LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 13 ts. 66-73
  • Reka Gouta e e Ntlafaditsweng ke Molelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Reka Gouta e e Ntlafaditsweng ke Molelo
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Wa re: ‘Ke Humile’”
  • Kgakololo Malebana le ‘go Huma’
  • Go Itogetsa ka Molemo wa Matlho wa Semoya
  • Go Solegelwa Molemo ke Kgalemo le Kotlhao
  • ‘Go ja Sejo sa Maitseboa’
  • Setulo sa Bogosi sa Bafenyi
  • Utlwa se Moya o se Buang!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Nnang Lo Ntse Lo Dumela mo Modimong le mo go Keresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Utlwa se Mova o se Bolelelan Diphuthe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • O Ikanya Modimo go le Kana Kang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 13 ts. 66-73

Kgaolo 13

Reka Gouta e e Ntlafaditsweng ke Molelo

LAODIKIA

1, 2. Phuthego ya bofelo ya tse supa go amogela molaetsa o o tswang kwa go Jesu yo o galaleditsweng e kae, mme ke dilo dife tse di neng di fitlhelwa mo motseng oo?

PHUTHEGO ya Laodikia ke yone ya bofelo mo go tse supa tse di amogetseng molaetsa o o tswang kwa go Jesu yo o tsositsweng. Mme abo molaetsa ono e le o o nayang botlhale le o o kgothatsang jang ne!

2 Gompieno, o ka fitlhela marope a Laodikia gaufi le Denizli, dikilometara di ka nna 88 go ya kwa borwabotlhaba jwa Alasehir. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Laodikia e ne e le motse o o humileng. Ka go bo o ne o le fa makgabaganyong a tsela e kgolo, e ne e le lefelo le legolo la bobolokelo jwa madi le la papadi. Go rekisiwa ga molemo o o itsegeng thata wa matlho go ne ga oketsa khumo ya one, mme gape o ne o itsege thata ka diaparo tsa letsela le le thata tseo di neng di dirwa moo ka leloba le lentle le lentsho. Bothata jwa go tlhokega ga metsi, jo bo neng bo le bogolo thata mo motseng oo, bo ne bo baakantswe ka go epa mosele wa metsi go tswa kwa metsweding ya metsi a a molelo e e neng e le kgakalanyana. Ka gone, metsi a ne a fitlha mo motseng oo a setse a le mololo fela.

3. Jesu o simolola molaetsa wa gagwe o o yang phuthegong ya Laodikia jang?

3 Laodikia o ne a le gaufi thata le Kolosa. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakolosa, o ne a umaka lokwalo lo a neng a lo kwaletse Balaodikea. (Bakolosa 4:15, 16) Ga re itse gore Paulo o ne a kwadile eng mo lokwalong loo, mme molaetsa o Jesu jaanong a o romelang kwa Balaodikieng o bontsha gore ba ne ba wetse mo boemong jo bo hutsafatsang jwa semoya. Le fa go le jalo, jaaka gale, Jesu o simolola ka go tlhalosa maemo a gagwe, a re: “Kwalela moengele wa phuthego e e kwa Laodikia o re: Tseno ke dilo tse Amen a di buang, mosupi yo o ikanyegang le yo o boammaaruri, tshimologo ya popo ka Modimo.”—Tshenolo 3:14.

4. Jesu ke “Amen” jang?

4 Ke ka ntlha yang fa Jesu a ipitsa “Amen”? Sereto seno se dira gore molaetsa wa gagwe e nne wa katlholo. “Amen” ke lefoko le le adimilweng mo Sehebereng le le rayang gore “go ntse jalo,” “a go nne jalo,” mme le dirisiwa kwa bokhutlong jwa dithapelo go dumalana le maikutlo a a boletsweng mo go tsone. (1 Bakorintha 14:16) Jesu ke “Amen” ka gonne bothokgami jwa gagwe jo bo sa tlhaeleng gope le loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo di tlhomamisitse tsa ba tsa tiisetsa go diragadiwa ga ditsholofetso tsotlhe tse di botlhokwa tsa ga Jehofa. (2 Bakorintha 1:20) Fa e sa le ka nako eo, dithapelo tsotlhe ka tshwanelo di lebisiwa kwa go Jehofa go dirisiwa Jesu.—Johane 15:16; 16:23, 24.

5. Jesu ke “mosupi yo o ikanyegang le yo o boammaaruri” ka tsela efe?

5 Gape Jesu ke “mosupi yo o ikanyegang le yo o boammaaruri.” Mo dipolelelongpele gantsi o amanngwa le boikanyego, boammaaruri, le tshiamo, ka gonne o ikanyega ka botlalo jaaka motlhanka wa ga Jehofa Modimo. (Pesalema 45:4; Isaia 11:4, 5; Tshenolo 1:5; 19:11) Ke Mosupi yo mogolo wa ga Jehofa. E bile tota, jaaka “tshimologo ya popo ka Modimo,” Jesu o ne a bolela kgalalelo ya Modimo go tswa fela kwa tshimologong. (Diane 8:22-30) Fa a ne a le motho mo lefatsheng, o ne a supa kaga boammaaruri. (Johane 18:36, 37; 1 Timotheo 6:13) Morago ga tsogo ya gagwe, o ne a solofetsa barutwa ba gagwe moya o o boitshepo le go ba raya a re: “Lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” Go simologa ka Pentekosete ya 33 C.E. go ya pele, Jesu o ne a kaela Bakeresete bano ba ba tloditsweng mo go rereng dikgang tse di molemo ‘mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.’ (Ditiro 1:6-8; Bakolosa 1:23) Eleruri, Jesu o na le tshwanelo ya go bidiwa mosupi yo o ikanyegang le yo o boammaaruri. Bakeresete ba ba tloditsweng ba Laodikia ba ne ba tla solegelwa molemo ke go reetsa mafoko a gagwe.

6. (a) Jesu o tlhalosa boemo jwa semoya jwa phuthego ya Laodikia jang? (b) Bakeresete ba Laodikia ba reteletswe ke go latela sekao sefe se se molemo sa ga Jesu?

6 Jesu o tsholetse Balaodikia molaetsa ofe? Ga a ba tsholela mafoko ape a kakgolo. Kwantle ga go ba lobela, o ba bolelela jaana: “Ke itse ditiro tsa gago, gore ga o tsididi le gone ga o mogote. Ke eletsa e kete o ka bo o ne o le tsididi kgotsa go sa nneng jalo o le mogote. Jalo, ka gonne o le mololo mme o se mogote le gone o se tsididi, ke tlile go go tlhatsa mo molomong wa me.” (Tshenolo 3:15, 16) O ne o ka arabela molaetsa o o ntseng jalo o o tswang kwa go Morena Jesu Keresete jang? A o ne o se kitla o dira gore o thanye o bo o itlhatlhobe? Ruri, Balaodikia bao ba tlhoka go itshikinya, ka gonne ba wetse mo kotselong ya semoya, gongwe ba tsaya dilo di le dintsi ka go di latlhelela fela. (Bapisa 2 Bakorintha 6:1.) Jesu, yo bone jaaka Bakeresete ba tshwanetseng ba ka bo ba ne ba mo etsa, ka metlha o ne a bontsha tlhagafalo e kgolo mo go Jehofa le mo tirelong ya gagwe. (Johane 2:17) Gape, bapelonomi ba lemogile fa a le bonolo le boingotlo ka metlha, a lapolosa jaaka sego sa metsi a a tsididi mo letsatsing le le mogote thata. (Mathaio 11:28, 29) Mme Bakeresete ba Laodikia ga ba molelo lefa e le go nna tsididi. Fela jaaka metsi a a elelelang mo motseng wa bone, ba mololo, ba motlha. Ba tshwanelwa ke go ganwa ke Jesu gotlhelele, ‘ka go ba tlhatsa mo molomong wa gagwe’! E kete rona re ka leka ka botlhaga jaaka Jesu, go neela ba bangwe tapologo ya semoya.—Mathaio 9:35-38.

“Wa re: ‘Ke Humile’”

7. (a) Jesu o lemotsha modi wa bothata jwa Bakeresete ba Laodikia jang? (b) Ke ka ntlha yang fa Jesu a re Bakeresete ba Laodikia ba ‘foufetse e bile ga ba ikatega?’

7 Tota ke eng se se bakang bothata jwa Balaodikia? Re lemotshiwa seo sentle ke mafoko a a latelang a ga Jesu: “Ka gonne wa re: ‘Ke humile e bile ke bapetse dikhumo mme ga ke tlhoke sepe gotlhelele,’ ga o itse gore o a hutsafatsa mme o tlhomola pelo o humanegile o foufetse e bile ga wa ikatega” (Tshenolo 3:17; bapisa Luke 12:16-21.) Ka go bo ba nna mo motseng o o humileng, ba ikutlwa ba babalesegile ka ntlha ya dikhumo tsa bone. Tsela ya bone ya botshelo e ka nna ya bo e amilwe ke lebala la metshameko, kago ya botshamekelo le lefelo la go itshidila mmele, mo e leng gore ba fetogile “barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo”a (2 Timotheo 3:4) Mme Balaodikia ba ba humileng dilo tse di bonalang ba humanegile semoyeng. Ba na le ‘matlotlo a se kae fela kwa legodimong,’ le gone fa e le gore a teng. (Mathaio 6:19-21) Ga ba a boloka leitlho la bone le sa raraana, ba dira Bogosi jwa Modimo e nne selo se se tlang pele mo matshelong a bone. Tota ba mo lefifing, ba foufetse, ga ba bone fa go tsenwa mo dilong tsa semoya. (Mathaio 6:22, 23, 33) Mo godimo ga moo, go sa kgathalesege diaparo tse dintle tse ba ka tswang ba ne ba di rekile ka khumo ya bone, mo ponong ya ga Jesu, ga ba a ikatega. Ga ba na diaparo tsa semoya tse di ba supang fa e le Bakeresete.—Bapisa Tshenolo 16:15.

8. (a) Boemo jo bo tshwanang le jwa Laodikia bo teng gape le mo nakong ya gompieno ka tsela efe? (b) Bakeresete bangwe ba itsieditse jang mo lefatsheng leno le le tletseng bogagapa?

8 A bo e ne e le boemo jo bo garolang pelo jang ne! Mme a gantsi ga re ke re bona seemo se se tshwanang mo malatsing a gompieno? Tota ke eng se se bakang seo? Ke boikutlo jwa go itshepa jo bo bakiwang ke go ikaega ka dithoto tsa dilo tse di bonalang le dikhumo tsa batho. Jaaka ba ba tsenang dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, bangwe ba batho ba ga Jehofa ba iphorile, ba akanya gore ba ka itumedisa Modimo ka go nna teng kwa dipokanong fela ka sewelo. Ba leka go kgotsofalela go nna “badiri ba lefoko” ba ba ikgololang fela. (Jakobe 1:22) Go sa kgathalesege go tlhagisiwa gangwe le gape ke ba setlhopha sa Johane, ba baya dipelo tsa bone mo diaparong tsa bosheng, dikara le matlo, le mo botshelong jwa boitlosobodutu le dikgatlhego. (1 Timotheo 6:9, 10; 1 Johane 2:15-17) Tseno tsotlhe di koafatsa mogopolo wa semoya. (Bahebera 5:11, 12) Go na le go iteseletsa ba le mololo, ba tlhoka go tlhosetsa ‘molelo wa moya’ le go bontsha tlhagafalo e e lapolosang botoka ya go “rera lefoko.”—1 Bathesalonika 5:19; 2 Timotheo 4:2, 5.

9. (a) Ke mafoko afe a ga Jesu a a tshwanetseng go tsibosa Bakeresete ba ba mololo, mme ka ntlha yang? (b) “Dinku” tse di timetseng di ka thusiwa jang ke phuthego?

9 Jesu o leba jang Bakeresete ba ba mololo? Mafoko a gagwe a a tlhamaletseng a tshwanetse go ba tsibosa: “Ga o itse gore o a hutsafatsa mme o tlhomola pelo o humanegile o foufetse e bile ga wa ikatega.” Digakolodi tsa bone di babogile mo ba sa kgoneng go lemoga le e leng boemo jwa bone jo bo kotlomanyang. (Bapisa Diane 16:2; 21:2.) Boemo jono jo bo masisi mo phuthegong ga bo ka ke jwa itlhokomolosiwa fela. Bagolwane le ba bangwe ba ba tlhomilweng ke bone, ka go baya sekao se se molemo sa botlhaga le go dira tiro ya bodisa ka lorato, ba ka kgona go tsosolosa “dinku” tseno tse di timetseng go nna le boipelo jo ba neng ba na najo pele jwa go direla ka pelo yotlhe.—Luke 15:3-7.

Kgakololo Malebana le ‘go Huma’

10. “Gouta” e Jesu a reng Bakeresete ba Laodikia ba e reke mo go ene ke eng?

10 A boemo jo bo hutsafatsang jwa Laodikia bo ka alafesega? Ee, fa Bakeresete bao ba ka latela kgakololo ya ga Jesu e e reng: “Ke go akantsha gore o reke mo go nna gouta e e itshekisitsweng ka molelo gore o tle o hume” (Tshenolo 3:18a) “Gouta” ya Bokeresete jwa boammaaruri, e e ntlafaditsweng ke molelo le e e ntshitsweng dilabe tsotlhe, e tla dira gore ba ‘hume malebana le Modimo.’ (Luke 12:21) Ba ka reka kae gouta ya go nna jalo? E seng mo mabolokelong a madi a lefelo la bone mme mo go Jesu! Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore gouta eo ke eng fa a ne a raya Timotheo a re a laye Bakeresete ba ba humileng gore “ba lwele go dira molemo, go huma ditiro tse di molemo, go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana, ba ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego.” Ba ne ba ka “[tshwara] botshelo jwa mmatota ka thata” fela ka go iteka ka tsela eno. (1 Timotheo 6:17-19) Balaodikia ba ba neng ba humile dilo tse di bonalang ba ka bo ba ne ba utlwile kgakololo ya ga Paulo mme ka gone ba huma semoyeng.—Bona le Diane 3:13-18.

11. Re na le dikao dife tsa motlha wa segompieno tsa batho ba ba rekang “gouta e e itshekisitsweng ka molelo”?

11 A go na le dikao tsa motlha wa segompieno tsa batho ba ba rekang “gouta e e itshekisitsweng ka molelo”? Ee, di teng! Le e leng fa letsatsi la Morena le ne le atamela, setlhopha se sebotlana sa Baithuti ba Baebele se ne sa tsiboga go lemoga maaka a dithuto tse dintsi tsa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete tsa Sebabelona, tse di jaaka Tharonngwe, go sa sweng ga moya, tlhokofatso ya molelo wa dihele, kolobetso ya masea, le kobamelo ya ditshwantsho (go akareletsa le sefapaano sa ga Maria). Bakeresete bano, fa ba buelela boammaaruri jwa Baebele, ba ne ba bolela fa Bogosi jwa ga Jehofa e le yone tsholofelo fela ya setho le gore setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu ke sone se tla tlisang poloko. Dingwaga di ka nna 40 pele ga nako, ba ne ba supa gore ngwaga wa 1914 o tshwailwe mo polelelong pele ya Baebele jaaka bofelo jwa metlha ya Baditšhaba, bo patilwe ke ditiragalo tse di tshosang mo lefatsheng.—Tshenolo 1:10.

12. Mongwe wa ba ba neng ba etelela pele mo Bakereseteng ba ba neng ba thanya e ne e le mang, mme o ne a tlhoma sekao se se tlhomologileng jang sa go boloka mahumo kwa legodimong?

12 Yo o neng a eteletse pele Bakeresete bano ba ba neng ba thanya e ne e le Charles Taze Russell, yo o neng a simolola setlhopha sa batho ba ba ithutang Baebele mo Allegheny (e jaanong e leng karolo ya Pittsburgh), kwa Pennsylvania, U.S.A., mo dingwageng tsa masimologo a bo1870. Fa a ne a simolola go hukutsa boammaaruri, Russell o ne a pataganetse kgwebo le rraagwe e bile a tloga a nna mohumi yo mogolo. Mme o ne a rekisa kgwebo ya gagwe ya mabenkele a mantsi a ba a dirisa madi a mantsi ao otlhe mo go thuseng go duelela go anamisiwa ga Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe. Ka 1884 Russell o ne a nna mookamedi wa ntlha wa lekgotla le jaanong le itsiweng e le Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. Ka 1916 o ne a tlhokafalela mo tereneng gaufi le Pampa, kwa Texas, a le mo tseleng go ya kwa New York, a lapisitswe ke loeto lwa gagwe lwa bofelo lwa go ya go rera kwa bophirima jwa United States. O ne a tlhoma sekao se se molemo thata sa go boloka mahumo a semoya kwa legodimong, sekao se gompieno se latelwang ke diketekete tsa badiredi ba ba intshitseng setlhabelo ba babulatsela.—Bahebera 13:7; Luke 12:33, 34; bapisa 1 Bakorintha 9:16; 11:1.

Go Itogetsa ka Molemo wa Matlho wa Semoya

13. (a) Molemo wa matlho wa semoya o ne o tla tokafatsa seemo sa Balaodikia jang? (b) Jesu o buelela gore go aparwe diaparo tsa mofuta ofe, mme ka ntlha yang?

13 Jesu gape o ne a laya Balaodikia bao fela thata ka go re: “O reke . . . diaparo tsa kafa ntle tse ditshweu gore o tle o apare le gore ditlhong tsa bosaikategang jwa gago di se ka tsa bonatshega, le molemo o o tshasiwang wa matlho gore o tshase matlho a gago o tle o bone.” (Tshenolo 3:18b) Ba tshwanetse go alafa bofofu jwa bone jwa semoya ka go reka molemo wa matlho o o fodisang, e seng wa bafodisi ba lefelo la bone, mme e leng wa mofuta o Jesu a le nosi a ka o ba nayang. Seno se tla ba thusa go bona tlhaloganyo ya semoya, se ba thusa go tsamaya mo ‘tselaneng ya basiami’ matlho a bone a tsepame mo go direng thato ya Modimo. (Diane 4:18, 25-27) Ka gone, ba ka apara, e seng diaparo tse di tlhwatlhwakgolo tsa leloba le lentsho tse di neng di dirwa mo lefelong leo la Laodikia mme e leng “diaparo tse ditshweu” tse dintle tse di bolelang tshiamelo e ba nang nayo jaaka balatedi ba ga Jesu Keresete.—Bapisa 1 Timotheo 2:9, 10; 1 Petere 3:3-5.

14. (a) Ke molemo ofe wa matlho wa semoya o o nnileng teng fa e sa le ka 1879? (b) Ke mang yo totatota a ileng a tshegetsa Basupi ba ga Jehofa ka thuso ya madi? (c) Mo go diriseng meneelo, Basupi ba ga Jehofa ba farologana jang le ba bangwe?

14 A mo metlheng ya segompieno go na le molemo wa matlho wa semoya? Eleruri o teng! Ka 1879 Pastor Russell, jaaka a ne a retiwa, o ne a simolola go gatisa makasine o o femelang boammaaruri, o gompieno o itsegeng lefatshe ka bophara e le Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi jwa ga Jehofa. Mo kgatisong ya one ya bobedi, o ne a bolela jaana: “Re dumela gore, [makasine ono], o engwe nokeng ke JEHOFA, mme lefa seno se ntse jalo, ga o kitla o kopa kana o kokotlela batho gore ba o tshegetse. Fa Ene yo o reng: ‘Gouta yotlhe le selefera e e mo dithabeng ke tsa me,’ a retelelwa ke go thusa ka madi a a tlhokegang, re tla tlhaloganya gore eo e tla bo e le nako ya go emisa kgatiso eno.” Baefangele bangwe ba ba rerang mo dithelebisheneng ba kokoantse mahumo a mantsi ba bile ba tshelela mo letlepung le le feteletseng (mme fa gongwe e le la boitsholo jo bo sa siamang). (Tshenolo 18:3) Phapaanong le seo, Baithuti ba Baebele ba gompieno ba itsiweng e le Basupi ba ga Jehofa, ba dirisitse meneelo yotlhe ya boithaopo e e ntsheditsweng go rulaganya le go tsweledisa thero ya lefatshe ka bophara ya Bogosi jwa ga Jehofa jo bo tlogang bo busa. Go fitlha motlheng wa gompieno setlhopha sa Johane se kaela go gatisiwa ga dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!, tseo palo ya dikhopi tsa tsone tsoopedi tse di gatisitsweng ka 2006 e nnileng tse di fetang dimilione tse 59. Tora ya Tebelo e gone ka dipuo di ka nna 150. Ke makasine o o kafa molaong wa phuthego ya Bakeresete ba ba fetang dimilione tse thataro ba ba alafileng matlho a bone ka molemo ono wa matlho wa semoya gore ba kgone go bona bodumedi jwa maaka le go bona gore go potlakile gore go rerwe dikgang tse di molemo mo ditšhabeng tsotlhe.—Mareko 13:10.

Go Solegelwa Molemo ke Kgalemo le Kotlhao

15. Ke ka ntlha yang fa Jesu a neela Bakeresete ba Laodikia kgakololo e e nonofileng, mme phuthego eo e tshwanetse go arabela jang mo go yone?

15 A re boeleng kwa Balaodikieng. Ba tla arabela kgakololo e e gagametseng ya ga Jesu jang? A ba tshwanetse go utlwa botlhoko ba bo ba nna le maikutlo a gore Jesu ga a tlhole a batla gore ba nne balatedi ba gagwe? Nnyaa, ga go a nna jalo gotlhelele. Molaetsa o tswelela ka go re: “Botlhe ba ke ba ratang ke a ba kgalemela ke ba ke ba otlhaya. Jalo tlhoafala mme o ikwatlhaye.” (Tshenolo 3:19) Fela jaaka kotlhao e e tswang kwa go Jehofa, kotlhao ya ga Jesu ke tshupo ya lorato lwa gagwe. (Bahebera 12:4-7) Ba phuthego ya Laodikia ba tshwanetse go itumelela go amega ga gagwe ka bone ka lorato mme ba dirise kgakololo ya gagwe. Ba tshwanetse go ikotlhaya, ba lemoga gore go nna mololo ga bone ke boleo. (Bahebera 3:12, 13; Jakobe 4:17) Bagolwane ba bone ba tlogele ditsela tsa bone tsa go rata dilo tse di bonalang mme ba ‘kgotletse jaaka molelo’ neo e ba e neilweng ke Modimo. Fa kalafi ya molemo wa matlho wa semoya e ntse e tsweletse go fodisa, a botlhe mo phuthegong ba bone tapologo e e tshwanang le ya phefonyana e e tsiditsana e e tswang mo molatswaneng wa metsi a a tsididi.—2 Timotheo 1:6; Diane 3:5-8; Luke 21:34.

16. (a) Lorato lwa ga Jesu le kamego di bonala jang gompieno? (b) Fa re amogela kgakololo e e nonofileng, re tshwanetse go arabela jang?

16 Go tweng ka rona gompieno? Jesu o tsweletse go ‘rata ba gagwe ba ba leng mo lefatsheng.’ Seno o tla se dira “malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Johane 13:1; Mathaio 28:20) Lorato lwa gagwe le kamego di bonala mo setlhopheng sa motlha wa segompieno sa Johane le mo dinaleding, kana bagolwane, mo phuthegong ya Bokeresete. (Tshenolo 1:20) Mo metlheng eno e e boima eleruri, bagolwane ba kgatlhegela thata go re thusa rotlhe, bagolo le bannye, go nna mo teng ga lesaka la bolegodimo, re ganelana le boitaolo, go rata dilo tse di bonalang ga bogagapa, le leswe la boitsholo jo bo sa siamang jwa lefatshe leno. Fa ka dinako tse dingwe re amogela kgakololo e e nonofileng kana kotlhao, a re gakologelweng gore “dikgalemelo tsa kotlhao ke tsela ya botshelo.” (Diane 6:23) Rotlhe ga re a itekanela mme re tshwanetse go tlhagafalela go ikotlhaya jaaka go tlhokafala e le gore re tle re baakanyege mme re nne mo loratong lwa Modimo.—2 Bakorintha 13:11.

17. Khumo e ka nna kotsi jang mo bomoyeng jwa rona?

17 Ga re a tshwanela go letlelela lorato lwa dilo tse di bonalang, dikhumo, kana go humanega go re dira mololo. Khumo e ka thusa mo go direng gore re simolole ditsela tse dintšha tsa tirelo, mme gape e ka nna kotsi. (Mathaio 19:24) Motho yo o humileng thata a ka nna a ikutlwa gore ga a tlhoke go tlhagafala mo tirong ya go rera jaaka ba bangwe, fa fela a ntsha meneelo e megolwane nako le nako. Kana a ka nna a ikutlwa gore khumo ya gagwe e mo fa tshwanelo ya go fiwa melemo mengwe. Go na le menate e mentsi le maitiso tse di ka bonwang fela ke motho yo o humileng tse batho ba bangwe ba ka se kang ba di kgona. Mme maitapoloso ao a ja nako gape a ka ntsha ba ba sa tlhokomeleng mo bodireding jwa Bokeresete, ka gone a dira gore motho yo o seng botlhale a nne mololo. E kete re ka tila mamena ao otlhe mme ra nna “re dira ka natla e bile re iteka go dira seno” ka pelo yotlhe, re lebeletse pele botshelong jo bo sa khutleng.—1 Timotheo 4:8-10; 6:9-12.

‘Go ja Sejo sa Maitseboa’

18. Jesu o neela Bakeresete ba Laodikia sebaka sefe?

18 Jesu o tswelela ka go re: “Bona! Ke eme fa setswalong mme ke a kokota. Fa motho a utlwa lentswe la me a bo a bula setswalo, ke tla tsena mo ntlong ya gagwe mme ke je sejo sa maitseboa le ene le ene a se je le nna.” (Tshenolo 3:20) E kete Bakeresete ba Laodikia ba ka amogela Jesu mo phuthegong ya bone, gore a ba thuse gore ba se ka ba nna mololo!—Mathaio 18:20.

19. Jesu o kaya eng fa a solofetsa go ja selalelo le phuthego ya Laodikia?

19 Go umaka ga ga Jesu sejo sa maitseboa kwantle ga pelaelo go gakolola Balaodikia dinako tsa fa a ne a tle a je le barutwa ba gagwe. (Johane 12:1-8) Dipaka tse di ntseng jalo ka metlha di ne di leretse ba ba neng ba le teng masego. Ka go tshwana, go ne ga nna le dipaka tse di kgethegileng morago ga tsogo ya ga Jesu tse a neng a ja le barutwa ba gagwe, dipaka tse di neng tsa ba nonotsha fela thata. (Luke 24:28-32; Johane 21:9-19) Ka gone, tsholofetso ya gagwe ya go tla mo phuthegong ya Laodikia le go ja sejo sa maitseboa le bone ke tsholofetso ya go ba leretse melemo e megolo ya semoya fa fela ba ka mo amogela.

20. (a) Kwa tshimologong ya letsatsi la Morena, go nna mololo ga ba ba mo ditumelong tse di ipitsang tsa Bokeresete go ne ga felela ka eng? (b) Katlholo ya ga Jesu e ile ya ama ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete jang?

20 Kgothatso ya ga Jesu e e lorato e a neng a e naya Balaodikia e botlhokwa jo bogolo mo Bakereseteng ba ba setseng ba batlodiwa gompieno. Bangwe ba bano ba gakologelwa gore kwa tshimologong ya letsatsi la Morena badumedi ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba le mololo ka tsela e e kotlomanyang pelo. Go na le gore ba itumelele go boa ga Morena wa rona ka 1914, baruti ba gagwe ba ne ba itlhakatlhakanya le dipolao tsa Ntwa ya Lefatshe I, e mo go yone ditšhaba di le 24 tsa di le 28 tse di neng di tlhabana di neng di iphaka fa e le tsa Bakeresete. A bo molato wa bone wa madi o ne o le mogolo jang ne! Mo Ntweng ya Lefatshe II, e le yone bogolo jwa yone e neng e lwelwa mo mafatsheng a ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, maleo a bodumedi jwa maaka gape a ne a “koame go fitlha fela kwa legodimong.” (Tshenolo 18:5) Gape, baruti ba fularetse Bogosi jwa ga Jehofa jo bo tlogang bo busa ka go ema nokeng lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba, la Ditšhaba tse di Kopaneng, le mekgatlho ya botšhaba, ya diphetogo, e go se nang epe ya yone e e ka kgonang go rarabolola mathata a setho. Jesu ga a bolo go gana baruti, a ba atlhola ka katlholo e e botlhoko le go ba latlhela kgakala, fela jaaka motshwaraditlhapi a latlha ditlhapi tse di sa jeweng tse a di tshwereng ka lotloa lwa gagwe. Seemo se se tlhomolang pelo sa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete gompieno se fa bosupi jwa gore di atlhotswe. E kete bokhutlo jwa gagwe jwa bofelo e ka nna tlhagiso mo go rona!—Mathaio 13:47-50.

21. Go simolola ka 1919 go ya pele, Bakeresete ba phuthego ya boammaaruri ba arabetse jang mafoko a ga Jesu a a neng a ya kwa phuthegong ya Laodikia?

21 Le e leng mo phuthegong ya boammaaruri, go nnile le batho bangwe ba ba leng mololo ba ba tshwanang le seno se se seng mogote o o thuthafatsang motho le fa e le botsididi jo bo lapolosang. Mme Jesu o sa ntse a rata phuthego ya gagwe fela thata. O ipaya gaufi le Bakeresete ba ba arabelang ka bopelontle, mme ba le bantsi ba mo amogetse, jaaka e kete kwa sejong sa maitseboa. Ka jalo, go simolola ka 1919 go ya pele matlho a bone a ile a budulolwa go bona se se kaiwang ke dipolelelopele tsa Baebele. Ba ipeletse motlha wa tshedimosetso e kgolo.—Pesalema 97:11; 2 Petere 1:19.

22. Jesu o ka tswa a ne a akantse ka sejo sefe sa maitseboa sa mo isagweng, mme ke bomang ba ba tla se jang le ene?

22 Fa Jesu a ne a bua le Balaodikia, a ka tswa a ne a akantse ka sejo se sengwe gape sa maitseboa. Moragonyana mo go Tshenolo re bala jaana: “Go itumela ba ba laleditsweng kwa dijong tsa maitseboa tsa lenyalo la Kwana.” Ono ke moletlo o mogolo wa dijo wa phenyo wa go baka Jehofa morago ga go diragatsa katlholo ya gagwe mo bodumeding jwa maaka—moletlo o o jewang ke Keresete le monyadwi wa gagwe yo o feletseng wa ba ba 144 000 kwa legodimong. (Tshenolo 19:1-9) Maloko a phuthego eo e e arabelang ya bogologolo ya Laodikia—ee, le bomorwarraa Keresete Jesu ba ba ikanyegang gompieno, ba ba bolokang diaparo tsa bone tse di ba tlhaolang jaaka Bakeresete ba boammaaruri ba ba tloditsweng di le phepa—botlhe ba tla kopanela le Monyadi wa bone mo sejong seo sa maitseboa. (Mathaio 22:2-13) A bo seno e le tlhotlheletso e e maatla jang ne ya go tlhoafala, le go ikotlhaya!

Setulo sa Bogosi sa Bafenyi

23, 24. (a) Jesu o bua ka tuelo efe e nngwe? (b) Jesu o ne a nna mo setulong sa gagwe sa bogosi sa Bomesia leng, mme o ne a simolola go atlhola ba ba bidiwang Bakeresete leng? (c) Jesu o ne a solofetsa barutwa ba gagwe tsholofetso efe e e molemo fa a ne a simolola Segopotso sa loso lwa gagwe?

23 Jesu o bua ka tuelo e nngwe gape, ka go re: “Yo o fenyang ke tla dira gore a nne le nna mo setulong sa me sa bogosi, fela jaaka ke ne ka fenya mme ka nna le Rre mo setulong sa gagwe sa bogosi.” (Tshenolo 3:21) Go diragatsa mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 110:1, 2, Jesu yo o ikanyegang, ka go bo a ne a fentse lefatshe, o ne a tsosiwa ka 33 C.E. mme a tlhatlosediwa go ya go nna le Rraagwe mo setilong sa Gagwe sa bogosi kwa legodimong. (Ditiro 2:32, 33) Mo ngwageng o mongwe o o botlhokwa, e leng wa 1914, Jesu o ne a goroga go nna mo setulong sa gagwe sa Bogosi sa Bomesia jaaka Kgosi le Moatlhodi. Go bonala katlholo e ne ya simologa ka 1918 mo go ba ba ipolelang e le Bakeresete. Bafenyi ba ba tloditsweng ba ba neng ba swa pele ga nako eo ba ne ba tla tsosiwa le go kopanela le Jesu mo Bogosing jwa gagwe. (1 Petere 4:17) O ne a ba solofeditse seno fa a ne a simolola Segopotso sa loso lwa gagwe, a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi, gore lo tle lo je lo bo lo nwe fa tafoleng ya me mo bogosing jwa me, lo bo lo nne mo ditulong tsa bogosi go atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.”—Luke 22:28-30.

24 A bo e le kabelo e e molemo jang ne—go nna le Kgosi e e busang mo “popong e ntšha” le go kopanela le ene mo go tsosolosetseng lefatshe la batho ba ba kutlo boitekanelong jo bo tshwanang le jwa kwa Edene, mo motheong wa setlhabelo sa gagwe se se itekanetseng! (Mathaio 19:28; 20:28) Fela jaaka Johane a re bolelela, Jesu o dira gore ba ba fenyang ba “nne bogosi, baperesiti ba Modimo wa gagwe le Rara” gore ba nne mo ditulong tsa bogosi tse di dikologileng setulo sa bogosi sa ga Jehofa se sentle sa kwa legodimong. (Tshenolo 1:6; 4:4) E kete rotlhe—e ka ne re le batlodiwa kana ba setlhopha sa batho ba lefatshe le lesha ba ba solofelang go kopanela mo go tsosoloseng Paradaise—re ka tsaya tsia mafoko a ga Jesu a a neng a a bolelela Balaodikia!—2 Petere 3:13; Ditiro 3:19-21.

25. (a) Fela jaaka Jesu a dirile mo melaetseng ya gagwe e mengwe, o konela jang molaetsa wa gagwe o o yang kwa Laodikia? (b) Bakeresete ka bongwe gompieno ba tshwanetse go arabela mafoko a ga Jesu a a neng a a bolelela phuthego ya Laodikia jang?

25 Fela jaaka mo melaetseng ya pele, Jesu o konela ono ka mafoko a kgothatso a a reng: “A yo o nang le tsebe a utlwe se moya o se buang le diphuthego.” (Tshenolo 3:22) Re tshela mo botennyeng jwa motlha wa bofelo. Go na le bosupi jo bontsi jo re bo bonang jwa gore lorato lwa bontsi jwa ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete lo tsidifetse. Phapaanong le seo, e kete rona jaaka Bakeresete ba boammaaruri re ka arabela ka botlhaga molaetseng wa ga Jesu o a neng a o bolelela phuthego ya Laodikia ee, mo melaetseng yotlhe e supa e Morena wa rona a neng a e romelela diphuthego. Seno re ka se dira ka go kopanela ka tlhagafalo mo go diragatseng polelelopele e kgolo ya ga Jesu kaga motlha wa rona: “Mme dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:12-14.

26. Jesu o bua le Johane ka tlhamalalo leng gape, mme o nna le seabe mo go eng?

26 Kgakololo ya ga Jesu e a neng a e naya diphuthego tse supa e felela fano. Ga a bue le Johane gape mo go Tshenolo go fitlha mo kgaolong ya bofelo; mme o nna le seabe mo diponatshegelong di le dintsi, ka sekai, mo go diragatseng dikatlholo tsa ga Jehofa. A jaanong re kopaneleng le ba setlhopha sa Johane mo go tlhatlhobeng ponatshegelo ya bobedi e e kgatlhisang e e senotsweng ke Morena Jesu Keresete.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mafelo ano a epolotswe fa baithutamarope ba ne ba epa kwa lefelong le go neng go le Laodikia teng.

[Lebokoso mo go tsebe 73]

Lorato lwa Dilo tse di Bonalang fa lo Bapisiwa le Botlhale

Bogologolo ka 1956, mokwaladikgang mongwe o ne a kwala jaana: “Go fopholediwa gore lekgolo la dingwaga le le fetileng motho wa maemo fela a a tlwaelegileng o ne a nna le dilo di le 72, tse 16 tsa tsone di tsewa e le tse a di tlhokang. Gompieno, go fopholediwa gore motho wa maemo fela a a tlwaelegileng o nna le dilo di le 474, tse 94 tsa tsone di tsewa e le tse a di tlhokang. Dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, babapatsi ba ne ba pateletsa motho wa maemo a a tlwaelegileng go reka dilwana di le 200—mme gompieno go na le dilwana di le 32 000 tse di rekisiwang tse motho o tshwanetseng go itshwara gore a se ka a di reka. Dilo tse motho o di tlhokang ga di dintsi thata—mme tse a di batlang, ga di na palo.” Gompieno, batho ba dirwa gore ba dumele gore khumo ya dilo tse di bonalang le dithoto ke dilo tsa konokono mo botshelong. Ka gone, ba le bantsi ba simolola go tlhokomologa kgakololo e e botlhale ya Moreri 7:12 e e reng: “Botlhale ke tshireletso fela jaaka madi e le tshireletso; mme molemo wa kitso ke gore botlhale bo boloka beng ba jone ba tshela.”

[Setshwantsho mo go tsebe 67]

Metsi a a neng a elelela mo Laodikia a ne a tla tsena a se monate a le mololo. Bakeresete ba Laodikia ba ne ba na le moya o o sa kgotsofatseng o o mololo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela