PINA 115
Go Lebogela Bopelotelele Jwa Modimo
E e Gatisitsweng
1. Mmopi Jehofa o mogolo,
Wena o rata tshiamo.
Le fa go tletse bosula,
Ruri o tla bo fedisa.
Re’a itse gore ga o diege;
O na le bopelotelele.
(KHORASE)
Re go leboga ka metlha,
Ka bopelotelele jwa ’go.
2. Dingwaga fa di le sekete,
’Go wena ke ’tsatsi fela.
’Tsatsi la ’go le legolo;
Ga le kitla le diega.
O batla batho ba’ikwatlhaye,
Gore batle ba bolokiwe.
(KHORASE)
Re go leboga ka metlha,
Ka bopelotelele jwa ’go.
(Bona le Neh. 9:30; Luke 15:7; 2 Pet. 3:8, 9.)