Kgotlatshekelokgolo ya Yuropa E Tshegetsa Tshwanelo ya go Rera kwa Greece
KE KA ntlha yang fa monna yo o bakwang ke baagisani ba gagwe a ne a ka tshwarwa go feta ga 60 fa e sale ka 1938? Ke ka ntlha yang fa ralebenkele yono yo o ikanyegang yo o tswang kwa setlhaketlhakeng sa kwa Greece sa Crete a ne a ka tlisiwa fa pele ga dikgotlatshekelo tsa Greece ga 18 a bo a nna lobaka lo lo fetang dingwaga tse thataro mo kgolegelong? Ee, ke ka ntlha yang fa rralelapa yono yo o senatla, Minos Kokkinakis, a ne a ka tsewa a kgaoganngwa le mosadi wa gagwe le bana ba gagwe ba batlhano mme a tshedisiwa melelwane go ya kwa ditlhaketlhakeng tse di farologaneng tse batho ba otlhaiwang ka go kganelelwa kwa go tsone?
Melao e e tlhomilweng ka 1938 le ka 1939 e e itsang go rera ke yone thata e bakileng seno. Melao eno e ne ya tlhomamisiwa ke mokgokgontshi wa kwa Greece ebong Ioannis Metaxas, yo o neng a dira jalo a tlhotlhelediwa ke Kereke ya Greek Orthodox.
Ka ntlha ya go tlhongwa ga melao eno, go tloga ka 1938 go ya go 1992, go ne ga tshwarwa Basupi ba ga Jehofa ba feta 19 147, mme dikgotlatshekelo di ne tsa ba atlholela dingwaga tse fa di kopane di fitlhang go 753, mme ba nna tse 593 tsa tsone mo kgolegelong. Dilo tseno tsotlhe di ne tsa dirwa ka gonne Basupi ba kwa Greece, fela jaaka kwa mafelong a mangwe otlhe, ba latela ditaelo tsa ga Jesu Keresete tsa gore ba “dihè merahe eotlhe barutwa, . . . [ba] ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse” a di ba laoletseng.—Mathaio 28:19, 20.
Mme lefa go ntse jalo ka May 25, 1993, go ne ga nna le phenyo e kgolo kafa letlhakoreng la kgololesego ya kobamelo! Ka letsatsi leo Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo tsa Batho ya kwa Strasbourg, kwa Fora, e ne ya tshegetsa tshwanelo ya moagi mongwe wa kwa Greece ya gore a rute ba bangwe dilo tse a di dumelang. Ka go ntsha taolo eo, kgotlatshekelokgolo eno ya Yuropa e ne ya sireletsa dikarolo tse dintsi tsa kgololesego ya bodumedi tseo di ka amang matshelo a batho gongwe le gongwe ka tsela e kgolo.
A re tlhatlhobeng ka kelotlhoko ditiragalo, go akaretsa le go nyenyafadiwa ga moagi a le mongwe fela wa kwa Greece, tseo di neng tsa gogela kwa goreng kgotla e dire tshwetso eno ya botlhokwatlhokwa.
Ditiragalo tsa kwa Tshimologong
Ka 1938 moagi yono, Minos Kokkinakis, o ne a nna Mosupi wa ntlha wa ga Jehofa go tshwarwa ka molao wa kwa Greece o o dirang gore go rera e nne molato o o ka tshwarelwang. A sa sekisiwa le go sekisiwa, o ne a tshedisiwa melelwane gore a ye go nna kwa setlhaketlhakeng sa Amorgos sa Aegean dikgwedi di le 13. Ka 1939 o ne a atlholwa gabedi mme ka lekgetlo lengwe le lengwe a tsenngwa mo kgolegelong dikgwedi di le pedi le sephatlo.
Ka 1940, Kokkinakis o ne a tshedisiwa melelwane go ya go nna dikgwedi di le thataro kwa setlhaketlhakeng sa Melos. Ngwaga o o latelang, ka Ntwa ya Lefatshe II, o ne a tswalelelwa mo kgolegelong ya sesole ya Athena dikgwedi di feta 18. O gakologelwa jaana malebana le nako eo:
“Letlhoko la dijo mo kgolegelong le ne la oketsega le go feta. Re ne ra nna bokoa thata mo eleng gore re ne re sa kgone go tsamaya. Fa e ka bo e ne e se ka Basupi ba kwa Athena le kwa Piraeus ba ba neng ba re fa dijo le mororo le bone ba ne ba tlhoka, re ka bo re sule.” Moragonyana, ka 1947, o ne a atlholwa gape mme a fetsa gape dikgwedi di le nne le sephatlo mo kgolegelong.
Ka 1949, Minos Kokkinakis o ne a tshedisiwa melelwane mme a isiwa kwa setlhaketlhakeng sa Makrónisos, leina le e reng fa batho ba Greece ba le utlwa ba bo ba tsena mo poifong ka ntlha ya kgolegelo e e koo. Mo gare ga magolegwa a le 14-000 a a neng a tswaleletswe kwa Makrónisos, ba ba ka nnang 40 mo go bone e ne e le Basupi. Saetlopedia ya Segerika eleng Papyros Larousse Britannica e akgela jaana: “Mekgwa ya go bogisa mo go setlhogo, . . . maemo a go neng go tshelwa tlase ga one, a a sa tshwanelang morafe o o tlhabologileng, le tsela e badisa ba neng ba tshwara magolegwa ka yone . . . ke matlhabisaditlhong mo hisitoring ya Greece.”
Kokkinakis, yo o ntseng ngwaga mo kgolegelong ya Makrónisos, o ne a tlhalosa maemo a koo jaana: “Masole, fela jaaka maloko a Kgotlatshekelo ya bogologolo ya go Lwantsha Boikeodi, a ne a ka botsolotsa legolegwa lengwe le lengwe go tswa mo mosong go ya go fitlha maitseboa. Tsela e ba neng ba bogisa ka yone e thata le go e tlhalosa. Magolegwa a le mantsi a ne a simolola go tsenwa; ba bangwe ba ne ba bolawa; mme ba le bantsi ba ne ba tlogelwa e le digole. Mo masigong ao a a boifisang a fa re ne re tle re utlwe jaaka ba ba bogisiwang ba lela le go bokolela, re ne re tle re rapele re le setlhopha.”
Morago ga go falola matlhoko ao a kwa Makrónisos, Kokkinakis o ne a tshwarwa makgetlo a mangwe gape a le marataro ka dingwaga tsa bo1950 mme a nna dikgwedi di le lesome mo kgolegelong. Ka dingwaga tsa bo1960 o ne a tshwarwa makgetlo a mangwe a le mane mme a atlholelwa go nna dikgwedi di le robedi mo kgolegelong. Mme lefa go ntse jalo gakologelwa, Minos Kokkinakis e ne e le a le mongwe fela wa Basupi ba ga Jehofa ba ba makgolokgolo ba ba neng ba tshwarwa le go tsenngwa mo kgolegelong go ralala dingwaga ka gonne ba ne ba bua le ba bangwe kaga tumelo ya bone!
Go ne ga tla jang gore go sa tshwarwe sentle mo go maswe jalo ga Basupi ba ga Jehofa kwa Greece go bo go tle fa pele ga Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo tsa Batho?
Kgetsi ya Go Lekeletsa
Kgetsi eno e ne e simologile ka March 2, 1986. Ka lone letsatsi leo Minos Kokkinakis, yo ka nako eo e neng e le rakgwebo yo o mo pensheneng wa dingwaga tse 77, le mosadi wa gagwe ba ne ba etela kwa legaeng la ga Mohumagadi Georgia Kyriakaki kwa Sitia, kwa Crete. Monna wa ga Mohumagadi Kyriakaki, yo e neng e le mogogi wa kereke ya koo ya Orthodox, o ne a itsise mapodise. Mapodise a ne a tla mme a tshwara Rre Kokkinakis le Mohumagadi wa gagwe, mme go tswa foo ba isiwa kwa kampeng e e fa gaufi ya mapodise. Ba ne ba tlamega go lala koo.
Ba ne ba pegwa molato ofe? One o o neng o pegilwe Basupi ba ga Jehofa makgetlo a le diketekete mo dingwageng tse 50 tse di neng di fetile, eleng wa go rera. Molaotheo wa Greece (1975), Karolo 13, o bolela jaana: “Go rera go thibetswe.” Ela tlhoko gape molao wa Greece, karolo 4, dinomore 1363/1938 le 1672/1939, o o dirang gore go rera e nne molato o o ka tshwarelwang. O bolela jaana:
“Fa go twe ‘go rera,’ thatathata go bolelwa go leka ka tsela epe fela, ka tlhamalalo kana e se ka tlhamalalo, go itshunya nko mo dilong tse di dumelwang ke mongwe wa bodumedi jo e seng jwa gago . . . , ka maikaelelo a go koafatsa dilo tse a di dumelang, e ka tswa e le ka tsela epe fela ya go mo tlhotlheletsa kana go mo solofetsa go mo tlhotlheletsa kana go mo tshegetsa mo maikutlong kana go mo thusa ka dilo tsa senama, kana ka ditsela tsa tsietso kana go mo ja ntsoma ka ntlha ya go tlhoka boitemogelo ga gagwe, go go ikanya ga gagwe, go tlhoka ga gagwe, go sa tlhalefa thata kana go tlhoka maitsetsepelo ga gagwe.”
Kgotlatshekelo ya Batlolamolao ya kwa Lasithi, kwa Crete, e ne ya reetsa kgetsi eno ka March 20, 1986, mme ya bona Rre Kokkinakis le Mohumagadi wa gagwe molato wa go rera. Ba ne ba atlholelwa dikgwedi di le nne mo kgolegelong ka bobedi jwa bone. Fa e ba bona molato, kgotla e ne ya bolela gore basekisiwa ba ne ba itshuntse nko “mo dilong tse di dumelwang ke Bakeresete ba Orthodox . . . ka go ba ja ntsoma ka ntlha ya go tlhoka boitemogelo ga bone, go sa tlhalefa thata le go tlhoka kitso ga bone.” Basekisiwa gape ba ne ba bonwa molato wa go “kgothatsa [Mohumagadi Kyriakaki] ba dirisa ditlhaloso tsa bone tsa maretshwa, tsa botswerere . . . gore a tlogele dilo tse a di dumelang tsa tumelo ya gagwe ya Bokeresete jwa Orthodox.”
Go ne ga ikuelwa ka tshwetso eno kwa Kgotlatshekelong ya Crete ya Boikuelo. Ka March 17, 1987, kgotla eno ya kwa Crete e ne ya golola Mohumagadi Kokkinakis mme ya se ka ya tsholola molato wa monna wa gagwe, le mororo e ne ya fokoletsa lobaka lo a neng a lo atlholetswe gore a lo nne mo kgolegelong go dikgwedi di le tharo. Katlholo e ne e bolela gore Rre Kokkinakis o ne a “jele [Mohumagadi Kyriakaki] ntsoma ka ntlha ya go tlhoka boitemogelo ga gagwe, go sa tlhalefa thata ga gagwe le go tlhoka maitsetsepelo.” E ne e bolela gore o ne a “simolola go bala ditemana mo Dikwalong tse di Boitshepo, mme a di tlhalosa ka botswerere ka tsela e mosadi yo wa Mokeresete, yo o senang kitso e e lekaneng ya motheo, a ileng a se ka a kgona go ganetsa.”
Mo maikutlong mangwe a a neng a sa dumelane le bontsi, mongwe wa baatlhodi ba ba neng ba ikuela o ne a kwala gore Rre Kokkinakis “le ene o ka bo a golotswe mo molatong, ka gonne ga go na bosupi bope jwa gore Georgia Kyriakaki . . . tota o ne a sena kitso kaga thuto ya Bokeresete jwa Orthodox, e re ka a nyetswe ke mogogi, le gone ga go na jo bo supang gore o ne a se botlhale tota kana gore ga a na kitso tota, mo eleng gore mosekisiwa o ne a kgona go mo ja ntsoma . . . [ka jalo] a mo tlhotlheletsa gore a nne leloko la lekoko la Basupi ba ga Jehofa.”
Rre Kokkinakis o ne a ikuela kwa Kgotlakgolong ya Greece ya Boikuelo, Kgotlatshekelokgolo ya Makgaolakgang ya kwa Greece. Mme lefa go ntse jalo ka April 22, 1988, kgotlatshekelo eo e ne ya tsholola boikuelo joo. Ka jalo ka August 22, 1988, Rre Kokkinakis o ne a dira lokwalokopo a lo romela kwa Lekgotleng la Yuropa la Ditshwanelo tsa Batho. Kgabagare, ka February 21, 1992 kopo ya gagwe e ne ya amogelwa mme ya tsenngwa mo Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo tsa Batho.
Dikganetsano tsa Kgetsi Eno
E re ka Greece e le naga e e leng leloko la Lekgotla la Yuropa, e tlamega go dumelana le Dikarolo tsa Tumelano ya Yuropa ya Ditshwanelo tsa Batho. Karolo 9 ya Tumelano eo e balega jaana: “Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le kgololesego ya go akanya, ya segakolodi le ya bodumedi; tshwanelo eno e akaretsa kgololesego ya go fetola bodumedi jwa gagwe kana dilo tse a di dumelang le kgololesego ya go supa bodumedi jwa gagwe kana se a se dumelang, e ka ne a le nosi kana a na le ba bangwe, mo pepeneneng kana kwa thoko, ka go obamela jalo, go ruta, go bo tshegetsa le go bo dirisa.”
Ka jalo, puso ya Greece e ne ya nna yone mosekesiwa mo kgotlatshekelong ya Yuropa. E ne ya pegwa molato wa go tlola phatlalatsa tshwanelo ya motheo ya batho mo moaging wa Greece ya go tsweletsa bodumedi go dumelana le taolo ya ga Jesu Keresete, e leng, ‘go ruta le go dira barutwa.’ (Mathaio 28:19, 20) Mo godimo ga moo, moaposetoloi Petere o ne a re: “[Jesu o ne] a re laea, gore re rèrèlè batho, re shupè.”—Ditihō 10:42.
Tokololo e e kgethegileng ya 1992 ya makasine wa Human Rights Without Frontiers e ne e na la setlhogo seno mo khabareng ya sone “Greece—Go Tlola Ditshwanelo tsa Batho Ka Bomo.” Makasine ono o ne wa tlhalosa jaana mo tsebeng 2: “Greece ke yone fela naga mo EC [European Community] le mo Yuropa e e nang le melao e e otlhayang e e kgonang go atlholela tuelo kana go latlhelwa mo kgolegelong fa mongwe a kgothaletsa yo mongwe gore a fetole bodumedi jwa gagwe.”
Ka jalo ka nako eno ke fa batho ba tsa melao le ba bangwe botlhe ba thaakantse ditsebe. Go ne go tla dirwa tshwetso efe malebana le molao wa Greece o o kganelang gore motho a se ka a ruta ba bangwe dilo tse a di dumelang?
Tsheko E A Tsena kwa Strasbourg
Kgabagare go ne ga tla letsatsi la gore tsheko e tsene—November 25, 1992. Maru a ne a thibile mo Strasbourg, serame e le se se thubang marapo, mme lefa go ntse jalo mo teng ga Kgotlatshekelo babueledi ba ne ba tshologa sethitho ba ntsha mabaka a bone ka tlhagafalo. Go ne ga neelwa bosupi diura di le pedi. Porofesa Phedon Vegleris, mmueledi wa ga Kokkinakis, o ne a tsena mo moding wa kgang fa a ne a botsa jaana: ‘A molao ono o o beileng dithibelo o o diretsweng go sireletsa maloko a Kereke ya Greek Orthodox gore a se ka a sokololelwa mo ditumelong tse dingwe o tshwanetse wa tswelela pele o le gone e bile o dirisiwa?’
Porofesa Vegleris o ne a botsa jaana go bonala a tlhakanngwa tlhogo tota ke kgang eno: “Ke ipotsa gore ke ka ntlha yang fa molao ono [wa go rera] o amanya kereke ya motheo le bomatla le go tlhoka kitso. Ga ke bolo go ipotsa gore ke ka ntlha yang fa kereke ya motheo e tshwanetse ya sirelediwa kgatlhanong le bomatla, le go sa kgoneng dilo tsa semoya . . . Selo se ke sengwe se se ntshwenyang e bile se ntshosa.” Mme selo sa botlhokwa, moemedi wa puso o ne a se ka a kgona go bolela lekgetlo lepe le sele le ka lone molao ono o neng wa dira mo go mongwe o sele kwa ntle ga Basupi ba ga Jehofa.
Mmueledi wa bobedi wa ga Kokkinakis, Rre Panagiotis Bitsaxis, o ne a bontsha kafa molao ono o o kganelang go rera o sa utlwaleng ka gone. O ne a re: “Gore go tle go nne le motlotlo fa gare ga bagolo ba babedi, go tlhokega gore ba dumele go tlhotlheletsana. E seng jalo, re ne re tla nna mofuta o o sa tlwaelegang le o o nyatsegang wa batho ba ba sa bueng, ba ba neng ba ka akanya fela mme ba se ke ba ntsha maikutlo a bone, ba ba neng ba ka bua mme ba se ke ba buisana, ba ba neng ba ka nna gone mme ba sa nne mmogo.”
Rre Bitsaxis gape o ne a ntsha mabaka a gore “Rre Kokkinakis ga a atlholelwa ‘se a se dirileng’ mme o atlholetswe ‘se a leng sone.’” Rre Bitsaxis o ne a bontsha gore ka jalo melaometheo ya kgololesego ya bodumedi e ne e sa tlolwa fela mme tota e ne e gatakilwe ka dinao gotlhelele.
Baemedi ba puso ya Greece ba ne ba leka go naya tlhaloso e e sa tlhaloseng se tota se diragalang, ba bolela gore Greece ke “paradaise ya ditshwanelo tsa batho.”
Tshwetso
Letsatsi le le neng le sa bolo go letelwa la go ntsha tshwetso le ne la fitlha—May 25, 1993. Mo tshwetsong e e neng e dumelanwe ke baatlhodi ba le barataro kgatlhanong le ba le bararo, Kgotlatshekelo e ne ya laola gore puso ya Greece e ne e gatakile kgololesego ya bodumedi ya ga Minos Kokkinakis wa dingwaga tse 84. Mo godimo ga go mo fa tetla ya gore a tswelele pele le botshelo jwa gagwe jwa go dira bodihedi jwa gagwe phatlalatsa, e ne ya mo atswa ka R42 500 go fitlhelela ditshenyegelo. Ka go rialo Kgotlatshekelo e ne ya gana kgang ya puso ya Greece ya gore Kokkinakis le Basupi ba ga Jehofa ba dirisa mekgwa ya go gatelela fa ba tlotla le ba bangwe kaga dilo tse ba di dumelang.
Le mororo Melao ya Greece le molao mongwe wa bogologolo wa Greece o ka tswa o kganela go rera, kgotlatshekelokgolo kwa Yuropa e ne ya laola gore go dirisa molao ono go bogisa Basupi ba ga Jehofa go phoso. Ga go dumelane le Karolo 9 ya Tumalano ya Yuropa ka Ditshwanelo tsa Batho.
Tshwetso ya kgotlatshekelo e ne ya tlhalosa jaana: “Bodumedi e ne e le karolo ya ‘dikakanyo tsa motho tse di nnang di ntšhafadiwa’ mme go ne go ka se kgonege go akanya gore batho ba ne ba ka se tlotle ka jone mo pepeneneng.”
Maikutlo a a dumelanang le ao a mongwe wa baatlhodi ba ba robong a ne a re: “Go rera, mo go tlhalosiwang e le ‘go tlhagafalela go anamisa tumelo,’ tota ga go kake ga otlhaelwa; ke mokgwa—o ka boone o itshiametseng fela—wa ‘go supa bodumedi jwa motho.’
“Mo kgetsing e re e tshwereng gone jaanong moikuedi [Rre Kokkinakis] o ne a pegilwe molato wa go bontsha tlhagafalo e e ntseng jalo, mme ene a sa dira sepe se se sa tshwanelang.”
Diphelelo tsa Tshwetso
Kaelo e e phepafetseng ya Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo tsa Batho ke gore batlhankedi ba puso ya Greece ba tlogele go sa dirise sentle molao o o kganelang go rera. Re solofela gore Greece e tla utlwa kaelo ya kgotlatshekelo mme e tlogele go bogisa Basupi ba ga Jehofa.
Ga se gore Basupi ba ga Jehofa ba ikaeletse go lere diphetogo mo setšhabeng kana go fetola tsamaiso ya melao. Se ba amegileng thata ka sone ke go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo tumelanong le taolo ya ga Jesu Keresete. Lefa go ntse jalo, gore ba dire jalo, ba itumelela go ‘femela mafoko a a molemo, le go a tlhomamisa,’ jaaka go ne ga dira moaposetoloi Paulo mo lekgolong la ntlha la dingwaga.—Bafilipi 1:7.
Basupi ba ga Jehofa ke baagi ba ba utlwang molao mo dinageng tsotlhe tse ba nnang mo go tsone. Lefa go ntse jalo, mo godimo ga tsotlhe, ba tlamega go utlwa molao wa Modimo jaaka fa o kwadilwe mo Bibeleng E E Boitshepo. Ka jalo, fa molao wa naga lefa e ka nna efe o ba kganela gore ba se ka ba bua le ba bangwe kaga dilo tse ba di dumelang tse di theilweng mo Bibeleng, ba tlamega go itshwara jaaka baaposetoloi: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Ditihō 5:29.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
POGISO E E OKETSEGILENG E E TLHOTLHELEDIWANG KE BARUTI
Baruti ba kwa Greece ga ba bolo go nna ba leka ka masomesome a dingwaga a a fetileng go ‘baakanya bosenyi ka molao.’ (Pesalema 94:20) Tiragalo e nngwe ya seno kwa setlhaketlhakeng sa Crete e ne ya rarabololwa bosheng jaana. Morago kwa ka 1987 mobishopo mongwe wa koo le baruti ba le 13 ba ne ba latofatsa Basupi bangwe ba le robong ka molato wa go rera. Kgabagare, ka January 24, 1992, kgetsi eno e ne ya isiwa tshekong.
Go ne go tletse kwa kgotlatshekelo. Go ne go na le baruti ba ka nna 35 ba ba neng ba tlile go tshegetsa ditatofatso tse di neng di dirwa mo tshekong. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa ditilo di ne di setse di tserwe ke Basupi ba ba neng ba tlile go kgothatsa bakaulengwe ba bone ba Bakeresete. Le eleng pele ga dithulaganyo tse di tlwaelegileng di simologa, mmueledi wa basekisiwa o ne a ntsha diphoso tse di masisi tsa molao tse di neng di dirilwe ke mosekisi.
Go ne ga felela ka gore botlhe ba ba neng ba na le seabe mo tshekong ba tswe ba ye go buisana mmogo mo sephiring. Morago ga go buisana diura di le pedi le sephatlo, Poresidente wa Kgotlatshekelo o ne a itsise gore mmueledi wa basekisiwa o ne a bua boammaaruri. Ka jalo ditatofatso tse di neng di dirilwe kgatlhanong le Basupi ba ba robong di ne tsa tshololwa! O ne a ntsha taolo ya gore go ne go tla tshwanela gore dipatlisiso di dirwe sesha gore go tlhomamisiwe gore a basekisiwa ba ne ba na le molato wa go rera.
Fela fa kitsiso eo e sena go dirwa, go ne ga tsoga pheretlhego mo kgotlatshekelo. Baruti ba ne ba simolola go goa ba tshosetsa le go tlhapatsa. Mongwe wa baruti o ne a tlhasela mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa ka sefapaano a ba a leka go mo pateletsa gore a se obamele. Go ne ga tshwanela gore mapodise a tsenelele, mme kgabagare Basupi ba kgona go tswa ka tidimalo.
Fa tsheko e sena go tshololwa, mosekisi wa setšhaba o ne a baakanya tatofatso e nngwe kgatlhanong le Basupi ba ba robong bao. Tsheko e ne ya beelwa April 30, 1993, dibeke di le tharo fela pele Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo tsa Batho e bolela tshwetso ya yone malebana le kgetsi ya ga Kokkinakis. Go ne ga boa gape ga tla baruti ba le bantsi.
Babueledi ba basekisiwa ba ba robong ba ne ba ntsha kganetso ya gore batho ba ba latofatsang Basupi ba ne ba seo mo kgotlatshekelo. E re ka a ne a dirile tatofatso eo ka mafega, mosekisi wa setšhaba o ne a dirile phoso e e masisi ya go sa bitse batho ba ba dirileng ditatofatso. Ka jalo babueledi ba Basupi ba ne ba kopa kgotlatshekelo gore e tsholole kgetsi ka ntlha ya phoso eno e e masisi.
Ka ntlha ya kopo eo, baatlhodi ba ne ba tswa mme ba ya go buisana lobaka lo lo batlileng lo tshwara ura. Fa ba boa, Poresidente wa Kgotlatshekelo, o ne a bolela a inamisitse tlhogo gore Basupi botlhe ba ba robong ba ne ba sa bonwa molato ka ditatofatso tse ba di pegilweng.
Basupi ba kwa Greece ba itumelela kafa kgetsi eno e feletseng ka gone, mmogo le tshwetso e e dirilweng ka kgetsi ya ga Kokkinakis ka May 25 monongwaga ke Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo tsa Batho. Ba rapela gore e ke te diphenyo tseno tsa semolao di ka dira gore ba kgone go tswelela pele le matshelo a bone a Bokeresete ‘mo boiketlong, le mo tidimalong, ka poifomodimo yotlhe le ka tshisimogo.’—1 Timotheo 2:1, 2.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Minos Kokkinakis le mosadi wa gagwe