sa tlhole a tshwanelega jaaka mmoledi yo o sa kolobediwang, kana le eleng fa a kgaotswe ka ntlha ya go dira phoso morago ga go kolobediwa. Fela jaaka ba tla tswelela go mo naya dijo, diaparo, le bonno, ba santse ba tlhoka go mo ruta le go mo otlhaya ka Lefoko la Modimo. (Diane 6:20-22; 29:17) Batsadi ba ba lorato he ba ka rulaganyetsa gore ba mo tshwarele thuto ya Bibela, lefa a kgaotswe. f Ka gongwe o ka solegelwa molemo ke thuto eo ba tla bong ba e dira le ene a le nosi. Kana ba ka nna ba swetsa ka gore a ka nna a tswelela go kopanela mo thutong ya lelapa. Lefa a fapogile, ba batla go mmona a boela kwa go Jehofa, jaaka go dirile morwa wa sesenyi mo setshwantshong sa ga Jesu.—Luke 15:11-24.

25. Ke ka ntlhayang fa “ba ba sa dumeleñ” ba tlhokomelwa le go neelwa thuso e e lorato gompieno?

25 Mokgele wa rona wa go rera le go ruta ke go thusa ba bangwe go fetoga baobamedi ba ba itumetseng ba Modimo wa boammaaruri. ‘Ba ba sa dumeleng le batho fela’ mo Korintha ba ne ba tlhotlheletsega go ‘wa ka difatlhego tsa bone ba obamela Modimo, ba bua ba re Modimo o mo go lona ruri.’ (1 Bakorintha 14:25) Abo go ipedisa jang ne gompieno go bona batho ba ba oketsegileng ba ntse ba tla go obamela Modimo! Seno ke tiragatso e e galalelang ya seo moengele a neng a se bolela: “Kgalalèlō e nnè go Modimo kwa bogodimodimoñ, le kagishō e nnè mo lehatshiñ, mo bathuñ ba o kgatlhègañ [kana, batho ba Modimo o ba amogelang] thata mo go bōnè.”—Luke 2:14.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mongwe wa bagolwane e tshwanetse go nna leloko la Komiti ya Tirelo ya Phuthego. Yo mongwe e ka nna ya nna mogolwane yo o tlwaelaneng thata le moithuti le morutisi wa gagwe, jaaka motsamaisi wa Thuto ya Buka ya Phuthego.

b E gatisitswe ke Watehtower Bible and Tract Society ya New York, Inc., ka 1983.

c Pele, motho yo o sa kolobediwang yo a neng a tshwanelegela go nna le seabe mo tirelong ya tshimo o ne a bidiwa ‘leloko le le amogelegang.’ Lefa go ntse jalo, “mmoledi yo o sa kolobediwang” ke leina le le tlhomameng go feta, segolo-bogolo fa go iwa ka tlhaloso ya Bibela e e supang gore go amogelwa ke Modimo go tla fela ka boineelo jo bo tshwanetseng le kolobetso ya Bokeresete.

d Fa motho a sa kgotsofalela tshwetso eno, o ka nna a ikuela (mo malatsing a le supa) gore kgang ya gagwe e tlhatlhobiwe gape.

e Pelepele, motho yo o sa kolobediwang yo o neng a sa ikwatlhaele boleo o ne a tilwa gotlhelele. Jaanong, lemororo phetogo e e fa godimo e supa gore sena ga se tlhokege, kgakololo e e mo go 1 Bakorintha 15:33 e santse e tshwanetse go tsewa tsia.

f Ba-losika ba ba kgaotsweng bao ba nnang mo legaeng le sele ba tshwanetse go tshwarwa go ya ka kgakololo ya Dikwalo e go tlotlilweng ka yone go Tora ya Tebelo ya April 15, 1988, ditsebe 26-31; March 15, 1982, ditsebe 13-18.

A O A Gakologelwa?

◻ Pono ya Bakeresete ke ete ka “ba ba sa dumeleii” ba ba nnang gone mo dipokanong?

◻ Fa moithuti wa Bibela a batla go kopanela mo tirelong ya tshimo, ke dikgato dite tse bagolwane ba di latelang, mme moithuti o amogela boikarabelo bote?

◻ Ke eng se se dirwang ta mmoledi yo o sa kolobediwang a dira boleo jo bo masisi?

◻ Batsadi gammogo le bagolwane ba ka thusa bana ba babotlana ba ba nnang mo gae jang, le eleng ta basha ba ba ntseng jalo ba dira diphoso tse di masisi?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Go nna mmoledi, leta o ise o kolobediwe, ke kgato e e botlhokwa le e e molemo e e isang kwa go amogelweng ke Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela