PINA 1
Dinonofo Tsa ga Jehofa
E e Gatisitsweng
1. Wena Jehofa, Mothatayotlhe,
Ke wena Mmopi wa lobopo lotlhe.
Re bona maatla a ’go mo popong;
’Tiro tsa ’go di nnetse ruri.
2. Puso ya gago ke ya tshiamiso.
O re rutile melao ya tshiamo.
Fa re bala Lefoko la gago,
Re bona botlhale jwa gago.
3. Jah o Modimo yo o lorato.
Dimpho tsa gago ruri di molemo.
Re tla bua ka leina la gago
Le dinonofo tsotlhe tsa ’go.
(Bona le Pes. 36:9; 145:6-13; Mor. 3:14; Jak. 1:17.)