LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 11 ts. 54-58
  • A Leina la Gago le mo Bukeng ya Botshelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Leina la Gago le mo Bukeng ya Botshelo?
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Tla “Jaaka Legodu”
  • “Maina a le Mmalwa”
  • Go Kwalelwa Ruri mo Bukeng ya Botshelo!
  • Utlwa se Moya o se Buang!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Go Rarabolola Masaitseweng a a Boitshepo
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Utlwa se Mova o se Bolelelan Diphuthe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • “O Ngangatlele se o Nang le Sone”
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 11 ts. 54-58

Kgaolo 11

A Leina la Gago le mo Bukeng ya Botshelo?

SAREDISA

1. Seemo sa semoya mo phuthegong ya Saredisa ke sefe, mme Jesu o simolola molaetsa wa gagwe jang?

DIKILOMETARA di ka nna 48 go ya kwa borwa jwa Akhisar (Thiatira) wa gompieno ke fa go neng go le phuthego e e latelang, e e neng ya amogela molaetsa o o tswang kwa go Jesu yo o galaleditsweng: Saredisa. Mo lekgolong la borataro la dingwaga pele ga motlha wa rona, motse ono e ne e le motsemogolo wa bogosi jwa bogologolo jwa Lydia e bile e le kwa go neng go nna Kgosi Croesus yo o neng a humile thata. Mo motlheng wa ga Johane, o ne o wetse mo mathateng, mme bontle jwa one jwa pele fa o ne o sa ntse o busiwa ke Croesus jaanong ke dikgang tsa nako e e fetileng fela. Ka tsela e e tshwanang, phuthego ya Bokeresete ya koo e ne e koafetse semoyeng. Ka lekgetlo la ntlha, Jesu ga a simolole molaetsa wa gagwe ka kakgolo epe. Go na le moo, a re: “Kwalela moengele wa phuthego e e kwa Saredisa o re: Tseno ke dilo tse yo o nang le meya e supa ya Modimo le dinaledi tse supa a di buang, ‘Ke itse ditiro tsa gago, gore o na le leina la gore o a tshela, mme o sule.’”—Tshenolo 3:1.

2. (a) Go bo Jesu a na le “meya e supa” go kaya eng mo Bakereseteng ba Saredisa? (b) Phuthego ya Saredisa e ne e itsege ka eng, mme boammaaruri e ne e le bofe?

2 Ke ka ntlha yang fa Jesu a itlhalosa jaaka “yo o nang le meya e supa”? Ke ka gonne meya eno e emela go elela ka botlalo ga moya o o boitshepo wa ga Jehofa. Moragonyana, Johane o e tlhalosa jaaka “matlho a supa,” a bontsha go bonela kwa teng mo moya o o boitshepo wa Modimo o go nayang Jesu. (Tshenolo 5:6) Ka gone, o kgona go bipolola le go dirisana le seemo sepe fela se se ka tswang se le gone. (Mathaio 10:26; 1 Bakorintha 4:5) Phuthego ya Saredisa e itsege e le e e tshelang, e e tlhagafetseng. Mme Jesu o kgona go bona gore e sule semoyeng. Kafa go bonalang ka teng bontsi jwa maloko a yone ba boetse mo boemong jwa go se kgathale jo bo tshwanang le jo ba neng ba le mo go jone pele ga ba nna Bakeresete.—Bapisa Baefeso 2:1-3; Bahebera 5:11-14.

3. (a) Ke ka ntlha yang fa “moengele wa phuthego e e kwa Saredisa” a tshwanetse go ela tlhoko ka mo go kgethegileng ntlha ya go bo Jesu a na le “dinaledi tse supa”? (b) Jesu o neela phuthego ya Saredisa kgakololo efe e e nonofileng?

3 Gape Jesu o gakolola “moengele wa phuthego e e kwa Saredisa” gore ke Ene yo o tshotseng “dinaledi tse supa.” O tshotse bagolwane bao ba phuthego ka seatla sa gagwe se segolo, a na le taolo ya go ba kaela mo tirong ya bone ya bodisa. Ba tshwanetse go tlhoma dipelo tsa bone mo go ‘itseng ponalo ya letsomane sentle.’ (Diane 27:23) Jalo he, ba tshwanetse go reetsa mafoko a ga Jesu a a latelang ka kelotlhoko: “Nna o disitse, o bo o nonotshe dilo tse di setseng tse di neng di le gaufi le go swa, gonne ga ke a fitlhela ditiro tsa gago di dirilwe ka botlalo fa pele ga Modimo wa me. Jalo, tswelela o ntse o gopola kafa o amogetseng ka gone le kafa o neng wa utlwa ka gone, mme o tswelele o go boloka, o bo o ikwatlhaye. Eleruri fa o sa tsoge, ke tla tla jaaka legodu, mme ga o na go itse ka gope gore ke tla tla mo go wena ka nako efe.”—Tshenolo 3:2, 3.

4. Mafoko a ga Petere a tla thusa phuthego ya Saredisa jang go ‘nonotsha dilo tse di setseng’?

4 Bagolwane ba Saredisa ba tlhoka go gakologelwa boipelo jo ba neng ba na najo pele fa ba ne ba ithuta boammaaruri le masego a ba neng ba a amogela. Mme jaanong ba sule malebana le tiro ya semoya. Lobone lwa bone lwa phuthego lo a bonyabonya ka baka la go tlhoka ditiro tsa tumelo. Dingwaga di le dintsi pele ga moo, moaposetoloi Petere o ne a kwalela diphuthego tsa Asia (tse di ka tswang di ne di akareletsa le ya Saredisa) gore di anaanele mafoko a a molemo a kgalalelo ao Bakeresete ba neng ba a amogetse le ao a nnileng a bolelwa “ka moya o o boitshepo o o rometsweng go tswa legodimong”—jaaka o emelwa ke meya e supa ya ponatshegelo ya ga Johane. Gape Petere o ne a gakolola Bakeresete bao ba Asia gore ba ne ba le ba ‘lotso lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo, setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng, gore ba bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe tsa yo o neng a ba bitsa mo lefifing a ba isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.’ (1 Petere 1:12, 25; 2:9) Go tlhatlhanya ka boammaaruri jono jwa semoya go tla thusa phuthego ya Saredisa go ikotlhaya le go ‘nonotsha dilo tse di setseng.’—Bapisa 2 Petere 3:9.

5. (a) Go ne go diragetse eng ka kanaanelo ya Bakeresete ba Saredisa? (b) Go tla diragala eng fa Bakeresete ba Saredisa ba sa tsibogele kgakololo ya ga Jesu?

5 Ka nako eno, go anaanela le go rata boammaaruri ga bone go tshwana le molelo o o tlogang o tima. Ke magala a sekae fela a a sa ntseng a tuka. Jesu o ba kgothaletsa go futswela tlhase, go tlhotlhetsa molelo, go ikotlhaela maleo a bone ao botlhaswa jwa bone bo ba gogetseng mo go one, le go nna phuthego e e tshelang semoyeng gape. (Bapisa 2 Timotheo 1:6, 7.) Kwantle ga moo, fa Jesu a tla fa a sa solofelwang teng—“jaaka legodu”—go diragatsa katlholo, phuthego ya Saredisa e tla bo e sa ipaakanya.—Mathaio 24:43, 44.

O Tla “Jaaka Legodu”

6. Jesu o ne a tla “jaaka legodu” jang ka 1918, mme ke seemo sefe se a neng a se fitlhela gareng ga ba ba neng ba ipolela gore ke balatedi ba gagwe?

6 Tlhagiso ya ga Jesu ya gore o tla tla “jaaka legodu” e dira le mo metlheng ya segompieno. E ne e dira bogolo jang mo Bakereseteng ba ba neng ba sa ntse ba tshela fa letsatsi la Morena le simologa. Ka bokhutshwane morago ga 1914, polelelopele ya Malaki e ne ya diragadiwa: “‘Ka tshoganyetso go tla tla Morena wa boammaaruri mo tempeleng ya Gagwe, yo lo mo senkang, le morongwa wa kgolagano yo lo itumelang mo go ene. Bonang! Ruri o tla tla,’ go buile Jehofa wa masomosomo.” (Malaki 3:1; Tshenolo 1:10) Jaaka “morongwa wa kgolagano,” Jesu o ne a tla go tlhatlhoba le go atlhola ba ba neng ba re ke balatedi ba gagwe. (1 Petere 4:17) Ka nako eo, ka 1918, dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di ne di tseneletse mo go tshololeng madi mo Ntweng ya Lefatshe I mme di ne di sule gotlhelele, fa re bua ka tsela ya semoya. Le eleng Bakeresete ba boammaaruri, ba pele ga ntwa ba neng ba rera ka tlhoafalo, go ne ga nna le nakonyana e ba neng ba otsela semoyeng ka yone. Bangwe ba bagolwane ba bone ba ba kwa godimo ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong, mme tiro ya go rera e ne ya batla e ema. Fa moya wa ga Jehofa o tsosa Bakeresete bano ngwaga o o latelang, e ne e se botlhe ba ba neng ba ipaakantse. Ba bangwe, jaaka makgarebana a dieleele a setshwantsho sa ga Jesu, ba ne ba sa tlhomelela semoyeng go amogela tshiamelo ya go direla Jehofa. Le fa go le jalo, ka boitumelo, go ne go na le ba bantsi bao, jaaka makgarebane a a botlhale, ba neng ba utlwile tlhagiso ya ga Jesu: “Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse letsatsi le fa e le ura.”—Mathaio 25:1-13.

7. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete gompieno ba tlhoka go nna ba disitse?

7 Go tlhoka ga Mokeresete go nna a disitse ga go a khutla mo tshimologong ya letsatsi la Morena. Mo polelelong pele ya gagwe e kgolo malebana le “sesupo sa fa dilo tseno tsotlhe di laoletswe go tla mo bokhutlong,” Jesu o ne a neela tlhagiso e e nonofileng: “Ka ga letsatsi leo kgotsa nako ga go na ope yo o itseng . . . Nnang lo lebile, nnang lo tsogile, gonne ga lo itse gore nako e e tlhomilweng e leng. Mme se ke se lo rayang ke se raya botlhe, Nnang lo disitse.” (Mareko 13:4, 32, 33, 37) Ee, go fitlha mo nakong eno, mongwe le mongwe wa rona, e ka tswa e le motlodiwa kana wa boidiidi jo bogolo, o tshwanetse go nna a thantse mme a lwantshane le go kgokgoetsegela kwa borokong jwa semoya. Fa letsatsi la ga Jehofa le tla “jaaka legodu bosigo,” e kete re ka fitlhelwa re thantse sentle e le gore re tle re amogele katlholo e e siameng.—1 Bathesalonika 5:2, 3; Luke 21:34-36; Tshenolo 7:9.

8. Ba setlhopha sa Johane gompieno ba kgothaditse batho ba Modimo jang go nna ba tshedile semoyeng?

8 Gompieno setlhopha sa Johane ka bosone se thantse mme se a bona gore se tshwanetse go kgothaletsa batho ba Modimo go nna ba tshedile semoyeng. Go diragatsa seno, go rulaganyediwa dikokoano tse di kgethegileng go kgabaganya lefatshe makgetlo a le mmalwa ngwaga le ngwaga. Mo ngwageng ya bosheng, batho ba ba nnileng teng mo dikopanong tsa kgaolo tse 2 981 ba ne ba le 10 953 744, mme badumedi ba basha ba le 122 701 ba ne ba kolobediwa. Mo dingwageng tse di fetang lekgolo, setlhopha sa Johane se dirisitse makasine wa Tora ya Tebelo go itsise leina la ga Jehofa le boikaelelo jwa gagwe. Morago ga dipogiso tse di setlhogo mo dintweng tse pedi tsa lefatshe, Tora ya Tebelo e ne ya tsosolosa Basupi ba ga Jehofa ya dira gore ba boe ba tlhagafale ka go gatisa ditlhogo tse di tshwanang le “Go Sego ba ba Pelokgale” (1919), “Mokgosi wa Gore go Tsewe Kgato” (1925), le “Pogiso e Tlholegile” (1942).

9. (a) Bakeresete botlhe ba tshwanetse ba bo ba ipotsa eng? (b) Makasine wa Tora ya Tebelo o ile wa ntsha kgothatso efe?

9 Fela jaaka mo Saredisa, jalo le gompieno mo diphuthegong, Bakeresete botlhe ba tlhoka go nna ba itlhatlhoba. Rotlhe re tshwanetse go nna re ipotsa go re: A ‘ditiro tsa rona di dirilwe ka botlalo’ fa pele ga Modimo wa rona? Kwantle ga go atlhola ba bangwe, a rona ka borona re tlhagolela moya wa go intsha setlhabelo re bile re lekela go direla Modimo tirelo ya moya otlhe? Mabapi le seno, makasine wa Tora ya Tebelo o kgothaditse ka go bua ka ditlhogo tse di tshwanang le “Nnang lo Ipontshe se Lona ka Bolona lo Leng Sone” le “Go se Tlhole re Itshelela.”a E re ka re na le thuso e e ntseng jalo ya Dikwalo, a re tlhatlhobiseng boteng jwa rona jaaka re leka go sepela ka boikokobetso le ka thapelo re thokgame fa pele ga ga Jehofa.—Pesalema 26:1-3; 139:23, 24.

“Maina a le Mmalwa”

10. Ke selo sefe se se kgothatsang se Jesu a neng a se lemoga mo phuthegong ya Saredisa, mme seno se tshwanetse go re ama jang?

10 Mafoko a a latelang a ga Jesu a a yang kwa phuthegong ya Saredisa a kgothatsa eleruri. A re: “Le fa go ntse jalo, ruri o na le maina a le mmalwa mo Saredisa a a neng a se ka a leswafatsa diaparo tsa one tsa kafa ntle, mme a tla tsamaya le nna a le mo go tse ditshweu, ka gonne a a tshwanela. Yo o fenyang o tla apesiwa diaparo tsa kafa ntle tse ditshweu; mme ga ke na go phimola leina la gagwe ka gope mo bukeng ya botshelo, ke tla itsise leina la gagwe fa pele ga ga Rre le fa pele ga baengele ba gagwe.” (Tshenolo 3:4, 5) A mafoko ano ga a re tsosolose le go nonotsha boikemisetso jwa rona jwa go ikanyega? Ka ntlha ya botlhaswa jwa setlhopha sa bagolwane, phuthego ka kakaretso e ka tshwarwa ke boroko jo bogolo jwa semoya. Le fa go le jalo, batho bangwe mo go yone ba ka leka ka bopelokgale go ipoloka ba le Bakeresete ba ba itshekileng ba ba se nang selabe mme ka gone ba tswelele ba na le leina le le molemo mo go Jehofa.—Diane 22:1.

11, 12. (a) Le eleng ka nako ya botlhanogi jo bogolo, bangwe ba tshwanetse ba bo ba ne ba tshwana le “maina a le mmalwa” a a ikanyegang ba mo Saredisa jang? (b) Bakeresete ba sekamabele ba ne ba thusega jang ka letsatsi ja Morena?

11 Ee, “diaparo tsa kafa ntle” di raya botho jo bo siameng jwa motho jaaka Mokeresete. (Bapisa Tshenolo 16:15; 19:8.) Go tshwanetse ga bo go itumedisa Jesu pelo go bona gore, le fa ba le bantsi ba itlhokomolosa dilo, “maina a le mmalwa,” Bakeresete ba ba tloditsweng ba sekae mo Saredisa, ba sa ntse ba leka go boloka botho jono. Ka tsela e e tshwanang, fa batho ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba gapiwa ke Babelona o Mogolo, e bong mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, mo makgolokgolong a dingwaga a fa botlhanogi bo ntse bo tsweletse, go tshwanetse ga bo go ne go ntse go na le batho ba sekae ba ba neng ba leka, ka ditsela tsotlhe, go dira thato ya ga Jehofa. Bano ba ne ba siame ba tshwana le korong e e fitlhegileng mo sekeding se segolo sa mofero wa makoko.—Tshenolo 17:3-6; Mathaio 13:24-29.

12 Jesu o ne a solofetsa gore o ne a tla nna le Bakeresete bano ba sekakorong “malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” O itse gore ke bomang e bile o itse maina a mantle a ba a itiretseng. (Mathaio 28:20; Moreri 7:1) A ko o akanye boipelo jwa baikanyegi bao ba ba “mmalwa” ba ba neng ba sa ntse ba tshela fa letsatsi la Morena le simologa! Kgabagare ba ne ba kgaoganngwa le dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete tse di suleng semoyeng mme ba phuthelwa mo phuthegong ya basiami e e tshwanang le phuthego ya Semerena.—Mathaio 13:40-43.

13. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba sa ‘leswafatseng diaparo tsa bone tsa kafa ntle’ ba emetswe ke masego afe?

13 Basaredisa ba ba ikanyegang go ya fela kwa bokhutlong ba bile ba sa leswafatse botho jwa bone jwa Bokeresete ba bona tiragatso ya tsholofelo e e gakgamatsang. Morago ga go tlhomiwa ga Bogosi jwa ga Jesu jwa Bomesia ka 1914, ba tsosediwa botshelong jwa semoya mme jaaka bafenyi ba apesiwa diaparo tse ditshweu tse di tshwantshetsang tshiamo ya bone e e phepa, e e se nang bosula bope. Ka go bo ba ne ba ntse ba tsamaya mo tseleng e tshesane e e isang kwa botshelong, ba tla ipelela tuelo e e sa khutleng.—Mathaio 7:14; bona gape Tshenolo 6:9-11.

Go Kwalelwa Ruri mo Bukeng ya Botshelo!

14. ‘Buka ya botshelo’ ke eng, mme ke maina a bomang a a kwadilweng mo go yone?

14 ‘Buka ya botshelo’ ke eng, mme ke maina a bomang a a tla kwalelwang ruri mo go yone? Buka ya botshelo, kana momeno, e raya rekoto ya batlhanka ba ga Jehofa ba ba tshwanelegelang go amogela mpho ya botshelo jo bo sa khutleng. (Malaki 3:16) Fano mo go Tshenolo go tewa ka mo go kgethegileng maina a Bakeresete ba ba tloditsweng. Mme maina a ba ba tshwanelegelang go amogela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le one a kwadilwe moo. Mme le gale, go ka kgonega gore maina a ‘phimolwe’ mo bukeng eo. (Ekesodo 32:32, 33) Le fa go le jalo, ba setlhopha sa Johane ba maina a bone a kwalelwang ruri mo bukeng ya botshelo go fitlhelela ba swa ba amogela botshelo jwa bosasweng kwa legodimong. (Tshenolo 2:10) Maina ano ke one a Jesu segolo bogolo a a bolelang fa pele ga ga Rraagwe le fa pele ga baengele ba Gagwe. A bo tuelo eo e le kgolo jang ne!

15. Maina a ba setlhopha sa boidiidi jo bogolo a tla kwalwa jang mo bukeng ya botshelo mo a sa kakeng a phimoga?

15 Ba boidiidi jo bogolo, bao maina a bone le one a kwadilweng mo bukeng ya botshelo, ba tla tswa mo pitlaganong e kgolo ba tshela. Ka go bontsha tumelo go kgabaganya Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu le mo tekong ya makgaolakgang e e latelang, bano ba tla duelwa ka botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng mo lefatsheng. (Daniele 12:1; Tshenolo 7:9, 14; 20:15; 21:4) He, maina a bone a tla kwalelwa ruri mo bukeng ya botshelo a sa phimoge. Ka go bo o itse se se tlhalosiwang fano ka moya o o boitshepo, a ga o arabele ka matlhagatlhaga kgothatso ya ga Jesu e e boelediwang e e reng: “A yo o nang le tsebe a utlwe se moya o se buang le diphuthego”?—Tshenolo 3:6.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Tora ya Tebelo ya July 15, 2005, le March 15, 2005.

[Setshwantsho mo go tsebe 57]

E kete leina la gago le ka nnela ruri mo bukeng ya botshelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela