LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 96
  • Boleo ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boleo ke Eng?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Modimo yo o ‘Ikemiseditseng go Itshwarela’
    Atamalana le Jehofa
  • Jehofa, Modimo yo o ‘Iketleeditseng go Itshwarela’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • A Modimo o Batla Gore re Ipolele Maleo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Boleo
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 96
Metswi e e fositseng karolo ya konokono ya boto

Boleo ke Eng?

Karabo ya Baebele

Boleo ke tiro, boikutlo kgotsa kakanyo epe fela e e kgatlhanong le melao ya Modimo. Bo akaretsa go tlola melao ya Modimo ka go dira sengwe se se phoso kgotsa se se sa siamang mo matlhong a Modimo. (1 Johane 3:4; 5:17) Gape Baebele e tlhalosa gore fa motho a itse se se siameng mme a sa se dire, seo ke boleo ka gonne ga a ka a dira se se tshwanetseng.​—Jakobe 4:17.

Mo dipuong tsa ntlha tse Baebele e kwadilweng ka tsone, lefoko boleo le kaya “go fosa sengwe” kgotsa go palelwa ke go fitlhelela mokgele mongwe. Ka sekai, masole a Iseraele wa bogologolo a ne a itse go konopa maje mo a neng “a se ke a fosa.” Fa mafoko ano a ne a ka ranolwa lefoko ka lefoko, a ne a ka balega jaana, “a se ke a leofa.” (Baatlhodi 20:16) Ka jalo, go leofa ke go fosa letshwao la melao e e itekanetseng ya Modimo.

E re ka Modimo e le Mmopi, ke ene a nang le tshwanelo ya go beela batho melao. (Tshenolo 4:11) Re ikarabelela mo go ene ka sengwe le sengwe se re se dirang.​—Baroma 14:12.

A motho o kgona go nna fela a sa leofe?

Nnyaa. Baebele ya re “botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23; 1 Dikgosi 8:46; Moreri 7:20; 1 Johane 1:8) Goreng go ntse jalo?

Kwa tshimologong batho ba ntlha e bong Adame le Efa, ba ne ba sa leofe ka gonne ba ne ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo, ba se na boleo. (Genesise 1:27) Le fa go ntse jalo, ba ne ba nna le boleo ka ntlha ya go se ikobele Modimo. (Genesise 3:5, 6, 17-19) Fa ba tshola bana ba ne ba fetisetsa boleo joo mo go bone jaaka e kete ke bolwetse. (Baroma 5:12) Kgosi Dafide wa Iseraele o ne a re, “Ke tsholetswe mo tlolong ka ditlhabi tsa pelegi.”​—Pesalema 51:5.

A go na le maleo a a magolo go feta a mangwe?

Ee. Ka sekai, Baebele ya re banna ba Sodoma wa bogologolo ba ne ba le “bosula e bile e le baleofi ba bagolo thata” le gore boleo jwa bone bo ne bo le “boima thata.” (Genesise 13:13; 18:20) Akanya ka dilo tse tharo tse di bontshang bogolo jwa boleo.

  1. Bomasisi. Baebele e re tlhagisa gore re tile maleo a a masisi a a jaaka boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, go obamela medingwana, bogodu, botagwa, go dirisa dikgoka, go bolaya le go dirisana le meya. (1 Bakorintha 6:9-11; Tshenolo 21:8) Baebele e farologanya maleo ano le a fa motho a dira sengwe a sa se akanyetsa kgotsa a sa ikaelela, ka sekai go bua kgotsa go dira sengwe se se kgopisang ba bangwe. (Diane 12:18; Baefeso 4:31, 32) Le fa go ntse jalo, Baebele e re kgothaletsa gore re se ka ra nyenyefatsa boleo bope ka gonne bo ka dira gore re felele re tlodile melao ya Modimo le go feta.​—Mathaio 5:27, 28.

  2. Maitlhomo. Batho ba bangwe ba dira boleo ka gonne ba sa itse melao ya Modimo. (Ditiro 17:30; 1 Timotheo 1:13) Le fa gone re sa buelele maleo ano, Baebele e a farologanya le a a dirwang ka bomo. (Dipalo 15:30, 31) Maleo a a dirwang ka bomo a tswa mo ‘pelong e e bosula.’​—Jeremia 16:12.

  3. Makgetlo. Gape Baebele e farologanya go leofa gangwe le go leofa kgapetsakgapetsa ka lobaka lo loleele. (1 Johane 3:4-8) Ba ba ‘dirang boleo ka bomo,’ tota le fa ba sena go ithuta se se siameng, ba tla atlholwa ke Modimo.​—Bahebera 10:26, 27.

Batho ba ba dirileng maleo a a masisi ba ka ikutlwa ba tlaletswe ba imelwa ke diphoso tsa bone. Ka sekai, Kgosi Dafide o ne a kwala jaana: “Gonne ditlolo tsa me di fetile mo godimo ga tlhogo ya me; di boima thata mo go nna jaaka morwalo o o boima.” (Pesalema 38:4) Mme Baebele e re naya tsholofelo eno: “A moikepi a tlogele tsela ya gagwe, le motho yo o kotsi dikakanyo tsa gagwe; mme a boele kwa go Jehofa, yo o tla mo utlwelang botlhoko, le kwa Modimong wa rona, gonne o tla itshwarela ka tsela e kgolo.”​—Isaia 55:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela