LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 1/8 ts. 28-31
  • Kgotlatshekelo ya Yuropa e Baakanya Tshiamololo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgotlatshekelo ya Yuropa e Baakanya Tshiamololo
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tshwarwa e se Kafa Molaong
  • Go Boaboa Kwa Dikgolegelong
  • Bontsi bo Tsibogela Seo
  • Boikuelo Kwa Kgotlatshekelong ya Ditshwanelo Tsa Batho ya Yuropa
  • Go Gobelelwa go a Baakanngwa
  • Kgololesego ya Bodumedi e a Diragadiwa
  • Go Sireletsa Dikgang Tse di Molemo Semolao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • ‘Go Femela le go Tlhomamisa Mafoko a a Molemo Semolao’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Lwela Kgololesego ya go Obamela
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Ba Fenya Tsheko Kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 1/8 ts. 28-31

Kgotlatshekelo ya Yuropa e Baakanya Tshiamololo

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA GREECE

BATHO ba patelediwa bosole kwa Greece. Nako nngwe le nngwe fela mo e ka nnang Basupi ba ga Jehofa ba le 300 ba tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go gana go dira ditiro tsa bosole. Amnesty International e ba tsaya e le batshwarwa ba ba tshwaretsweng ditiro tse di kgatlhanong le segakolodi sa bone mme gangwe le gape e ile ya kgothaletsa dipuso tsa Greece ka go latelana ga tsone gore di kgaogane le bone le gore di tlhome molao o o tla ba letlang go dira ditiro tsa setšhaba tse ba sa otlhaiweng ka tsone.

Ka 1988, go ne ga tlhomiwa molao o mosha o o amanang le tiro ya bosole. Gareng ga tse dingwe, molao ono o ne wa tlhalosa gore “batho ba ba latelang ga ba patelesege go tsenela bosole: . . . Batho ba e leng badiredi ba bodumedi, baitlami kana ba ba ithutelang go nna baitlami ba bodumedi jo bo itsegeng, fa e le gore ga ba batle go bo tsenela.” Badiredi ba bodumedi ba Kereke ya Orthodox ya Greece ba letlwa go se bo tsenele motlhofo fela kwa ntle ga mathata ape kana go amogwa ditshwanelo dipe fela tsa bone. A go ntse jalo le ka badiredi ba madumedi a mabotlana? Seo se ne sa lemotshega sa ba sa senoga ka bonako.

Go Tshwarwa e se Kafa Molaong

Tumalanong le molao ono, mo bofelong jwa 1989 le mo masimologong a 1990, Dimitrios Tsirlis le Timotheos Kouloumpas, ba e leng badiredi ba ba tlhomilweng ba Phuthego ya Central ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa ba Greece, mongwe le mongwe wa bone o ne a dira kopo kwa diofising tsa bone tse di kwadisang masole a masha ba kopa gore ba se ka ba akarediwa mo tirong ya bosole. Ba ne ba romela ditlankana tse di supang gore ke badiredi ba bodumedi le makwalokopo a bone. Jaaka go ne go lebeletswe, makwalokopo a bone a ne a ganwa ka lebaka le le sa utlwaleng la gore Basupi ba ga Jehofa ga se batho ba “bodumedi jo bo itsegeng.”

Mokaulengwe Tsirlis le Kouloumpas ba ne ba itlhagisa kwa diofising tsa bone tse di kwadisang masole a masha mme ba ne ba fitlha ba tshwarwa, ba latofadiwa ka gore ga ba ikobele molao ba bo ba tlhatlhelwa. Ka yone nako eo, General Headquarters for National Defense e ne ya gana kopo ya bone ya boikuelo kgatlhanong le tshwetso ya diofisi tsa bone tse di kwadisang masole a masha. Balaodi ba bosole ba ne ba ntsha lebaka la gore Holy Synod ya Kereke ya Orthodox ya Greece e ba boleletse gore Basupi ba ga Jehofa ga se bodumedi jo bo itsegeng! Seno se ne se thulana le ditshwetso tse di neng di setse di kile tsa dirwa ke dikgotlatshekelo di sekae tse di neng di bolela gore Basupi ba ga Jehofa tota ke bodumedi jo bo itsegeng.

Dikgotlatshekelo tsa bosole le tsone di ne tsa pega Tsirlis le Kouloumpas molato wa gore ga ba ikobele molao mme tsa ba atlholela dingwaga di le nnè mo kgolegelong. Bakaulengwe bano ba babedi ba ne ba dira boikuelo ka tshwetso eno kwa Kgotlatshekelong ya Boikuelo ya Bosole e e neng ya gana go sekaseka boikuelo joo ka makgetlho a le mararo e dirisa mabaka a a farologaneng. Le fa go ntse jalo, mo go lengwe le lengwe la makgetlho ao, e ne e gana go golola badiraboikuelo bao ka nakwana le mororo molao wa Greece o na le thulaganyo e e ntseng jalo.

Kafa go je lengwe, mo ditshekong tse dingwe Kgotlatshekelokgolo ya Botsamaisi e ne ya se ka ya dumalana le ditshwetso tsa General Headquarters for National Defense e bolela gore tota Basupi ba ga Jehofa ke bodumedi jo bo itsegeng.

Mo dikgweding tse 15 tse Tsirlis le Kouloumpas ba neng ba tshwanelwa ke go di fetsa ba le kwa Kgolegelong ya Bosole ya Avlona, bone le batshwarwa ba bangwe ba Basupi ba ne ba sotlwa ka tsela e e setlhogo le e e ba tlontlololang thata. Pego ya nako eo e ne ya umaka “maemo a a leswe a kgolegelo a [bagolegwa ba Basupi ba ga Jehofa] ba leng mo go one, nama e e bodileng le megatla ya dipeba e gantsi e leng mo dijong tsa bone, go fokodiwa ga dinako tsa go etelwa go ya ka melaonyana e e ipeetsweng ke Botsamaisi, disele tse di kgobelelaneng ka ntlha ya go tobelwa ka bagolegwa ba bantsi le tsela e e makgwakgwa e bagolegwa ba ba tshwaretsweng dilo tse di leng kgatlhanong le digakolodi tsa bone ba tshwarwang ka yone.”

Kgabagare, Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Bosole e ne ya se ka ya bona Mokaulengwe Tsirlis le Kouloumpas molato le fa go ntse jalo, e ne ya bolela gore Puso ga e na boikarabelo jwa go ba duela madi a phimolakeledi a go tlhatlhelwa ga bone ka gonne “go tlhatlhelwa goo go ne go bakilwe ke go itlhokomolosa dilo ga bone.” Seno se ne sa dira gore batho ba ba itseng molao ba ipotse dipotso tse di utlwalang: Ke mang yo o neng a itlhokomolosa dilo jalo? A e ne e le Basupi kgotsa dikgotlatshekelo tsa bosole?

Bakaulengwe ba ne ba gololwa mo kgolegelong ka yone nako eo mme kgabagare ba phimolwa mo bosoleng ka mabaka a gore e ne e le badiredi ba bodumedi. Fa ba sena go gololwa, Amnesty International e ne ya itsise gore e ne e itumeletse go gololwa ga ga Dimitrios Tsirlis le Timotheos Kouloumpas ya bo ya bolela gore e solofela gore mo isagweng badiredi ba Basupi ba ga Jehofa ga ba ne ba tlhola ba patelediwa go tsenela bosole go dumalana le molao wa Greece. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae tsholofelo eo e ne ya se ka ya diragala.

Go Boaboa Kwa Dikgolegelong

Modiredi yo mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a lebana le pogisego e e farologaneng go sekae ka yone kgang e e tshwanang. Ka September 11, 1991, Anastasios Georgiadis le ene o ne a dira kopo ya gore a se ka a akarediwa mo tirong ya bosole. Malatsi a le marataro morago ga foo moofisiri yo o kwadisang masole a masha o ne a mo itsise gore kopo ya gagwe e gannwe, gape e le ka gonne Holy Synod ya Kereke ya Orthodox ya Greece e sa tseye Basupi ba ga Jehofa e le bodumedi jo bo itsegeng. Ba ne ba dira jalo ba sa tseye tsia tshwetso e e tlhalositsweng sentle ya Kgotlatshekelokgolo ya Botsamaise mo kgetsing ya ga Tsirlis le Kouloumpas!

Karabo e e neng e kwadilwe ya General Headquarters for National Defense e ne ya bolela jaana: “Botsamaisi bo dirile tshwetso eno e e kgatlhanong le kopo [ya ga Georgiadis], go ya ka kgopolo e e dirilweng ka kelotlhoko ya Holy Synod ya Kereke ya Greece, e e sa tseyeng Basupi ba ga Jehofa e le bodumedi jo bo itsegeng.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

Georgiadis o ne a ya kwa Kampeng ya Thapiso ya Nafplion ka January 20 mme ka yone nako eo fela o ne a latlhelwa mo seleng ya kampa eo. Moragonyana o ne a fudusediwa kwa Kgolegelong ya Bosole ya Avlona.

Ka March 16, 1992, Kgotlatshekelo ya Bosole ya Athens e ne ya se ka ya bona Georgiadis molato. E ne e le la ntlha kgotlatshekelo ya bosole ya Greece e tsaya Basupi ba ga Jehofa e le bodumedi jo bo itsegeng. Mookamedi wa Kgolegelo ya Bosole ya Avlona o ne a mo golola ka yone nako eo, le fa go ntse jalo, o ne a mo laela gore a tle tirong gape ka April 4 kwa setheong se se kwadisang masole a masha sa kwa Nafplion. Mo go lone letsatsi leo gape Georgiadis o ne a gana go ikwadisa mme gape a pegwa molato wa gore o gana go ikobela molao, a bo a tlhatlhelwa lekgetlho la bobedi le go letela gore a tle go sekisiwa.

Ka May 8, 1992, Kgotlatshekelo ya Bosole ya Athens e ne ya se ka ya mo bona molato mo kgetsing eo e ntšha le fa go ntse jalo, e ne ya dira tshwetso ya gore a se ka a duelwa madi ape a phimolakeledi a go tlhatlhelwa ga gagwe. Georgiadis o ne a gololwa ka yone nako eo mo Kgolegelong ya Bosole ya Avlona le fa go ntse jalo, o ne a laelwa gape ka lekgetlho la boraro gore a tle tirong kwa setheong se se kwadisang masole a masha sa kwa Nafplion ka May 22, 1992! Gape o ne a gana go ikwadisa mme a pegwa molato ka lekgetlho la boraro gore o gana go ikobela molao a bo a tlhatlhelwa gape.

Ka July 7, 1992, Kgotlatshekelokgolo ya Botsamaisi e ne ya se ka ya dumalana le tshwetso eo ya September 1991, e bolela gore tota Basupi ba ga Jehofa ke bodumedi jo bo itsegeng. Kgabagare ka July 27, 1992, Georgiadis o ne a gololwa kwa Kgolegelong ya Bosole ya Thessalonica. Ka September 10, 1992, Kgotlatshekelo ya Bosole ya Thessalonica e ne ya se ka ya bona Georgiadis molato, le fa go ntse jalo, e ne ya bolela gore ga a tshwanelwa ke go duelwa madi a phimolakeledi ka gonne gape ba re go tlhatlhelwa ga gagwe e ne e le ‘ka ntlha ya go itlhokomolosa dilo ga gagwe.’

Bontsi bo Tsibogela Seo

Fa Palamente ya Yuropa e akgela ka kgetsi ya ga Georgiadis, e ne ya re: “Ruri seno ke go gobelela badiredi ba Basupi ba ga Jehofa malebana le go tsewa ba lekalekana le batho ba bangwe mo molaong le tshwanelo e ba nang le yone ya go tshwarwa ka tsela e e tshwanang le ya batho ba bangwe.”

Ka February 1992 Amnesty International e ne ya bolela gore e “dumela gore [Anastasios Georgiadis] o tshwerwe fela ka ntlha ya go bo balaodi ba bosole ba gobelela badiredi ba Basupi ba ga Jehofa, le gore e dira boikuelo jwa gore a gololwe ka bonako e bile a sa beelwa dithibelo dipe ka gonne e le mogolegwa yo o tshwaretsweng dilo tse di leng kgatlhanong le segakolodi sa gagwe.”

Tota le mosekisi mongwe wa nngwe ya ditsheko tsa ga Georgiadis o ne a patelesega go bolela jaana: “Tsela e setšhaba se gatelang pele ka yone e lemotshega sentle go ya kafa se tshwarang dikgang dingwe tse di amang baagi ba sone ka teng. Fa rona mo Greece re batla go gatela pele gore re dumalane le melao ya Yuropa, he re tshwanetse go dira dilo go dumalana le melao ya dinaga tsotlhe mme re tlogele go tlhaola batho bangwe. Selo sengwe se kgang eno e lemotshegang sentle mo go sone ke kgang ya go tlotla ditshwanelo tsa moagi mongwe le mongwe. Le fa go ntse jalo, se tota se diregang le maano a balaodi ba a dirisang a supa sentle tsela e madumedi a mabotlana a tlhaolwang ka yone le kafa a gobelelwang ka teng. Kgetsi eno e gone jaanong re e sekang e supa seno sentle.”

Ian White yo e leng leloko la Palamente ya Yuropa, yo o nnang kwa Bristol, England, o ne a kwala jaana: “Kgang ya gore Basupi ba ga Jehofa ga se ‘bodumedi jo bo itsegeng’ e tla tshegisa batho ba le bantsi mo Nageng eno. Ke boammaaruri gore, le mororo palo ya Basupi e le potlana, ba itsege thata mo Nageng eno e bile gangwe le gape ba etela batho ka ntlo le ntlo.” E re ka go na le Basupi ba ba rerang ba le 26 000 mo Greece, ruri e ka se ka ya bo e le ‘bodumedi jo bo sa itsegeng’!

Setlhopha sa maloko a le lesome sa Palamente ya Yuropa se ne sa kwala se tlhalosa kafa se sa itumelelang kgetsi ya ga Georgiadis ka teng, se bolela gore se ne se “gakgametse thata e bile se swabisitswe” ke tsela e ditshwanelo tsa batho di nyadiwang ka teng kwa Greece.

Boikuelo Kwa Kgotlatshekelong ya Ditshwanelo Tsa Batho ya Yuropa

Morago ga gore batho bano ba bararo ba ba neng ba ile ba gobelelwa ka ntlha ya bodumedi jwa bone ba se ka ba bonwa molato, botlhe ba ne ba ikutlwa ba patelesega go dira boikuelo kwa Kgotlatshekelong ya Ditshwanelo Tsa Batho ya Yuropa. Mabaka a go bo ba ile ba dira boikuelo e ne e le ka go bo ba ile ba tlhatlhelwa e se kafa molaong, e leng se ka bosone se supang go gobelelwa, le tsela e ba neng ba boga ka yone mo tlhaloganyong le mo mmeleng le matswela a a botlhoko a a amanang le boitsholo le a loago a a ileng a ba diragalela ka ntlha ya go amogwa kgololesego ya bone gangwe le gape ka lobaka lo loleele jaana. Ka ntlha ya mabaka ano ba ne ba gagamalela gore ba duelwe tlhotlhwa e e utlwalang ya phimolakeledi.

Komisi ya Ditshwanelo Tsa Batho ya Yuropa e ne ya dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore Tsirlis le Kouloumpas ba ile ba amogwa tshwanelo ya bone ya go nna le kgololesego le pabalesego, ya bolela gore go tlhatlhelwa ga bone e ne e se kafa molaong, ba tshwanelwa ke go duelwa madi a phimolakeledi le gore dikgotlatshekelo di ile tsa ba gobelela. Komisi e ne ya dira tshwetso e e tshwanang le ka kgetsi ya ga Georgiadis.

Go Gobelelwa go a Baakanngwa

Tsheko e ne ya beelwa letlha la January 21, 1997. Batho ba ne ba le bantsi mo kgotlatshekelong, go akaretsa le baithuti ba yunibesithi ya koo, babegadikgang le Basupi ba ga Jehofa ba le mmalwa ba Greece, Jeremane, Belgium le Fora.

Rre Panos Bitsaxis yo e neng e le mmueledi wa Basupi o ne a bua a tlhalosa “botlhogoethata le go kgwaralala dipelo ga balaodi ba Greece ka ntlha ya go sa batle go tsaya tsia bodumedi jo bo botlana,” e leng jwa Basupi ba ga Jehofa. O ne a kgala balaodi ba Greece ka ntlha ya mokgwa wa bone wa go leba Basupi semolao go ya ka kgopolo ya baba ba bone ba bagolo—Kereke ya Orthodox ya Greece! O ne a tswelela ka go re: “Re tla letla seno se tswelela ka lobaka lo lo kae? . . . Mme e tla nna go fitlha leng?” O ne a bua ka kgang ya “go gana go tsaya tsia batho ba bodumedi jo bongwe, e leng selo se go bonalang se sa siama fa go akanngwa gore se dirilwe ka tlhamalalo, kwantle ga mabaka, se se kafa molaong kgatlhanong le ditshwetso tse dintsi tse di dirilweng ke Kgotlatshekelokgolo ya Botsamaisi.”

Moemedi wa puso ya Greece o ne a senola tsela e balaodi ba Greece ba gobelelang ka teng ka go bua a re: “Ga re a tshwanela go lebala gore tota baagi botlhe ba Greece e ntse e le ba Kereke ya Orthodox ka makgolokgolo a dingwaga. Selo sengwe se tota se bakileng seno ke gore thulaganyo ya Kereke le maemo a badiredi ba yone le seabe sa bone mo Kerekeng di itsege sentle thata. . . . Maemo a badiredi ba Kereke ya Basupi ba ga Jehofa ga a itsege sentle go le kalo.” A bo mafoko ao a senola kafa madumedi a mabotlana a gobelelwang ka teng kwa Greece!

Kgololesego ya Bodumedi e a Diragadiwa

Katlholo e ne ya ntshiwa ka May 29. Mmusakgotla e bong Rre Rolv Ryssdal o ne a bala tshwetso eno. Kgotlatshekelo e e dirilweng ka baatlhodi ba le robonngwe, e dirile tshwetso ka bongwe fela jwa pelo gore Greece e tlotse Molawana wa 5 le 6 wa Kopano ya Yuropa. Gape e ne ya abela badirakopo tlhwatlhwa ya R319 000 ya phimolakeledi le go duelela ditshenyegelo. Sa botlhokwa le go feta ke gore tshwetso eo e ne e akaretsa dintlha di le dintsi tse di neng di ema kgololesego ya bodumedi nokeng.

Kgotlatshekelo e ne ya bolela gore “balaodi ba bosole ba ile ba itlhokomolosa ka boomo” kgang ya gore Basupi ba ga Jehofa ba tsewa e le “bodumedi jo o itsegeng” mo Greece go ya ka tshwetso e e neng e dirilwe ke Kgotlatshekelokgolo ya Botsamaisi. E ne ya tswelela pele e akgela jaana: “Go bo balaodi bano ba ile ba tatalalela go se tseye Basupi ba ga Jehofa e le ‘bodumedi jo bo itsegeng’ ka jalo ba itlhokomolosa tshwanelo ya badirakopo ya kgololesego e ne e le go ba gobelela fa go bapisiwa le tsela e badiredi ba Kereke ya Orthodox ya Greece bone ba sa patelediweng seno ka yone.”

Bobegadikgang jwa Greece bo ne jwa dira gore kgang eno e aname thata. Athens News e ne ya re: ‘Kgotlatshekelo ya Y[uropa] e kgala Greece ka ntlha ya boikuelo jwa Bajehofa.’ Tshwetso e e dirilweng mo kgetsing ya ga Tsirlis le Kouloumpas le Georgiadis kgatlhanong le Greece e re naya tsholofelo ya gore Puso ya Greece e tla fetola melao ya yone gore e dumalane le katlholo ya Kgotlatshekelo ya Yuropa e le gore Basupi ba ga Jehofa ba Greece ba ka nna le kgololesego ya bodumedi kwantle ga go tshwenngwa ke balaodi, bosole kana kereke. Mo godimo ga moo, katlholo eno ke ya bonè e Kgotlatshekelo ya Yuropa e neng ya atlhola thulaganyo ya boatlhodi ya Greece ka yone malebana le dikgang tsa kgololesego ya bodumedi.a

Basupi ba ga Jehofa ba itumelela kgololesego e ba nang le yone thata, e bile ba leka ka natla go e dirisetsa go direla Modimo le go thusa baagisani ba bone. Badiredi ba bararo bano ba Basupi ga ba a isa dikgetsi tsa bone kwa Kgotlatshekelo ya Ditshwanelo Tsa Batho ya Yuropa ka gonne ba batla madi, go na le moo, e ne e le ka ntlha ya go bo ba batla go dira se se siameng. Ka gone, botlhe ka boraro jwa bone ba ne ba swetsa ka gore madi a phimolakeledi a ba a duetsweng ba tla a dirisetsa go tsweletsa tiro ya go ruta ya Basupi ba ga Jehofa pele.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Tshwetso ya ntlha, e e neng ya dirwa ka 1993, e ne e le ya kgetsi ya ga Kokkinakis kgatlhanong le Greece; ya bobedi e e neng ya dirwa ka 1996, e ne e le ya kgetsi ya ga Manoussakis le ba Bangwe kgatlhanong le Greece.—Bona Tora ya Tebelo ya September 1, 1993, ditsebe 27-31; Tsogang!, March 22, 1997, ditsebe 14-16 (ya Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Esther le Dimitrios Tsirlis

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Timotheos le Nafsika Kouloumpas

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Anastasios le Koula Georgiadis

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela